Naledi

Mosola wa Tamati mo botsogong

Le fa gone ngangisano e ele teng ka Tamati, a re se sirege go bua ka botlhokwa jwa yone.  Go ntse jalo, tamati e na le mosolo o montsi mo botsogong jwa rona mme o ka o fitlhela mo goreng e thusa go tsibogela makoa mangwe a rona.

Tamati e na dikotla di tshwana le vitamins A, C. K tse di thusang go tokafatsa pono ga mmogo le go nonotsha marapo.

Tamati e na gape le kotla ya vitamins B6 le B9 tse tsone di thusang boboko go gola bo itekanetse le go bereka sentle, ga mmogo le go dira kana go oketsa masole a agang mmele. Go agega ga masole a mmele go thusa mo go reng kgabagare a thuse go lwantsha matlhoko a kankere ka go farologana. 

Tamati e thusa gape go laola jelo mme gape ena le dikotla di tshwana le potase kana potassium, phosphorus, magnesium le manganese, tse tsotlhe di tlhokwang ke mmele wa motho ka dinako le ditiriso tse di farologaneng. Tamati e na le ditiro tse dintsi tse di farologaneng ko ntle ga go nna le dikotla. Tamati e na le matute a anang le metswako e e bidiwang ‘lycopene’, ele meshibidu ka mmala mme o thusa thata mo go alafeng malwetse mangwe.

Tamati, e thusa gape mo go sireletseng malwetsi a mantsi a a kaiwang a sa alafesege. Ka jalo go ja maungo le merogo e enang le mosola jaaka tamati go thusa go fokotsa kgonagalo e ntsi ya go nna le bolwetse jwa pelo, go swa mohama, bolwetse jwa sukiri, le dinkakere ka go farologana ga tsone.

Go ja tamati le maungo kana merogo go ka thusa go nna le letlalo le moriri o o itekanetseng, go nna le maatla kana nonofo le seemo sa bokete jwa mmele se se kgotsofatsang. Ka fa letlhakoreng le lengwe, go ja tamati e ntsi go thusa gape go fokotsa go nna le mahura a mantsi mo mmeleng.

Tamati e na lekotla ya vitamins C e eleng bontlha bongwe jwa go lwantsha maletswe mangwe a a tshelwanang mme gape e lwantsha matute mangwe a a ka bakang kankere. Ka re buile ka dikankere, mmadi o tshwanelwa ke go itse gore tamati e thusa mo lwantsheng kankere ya setlha sa borre, ya makgwafo, ya mateng a mpa mme se se dirwa ke matute ale a lycopene.

Go ja tamatai go thusa gape go laola madi a matona mme se se dirwa ke potase e e fitlhelwang mo ditshikeng tsa motho. Potase e e fitlhelwang mo tamating, vitamin C le taolo jelo di thusa ka botsogo jo bo siameng thata jwa pelo. Ka tamati e na le metsi a mantsi, se se thusa mo go busetseng metsi mo mmeleng le go tlhofofatsa jelo kana mala a motho.

Ka re buile ka tamati a re lemogeng gore go botlhokwa go eja ele tala kana e sa butswa thata fa e apeilwe.