Blogs

Ga se le le rumilweng

Kgang e re, boemong jwa go itsese ba bangwe fela gore o tlaa nna le tiro, motho yoo o tshwanetse go bitsa batho bao, a ba bolelela se e leng mogopolo wa gagwe, kana, maikaelelo a gagwe gore le bone ba tle ba ntshe megopolo ya bone ka tiro eo.

Go nne jalo, batho ba bidiwe, go buisanngwe, go neelanwe megopolo le dikakanyo ka go farologana mme batho ba felele ba dumalana. Go buisanya le go neelana megopolo le dikakanyo mo, e nne one morero, go twe batho ba ne ba rera. Fa ba felela ba dumalana ka tiro eo, gore e dirwe leng, e dirwe jang, e direlwe kae, go se bape ba ba neng ba gogela go sele, go twe, morero o tsamaile sentle.

Tiro e dirwe mme go twe, ga e a dirwa fela, e ne ya rerwa. Re a tle re bone morero wa go nna jaana o dirwa ka nako ya manyalo; ngwana mongwe a nyala, kgotsa, a nyalwa.

Go buiwe fela jalo le ka puso. Go twe, fa puso e batla go dira sengwe, ga e a tshwanela go tlela setshaba fela ka lefoko la gore e batla go dira eng, leng. Ke gore, ga e a tshwanela go itsise setshaba fela gore e ikaelela, e eletsa, go dira eng.

Go twe go dira jalo e tlaa bo e le tsela e e kgopo, ke gore, e e sa siamang. Ba re tsela e e leng yone ke gore Batswana ba rerisiwe, go tle go itsewe maikutlo a bone, go tsewe  le megopolo ya bone ka tiro eo. Fa go dirilwe jaana, nako nngwe tiro e felele e dirilwe botoka go na le fa puso e ne e dirile fela koo e le nosi.

Gompieno re utlwa fa kwa Ghanzi, khansele e akanya go dira sefikantswe. Mme ka lefatshe leno ke la morero, polelo nngwe ke ele e supa gore e ne ya re ngwaga ono ka kgwedi ya Tlhakole ga tshwarwa phuthego go lebisa morafe wa Ghanzi mogopolo o.

Go dira jaana e ne e le gore khansele e tle e utlwe gore morafe koo one wa reng ka mogopolo o; ba akanya jang, maikutlo a bone ke eng. Ga nna fela jalo megopolo ya tla ka go farologana.

Go bolelwa gore mo phuthegong ya go tsaya megopolo ya batho, bontsi jwa morafe jwa supa fa bo eletsa gore sefikantswe seo e nne sa kgomo. Lebaka e le eng? Lebaka jaaka rotlhe re itse e le gore, botshelo jwa Ghanzi bo ikaegile thata ka kgomo.

Mongwe a bo a ka re, mo go tse tsotlhe tsa  loruo, kgomo, podi, nku, tonki, kolobe, koko, le tse dingwe fela jalo, kgomo ke yone sekgantshwane sa barui ba Ghanzi. Go natefisa puo, a re, ba ipela, ba bo ba ikane, ka yone mme go tshwanele. Jaanong ke oo mogopolo o dule wa re, a sefikantswe seo e nne sa kgomo. A o tlaa amogelwa, kana, e tlaa nna mogopolo fela o felele foo, ga re itse.

Go ya ka polelo ele, megopolo e mengwe ya latela mme e ntse e remeletse mo go reng sefikantswe sele, e nne sa kgomo. Ga twe, mongwe o ne a re, ka Ghanzi ke kgaolo ya temothuo, sefikantswe se tshwanetse go supa selo se. Go sale foo, ga twe, yo mongwe ene a re go dirwe kgomo e gateletswe, bangwe ba tlaa re e thijwa, ke monna le mosimane ka seme.

Ka go tshotswe seme, a e tlaa bo e le kgomo e ya go golega, kana, e goroga, e ya go tlhatlhelwa, ga re itse mme e ntse ke megopolo. Ga tlogelwa kgomo, ga buiwa ka batho. Re utlwa gore, mogopolo o mongwe ya nna gore a sefikantswe seo, e nne sa Mosarwa. Fa, go bolelwa fa lebaka e ne le gore, Basarwa ke bone batho ba ntlha go thibelela mo Ghanzi; jalo he, a ba se lebalwe, a ba gopolwe ka sefikantswe seo. Le one, e nne mogopolo.

Ke eo megopolo e dule jaanong potso e ka nna gore mme sone sefikantswe sele, se a go agiwa kae. Polelo ya re, Rre Losibe, yo o eteletseng pele lekoko la go tsaya megopolo ya morafe wa Ghanzi, o ne a bolela fa sefikantswe se tlaa agiwa mo toropong ya Ghanzi, le mo dikgorong tsa melelwane ya kgaolo ya Ghanzi; kwa Mamuno le kwa Ghanzi e kgaoganang le dikgaolo tse dingwe teng.

Polelo e ya sefikantswe sa Ghanzi, jaaka tse dintsi tsele, re e newa ke Dikgang (Daily News)

Fa e bega ka fa Rre Losibe a neng a bua ka teng gore sefikantswe sele se a go agiwa kae, Dikgang (Daily News) Tlhakole 28 2019 ya re;

‘Moeteledipele wa lekoko le le rumilweng go tsaya megopolo o ne a tlhalosa…..’

Gompieno ra re, fa godimo fa, re bona lefoko ‘rumilweng’ mme re botse gore a le wena o a le bona? Fa o le bona, a o bona le kwadilwe sentle kgotsa nnyaa?  Re re, lefoko leo ga le a kwalwa sentle.

Jaaka re tle re nne re bue, lefoko le, le kwadilwe jaaka re bitsa mafoko fa re bua. Go supa phoso eo, re re, lefoko le, le tswa mo go ‘roma.’ Re re, o ka roma ngwana mme e re fa ngwana yoo a ka batliwa, o re o mo romile, kana, o romilwe; e seng, o mo rumile, o rumilwe.

Ngwana a bidiwe leina go twe Morongwa, Barongwa; moo, go bo go siame, e seng Morungwa, Barungwa. Nnyaa, a polelo e re, ‘…..le le romilweng…..’ e seng le le rumilweng.