Blogs

A dirisitswe e le lesupi

E re ditshupo tseo di tshwerwe, barui ba tle ba tsile go supa loruo lwa bone le ka fa ba tsweletseng ka teng. Fela jalo, balemi le bone ba tle ka dijwalo tsa bone go supa gore ba dira eng le gore ba tsweletse jang. Ba ba nang le kgatlhego le lorato lwa temo thuo ba tshologe go tla go bona gore tiro eo, mono gae, e tsweletse jang, le gore ba ba gatetseng pele ba kgona jang. Go tlholwe koo, go le monate.

Fa go ntse go tsweletse ga tla mogopolo wa gore itsholelo ya lefatshe leno e se ikaege fela ka temo-thuo le ditswammung. Go twe, a mehama e mengwe ya go tsosa itsholelo eo e lekelwe go tlhatlosiwa. E re ba khutswafatsa kgang ba re, go tswakanngwe itsholelo. Go le jalo, puso ya tla ka mananeo a a farologaneng a go leka go tlhatlosa itsholelo ya lefatshe leno. Jaanong ka ntwa e lowa ka ntlha tsotlhe go leka go tsosa itsholelo malatsi ano ditshupo ga se tsa temo-thuo fela. Re a tle re bone mehama e mengwe ya itsholelo le yone e tshwere ditshupo.

Motswana a re “Noka e tshelwa ke melatswana.” A re, ga e ka ke ya ela fela e sa tshelwe ke sepe. Jaanong polelo nngwe e re e bonyeng e supa gore e ne ya re ka kgwedi ya Mopitlo ngwaga ono ga tshwarwa ditshupo tsa bagwebi ba ba botlana kwa Maun. Maikaelelo a tiro e, e le eng? Polelo e supa gore maikaelelo a ditshupo tse, ga a farologane ka gope le a ditshupo tse bontsi bo di itseng tsa temo-thuo.

Ga twe, Mokwaledi wa khansele ya Maun, Mme Mogomotsi Seemule, o boletse fa maikaelelo a tiro e, e ne e le go kgobokanya, go kokoanya, bagwebi ba ba botlana go tla go ikitsise setshaba le go ipapatsa. Go tshwanele gore ba dire jalo. Fa ba sa tswele kwa ntle ba bonwa ke setshaba ba ka itsiwe jang? Go nna thata gore bone le tiro ya bone ba itsiwe. Mme ka lone lebaka le, kgwebo e bo e ka reketla. Godimo ga go itshupa le go ipapatsa maikaelelo a mangwe ya nna gore bagwebi ba abelane megopolo ya go tsamaisa kgwebo. Go nne jalo; ditshupo e nne nako ya go tsaya malebela le go ithuta mo go ba bangwe ka dilo makwati.

Re utlwa gape gore kwa tirong e, ga bo go le Mokhanselara wa Boyei mo Maun, Rre Ntlogelang Kebonyekgotla. Ene e le mogolo a tla ka lefe? Ga twe Rre Kebonyekgotla o ne a kopa bagwebi ba ba setseng ba gatetse pele go thusa ba ba botlana ka madi gore ba le bone ba tle ba kgone go godisa dikgwebo tsa bone. Se bue jalo Setswana se re “Ga re lekane re se meno” se raya gore ba ba setseng ba totobile, ba gatetse pele, ba leke go thusa ba ba santseng ba le kwa tlase. Moopedi mongwe ene a re “Ba dipitse bonang ba dinao” mme go nne go tshwanele. Ga twe Rre Kebonyekgotla a re se se ka thusa bagwebi ba ba botlana go intsha mo lehumeng le go tlhama mebereko/ditiro.

Go fetela pele a ntsha Bank ABC e le sekai a re bagwebi ba bagolwane ba tseye malebela mo go yone. Go bolelwa fa banka e, e ne ya rotloetsa ditshupo tsele ka P10 000.00 gore go tle go thusiwe mogwebi yo o gaisitseng ba bangwe. Godimo ga tse tsotlhe re utlwa gore Rre Kebonyekgotla o ne a lebogela Khansele go tshwara ditshupo tse a re di tlaa thusa bagwebi go tiisa, go nonotsha, ipapatso ya bone.

Mme fa tiro e e tshwerwe bagwebi bone ba bo ba le kae, ba bua jang ka yone?. Polelo ya re, mongwe wa bagwebi ba ba neng ba le koo, Mme Kahepere Kanou, go tswa kwa Gumare, o ne a lebogela khansele go bo e mo thusitse ka lenaneo la go itshimololela kgwebo ya go roka. Go utlwala fa kgwebo e e tsweletse sentle ka mme Kanou o bolela fa ka yone a kgona go itshela metsi mo ganong le go isa bana sekoleng. Godimo ga tseo a re o kgonne go ikagela ntlo le go reka loruo. Lwa mofuta ofe?

Foo ga re itse, ga go tlhalosiwe. E re le ntswa a kgonne tseo, re utlwa gore, fela jaaka ba bangwe ba tle ba bue, Mme Kanou a re kgwebo e bokete, ga e motlhofo, ka e batla boineelo, botlhaga, lorato, le bopelotelele gore mong wa yone a tle a kgone go fitlha kwa a go yang, A feta ka tseo a bua gore nako nngwe mong wa kgwebo o ka kopana le dikgwetlho tse di thata mme a tshwanelwe ke gore a lebagalene le tsone, a di lwantshe, a di fenye. A sa di lwantshe, o ka dira jang, o ka di tshabela kae?. Gongwe a go tlhoke mme kgwebo e phutlhame.

Jaaka gale, re okometse Dikgang (Daily News) mme ra fitlhela polelo e ya ditshupo tsa Maun mo go yone.

Fa e bua ka fa Mme Seemule a neng a bua ka teng nako ele, Dikgang (Daily News) Phukwi 5 2019 ya re;

‘ …..bagwebi ba o ke ba ba thusitsweng ka madi…..’

Gompieno re tlaa khutshwafatsa kgang re re, fa godimo fa, mafoko ‘ ba o’ a tshwanetse go tshwaragana, e seng go kgaogana, ka a dirisitswe e le lesupi. Fa ba ruta Setswana ba tlaa re, ‘ba’ ke lesupi le le supang, le kaya, batho ba le gaufi le mmui fa ‘bao’ le supa ba ba gaufi le yo go buiwang nae mme ‘bale’ lone le supa ba ba kgakala, le mmui le mmuisiwa.