Naledi

Semelelang mo temothuong � Baitsemang

Disupiwa tsa Dihutshane SENEPE: ZOLANI KRAAI
 
Disupiwa tsa Dihutshane SENEPE: ZOLANI KRAAI

Baitsemang o buile jalo mo bekeng e e fetileng fa Naledi e ne e etetse kgaolwana ya gagwe ya botlhophi.  A re banana ke bone ba ba kokonelwang ke letlhoko la ditiro phetelela, mme go mo maruding a bone gore ba loge maano a a popota a go ikinola mo seemong sa letlhoko la ditiro.

A re banana ba tshwanetse go bula matlho mme ba inaakanye le ditiro tsa diatla jaaka go thula dikoloi le go dibaakanya, motlakase, kago le yone temothuo.  

A re fa banana ba inaakanya le temothuo ka tlhoafalo, ba ka kgona go baya dijo mo tafoleng. O gwetlhile banana gore ba itlhotlhore mokgwa wa go tseela temothuo kwa tlase ba re ke tiro  ya ba ba sa rutegang, gonne seo se ka ba diela nako ya go itirela mahumo. A re bangwe ba ka inaakanya le go lema dijo tse di jaaka dinawa tsa lab-lab mme ba kgone go di rekisetsa barui bangwe go jesa leruo la bone. A re  ba ka kgona sentle go akola mausausa a madi a dipoelo ka ntlha ya gore mmaraka o setse o le teng mo lefatsheng leno jaaka kwa go ba Botswana Agricultural Marketing Board. (BAMB).

O boletse fa nako e gorogile ya gore banana ba itebaganye ka tlhoafalo le ditiro tse di ka thusang go godisa le go tokafatsa ditlhabololo tsa lefatshe leno, a tlatsa ka gore ruri seo se ka thusa gape ka go tswakanya itsholelo gore e seka ya reketla fa diteemane tse di ntseng di ikantswe di ka fela.

A re mabutswapele a dirile go tlala ka diatla go tlhabolola Botswana yo re mmonang yo, go saletse bone banana go tsweledisa tema e ntle eo. A re ba  dirise dithuto le dikitso tse ba di amuleng kwa dikoleng go thusa le bone batsadi ba bone tota  go dirisa  metlhale e  e  nonofileng go tokafatsa maduo mo temong kgotsa mo thuong. O kopile banana gore ba ikgaphe mo mekgweng e e maswe jaaka go itontela bojalwa  le ditagi ka seo se ka ba latlhela gareng ga lehuma.  Banana ba boleletse Naledi gore ka nnete temo thuo e na  le bokgoni ja go ba  thusa go tokafatsa matshelo, ba tlatsa ka gore e batla bopelotelele  le  boineelo ka dinako tsotlhe. Le fa go ntse jalo, ba ngongorega ka gore e le banana ga ba na mafatshe a ba ka lemang/ruelang mo go one mme seo gantsi se ba kgoba marapo. Ba kopa  gore bagolo ba ba adime mafatshe a ba sa a diriseng.