Blogs

Leo ke bontsi jwa 'ngwana'

Maloba, e ne ya re go bulela kgang ya rona tsela ra re go setse go itsege gore, ngwaga le ngwaga, ka kgwedi ya Phukwi le Phatwe go tshwarwa ditshupo tsa temothuo mono Botswana.

Re ne ra re, ditshupo tse, di simolola ka tsa dikgaolo le dikgaolwana tsa tsone. Go baya sekai, kwa Kweneng, re a tle re utlwe go twe go tshwerwe ditshupo kwa Letlhakeng, Motokwe,  Molepolole, tse dingwe kwa Lentsweletau. Go nne go nne fela jalo le ka dkgaolo tse dingwe.

Nako ele, ra fetela pele ra re, fa ditshupo tse tsa dikgaolo di wela, go tshwarwe tse dikgolo tsa Gaborone; ba tshome ba re ke National Agricultural Show.

Mo go tse, go tle go supa ba e leng bone balemi le barui tota; dikgantshwane le ditswerere tsa temothuo. Ka ntlha e nngwe, kgang e se ke e nne go supa fela mme gape e nne go gaisanya. Bangwe ba tswe koo ba gapile dikgele, e le gore, loruo lwa bone, kana, dijwalo tsa bone ke tsone tse di neng tsa bonwa di le dintle go gaisa tsele tsotlhe.

Go ya ka polelo ele, e rile fa ditshupo di ntse di tla di tlhatlologana jaana, ya re Phukwi e le masome mabedi ga tsena tsa kgaolo ya Mahalapye tse di neng tsa bulwa ke Rre Dikgang Makgalemela, yo e leng tona ya Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao, e bile e le Mopalamente wa Shoshong.

Polelo e ne ya supa fa go fetile dingwaga ditshupo tse tsa Mahalapye di ntse di sa tshwarwe. Gore mabaka e ne e le eng, ga re itse, ga go tlhalosiwe.

Ngwaga ono ke tseo tsa goroga mme ra utlwa gore, tona o ne a itumela, a kgothatsa komiti e e neng e di rulaganyetsa, go tshwara ka natla. Go sale foo, ga twe, a supa fa a sa itumelele gore fa ditshupo tseo di rulaganyediwa, tiro e ne e dirwa ke komiti fela, bontsi bone bo ikgogetse morago.

Gore mabaka e ne e le eng gore go nne jaana, re ntse ga re itse. Mme fela, re dumalane le tona gore fa tiro e tshwerwe, e le ya rona rotlhe, re eme ka dinao re dire, re itse gore kgomo ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa; re se ye le puo e e reng, motshitshi go gama o mmotlana. A supa fa ditshupo tse, e se tsa Mahalapye fela, mme e le tsa metse yotlhe ya kgaolwana eo. Ka mafoko a, tona a ntse a raya gore tiro e tshwanetse go emelwa ka dinao ke botlhe.

A feta ka tseo tona a bua ka yone temothuo tota gore e tlhagafalelwe ka e ka fitlhisa Batswana golo gongwe. Godimo ga tse, a supa fa a tshwenngwa ke gore, e a re bangwe ba se na go lema, ba phuaganye masimo a bone ba se ke ba a tlhokomele.

Molemi a dira jalo, go sale go tlhagola mang, go leta mang? Dijwalo di jewe ke mhero, dinonyane di je, loruo le tse dingwe le tsone di senye. Yo o dirang jaana molemi a felele a sa robe sepe. Se, e nne sone se se tshwenyang. Go sale jalo, re ne ra utlwa fa tona a ne a kgala mogopolo wa gore, go twe pula e boutsana. A re, a go tsewe dikgakololo tsa baitseanape, gape go dirisiwe methale ya temo e e tsamaelang le phetogo ya loapi. Fa, a re gakolole gore lefoko ‘loapi’ ke lone le le dirisiwang mme tota lefoko la tlhomamo ke ‘lewapi.’ Fa re re ‘loapi’ re a bo re kwala lefoko leo, jaaka fa re le bitsa re bua, re goloketsa fela. Re ne re feta fela go supa gore lefoko la nnete ke lefe A ga tona mafoko e ne e le gore metlheng eno, a go dirisiwe methale, e seng metlhale, e mesha ya temo go tsamaelana le phetogo ya lewapi.

Gone maloba, re ne ra utlwa gore, tona Makgalemela, e ne e se ene mogolo fela kwa tirong ele. Go ne ga twe, gape go ne go le Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye mme le ene a supa fa a sa itumedisiwe ke go bo morafe wa gagwe o ne o sa emela ditshupo tsele ka dinao. Go nne go tshwanele gore a bo a ne a bua jalo.

Re setse re boletse gore polelo ele ya ditshupo tsa Mahalapye, re e tletswe ke Dikgang (Daily News) Phukwi 22 2019.

Fa e bega ka fa Kgosi Segotsi a neng a bua ka teng, a supa gore morafe wa gagwe o ne o sa thuse go baakanyetsa ditshupo tsele, Dikgang (Daily News) ya re;

‘A re…..bangwe ba bone ga bana kgatlhego mo tirong eo.’

Ke eo kgang. Jaaka gale, re tlaa re tlhoma mafoko a a fa godimo a matlho mme o re bolelele gore mo go one o bona efe phoso. Fa o sa bona phoso epe, rona re bonye lefoko ‘bana.’ Phoso ke eng? Phoso ke ya gale ya gore go tshwaragantswe mafoko a sa tshwanela go tshwaragana. Lefoko ‘bana’ le tshwanetse go kgaogana ya nna mafoko a mabedi e seng lefoko le le lengwe jaaka re bona fa godimo fale. A re tseye sekai re re, Mosetlhi o batla go itse gore a go na le se bana ba tlaa se jang. E tlaa re a botsa Morwadi a re, ‘A bana ba na le dijo?’ Jalo, go bo go tlhamaletse, lefoko ‘bana’ le dirisitswe sentle e le bontsi jwa lefoko ‘ngwana’ Jaanng, a e se re boemong jwa ‘….. ga ba na kgatlhego…..’ polelo ya re ‘…..ga bana…..’