Naledi

Mokgweetsi wa Motsumi JSS o sekela tshosetso polao

Dikoloi tsa Puso
 
Dikoloi tsa Puso

Lekgotla le boleletswe fa mmelaelwa o ikgogetse megogoduma kgwedi e e fetileng e tlhola masome a mabedi le bongwe mme mosekisiwa a ne a tshosetsa go bolaya mme Kutlwano Madande, yo e leng modiri ka ene, ka go bua mafoko a a reng, ‘’Tsatsi leno ke tsile go go bolaya ke bo ke ipolaya’’.

Motsamaisatsheko e leng Sejane Ogone Motsholathebe wa sepodisi sa Botswana go tswa kampeng ya Letlhakane, o boleletse lekgotla gore ditlhotlhomiso tsa kgang eo di santse di le disha mme a kopa gore mmelaelwa a namo a tshegeditswe mo kgolegelong go fitlha ditlhotlhomiso di wela.

Motsholathebe a re o na le poifo ya gore gongwe mosekisiwa o ka kgoreletsa dilthotlhomiso kana a ya go dira jaaka a solofeditse go dira, go bolaya mongongoregi.

Le fa go ntse jalo, mosekisiwa, yo o sa botswang gore a o ipona molato kgotsa nnyaa, o ne a tlhalosa gore o tla thapa mmueledi wa molao mme a kopa lekgotla gore le mo letlelele go emela tsheko kwa ntle ga kgolegelo, ka a na le ngwana yo o ka fa tlase ga tlhokomelo ya gagwe, ebile mmaagwe ngwana yoo a sa tsoga sentle gotlhelele go ka tlhokomela ngwana.

Mmakaseterata Koobake o ne a fa ba bosekise nakonyana gore ba ye go tlhomamisa gore a ke nnete mmelaelwa o tlhokomela ngwana jaaka a ipobola mme ga fitlhelwa go ntse fela jalo. Ka jalo o ne a letlelelwa go emela tsheko a le kwa ntle mme a fiwa dintlha tsa kobamelo jaaka go itlama ka P1000, go itshupa mo lekgotleng dinako tsotlhe fa a batlega, go itshupa kwa kampeng ya mapodise gangwefela mo bekeng nngwe le nngwe ka Mosupologo, gammogo le gore a seka a bo a amana le mongongoregi ka gope, le fa e le gone tota go tsena mo ofising ya gagwe.

Mongongoregi ke motlhokomedi wa tsa merero ya madi fa mosekisiwa e le mokgweetsi golo go le gongwe.

Fa kgang e e kwalwa, mosekisiwa o ne a ise a tlhalose gore o tla emelwa ke mmueledi wa molao yo go tweng mang.

E ntse e le kwa Letlhakane, Moikai Morongwana (20) o lebisitswe molato o le mongwe wa thubetso mme o ne a tlhageletse fa pele ga ga Mmakaseterata Queen Moanga mo tshekong e e tsamaisiwang ke Sejane Ogone Motsholathebe.