Naledi

Bakaa ba tsogela mo molelong

Molelo o wa kgolagano o amogelwa ke baagi ba metse ya Kgatleng ka dipalo tse dintsi thata, mme ebile barulaganyi ba bolela fa ba itumela thata go bona Bakgatla ba supa kamano e e tseneletseng le ditiragalo tsotlhe tsa go ipelela dingwaga tse di masome matlhano tsa boipuso. Fa molelo o o goroga mo motseng wa Oodi go tswa Modipane maabane, matshwititshwiti a baagi ba Oodi, ba bob a tsogile ba rwala masigo ka tlhogo go ya go kopantsha le go amogela molelo go tswa mo baaging ba motse wa Modipane. Go ne ga bonala sentle gore morafe wa Oodi o itumetse thata ka go bona bagolo le bana ba tsamaya mosepele wa dikhilomithara di le tharo go tswa kwa ba amogetseng molelo teng go leba kwa kgotleng kgolo ya motse.

Jaaka e setse e le tlwaelo, morafe wa bo o kgabile thata ka diaparo tse di mmalwa wa folaga ya lefatshe la Botswana, o eleng one o Batswana botlhe bal eng motlotlo le go ipelafatsa ka one, difoologa tsa bo di phaphasela mo phefong. Kapari ya mmala wa fologa ya bo gape e kwadilwe palo ya masome a matlhano ya dingwaga tsa boipuso. Erile go bona matshwititshwiti a batho a raletse motse go leba kwa kgotleng kgolo, bangwe ba ba neng ba tshwere ke ditiro tsa moso, le ba ba neng ba thibeletswe ke serame mo dikobong, ba tlola magora go ya go tsenelela mosepele wa moelo.

Kwa kgotleng kgolo gabo go kgabisitswe ka mokgwa wa bogologolo wa lekgapho, ditswerere tsa basadi ba Bakgatla ba bo ba ne ba tseneletse kgotla kgolo ba kgabisa gore e kgatlhe thata leitlho la baeng, le go tlhomamisa fa ba amogela molelo mo lefelong le le ntle ebile le le phepha.

Kgotla kgolo e, ya bo e kgabisitswe gape ka mebala ya folaga ya lefatshe la Botswana, botala jwa loapi, bontsho, le bosweu, palo ya dingwaga tse masome matlhano le yone e kwadilwe go supa gore tse ke phitlhelelo e tona morago ga go tsaya boipuso kwa ngwaga ya 1966.

Fa molelo o amogelwa, bagolo ka go farologana, ba bo ba le teng go bolela ditso tsa bogolo tsa motse wa Oodi, le gone go tlhalosa sentle gore motse o o tsere leina la one mo lentsweng le le mo go one, le le bidiwang gotwe Moodi.

Botlhokwa jwa molelo o, le one o ne wa bolelwa, gotwe ke o o tshwaraganyang tshaba ya Botswana, eleng seo, o tshwanetseng go ralala lefatshe lotlhe la Botswana, mme o amoganwa ke merafe ka go farologana ga yone. Molelo o, o ne wa lala mo Oodi, pele o fetela kwa motseng wa Bokaa kwa le gone o yang go lala teng, mme o tloge o lebe kwa ga Morwa kamoso.