Blogs

A re ele tlhaka eo tlhoko

E tswelela e re, le fa go ntse jalo, bangwe bone ba a tle ba di je. Bangwe ba a di apaya, mo re tsayang gore,  go raya go di gadika, bangwe ba di anege mme morago ba di phure, fa ba bangwe bone go twe ba a di besa.

Go ya ka Naledi, dithotse, fela jaaka maungo a tsone, di na le dikotla tse di farologanyeng tse di agang mmele.

Ga twe dingwe ke mahura a a thusang mmele go tsoga sentle, fa dingwe e le tse di thusang go nonotsha mmele, kana go o fa maatla.

Re itse fa mmele o se ke o nna fela.

Le fa go ka twe motho ga a dire sepe, o tlhola a ntse fela, ditokololo tsa mmele tsone di a bo di ntse di dira sengwe. Motho o a tsoga, o a ja, o a tsamaya, o tlhola a dira sele le sele.

Tse tsotlhe di bo di batla gore, mmele o bo o na le thata ya go dira. Ka go fa maatla, re dumela gore, go raya gore dikotla dingwe di thusa mmele go nna le natla ya go dira ditiro tse.

Ka tsone di kaiwa di se na mahura a mantsi jaaka nama, dithotse di bolelwa di le botlhokwa go na le nama.

Ga twe nama yone e na le mahura a mantsi, a go bolelwang a tsosetsa mmele malwetse. Ga twe ka dikotla le mahura a tsone, le ka fa di agang mmele ka teng, dithotse di tshwana fela le dinawa le letlhodi.

Mme tsone dikotla tse di fitlhelwang mo dithotseng ke dife? Ka go farologana ga tsone, dithotse di bolelwa di thusa go hema go tsenwa ke malwetse mangwe jaaka kankere ka go farologana ga mefuta ya yone; nngwe ke ya lebele, nngwe ya lela le le tona, fa e nngwe e le ya setlha sa banna.

Kgang ya Naledi e tswelela e re lephutshe lone le na le kotla ya magnesium. Kotla e, e bolelwa e thusa go anamisa madi a mmele, go hema malwetse a pelo, le a go swa mhama, e bile e thusa le yone pelo go tsoga sentle.

Godimo ga moo, ga twe dithotse tsa lephutshe di thusa go tlhatswa madi, go nonotsha masole a mmele, go thusa matlho go bona sentle, le go tlhatswa letlalo, bogolo jang la bana.

Ka legapu gone, Naledi ya re, lone le na le dikotla tse di thusang go aga marapo le madi a mmele, go tokafatsa botsogo le go aga masole a mmele.

Jalo he, go bonala kotla e, e tlhokwa thata ke bana ba bannye.

Ga go felele foo.

Di bolelwa di na le dikotla tse dintsi thata dithotse tsa legapu. Gongwe sengwe se bangwe re sa se itseng ke gore dithotse tsa legapu di na le mahura a mantsi.

Mahura a, a bolelwa a thusa mmele go tsoga sentle, e seng go o lwatsa jaaka a nama a bolelwa a dira. Fa e ntse e tla e bua ka botlhokwa jwa dithotse, Naledi (Seetebosigo 29, 2016) ya re;

‘Mafura a a tlokafatsa botsogo ebile a laola seemo sa madi a matona (High Blood Pressure).’

Fa o tlhoma mafoko a re a nopotseng a matlho, o tlaa bona lefoko ‘tlokafatsa.’ E ntse e le Naledi, ka ntlha e nngwe, ka fa tlase ga setlhogo se se reng, ‘Go Sir Seretse Khama,’ e lekodisa Sir Seretse ka tse di dirafalang mono. 

Golo gongwe ya re,’Ka dikobo le gone tautona o tlhapholotse letsogo bogolo jang mo batsofeng.’

Potso gompieno ke gore, a o bona mafoko a, ‘tlokafatsa le tlhapholotse’ a kwadilwe sentle kgotsa nnyaa? Gongwe e tlaa re Mmualebe a re mafoko a ga a kwalwa sentle, o botse gore phoso e fa kae? Phoso ke gore, mafoko a, a na le ‘l’ mme e le tlhaka e e sa tshwanelang go nna teng.

Mmualebe o dumalana le Setswana fa se re, mhudi (motho yo o hulang) ga go fose wa tlhobolo fela, se raya gore, motho mongwe le mongwe o kgona go fosa.

Jalo he, re dumela gore, se se diregileng ka mafoko a mabedi ale, ke phoso, e seng gore Naledi e ne e sa itse mafoko a e leng one.

E  a re Mmualebe a supa diphoso tsa go nna jaana, e bo e se go nyatsa ope.

E a bo e le go leka go rotloetsa gore, a e re re kwala, re ele tlhoko gore re kwala jang, e se re gongwe ra dira diphoso tse di ka tlogang tsa latlha bangwe ba ba sa itseng Setswana sentle.

E re motho a ka bo a re o tokafatsa maduo, a bo a re o a tlokafatsa, a dirisa lefoko le e seng lone. A re ele tlhaka eo tlhoko. motshwanes@yahoo.com