Naledi

Pii Kamkwae - Matwetwe wa bola jwa Sesarwa

Pii Kamkwae
 
Pii Kamkwae

Naledi e ne ya mo jela nala bosheng go mmotsolotsa ka botshelo ja gagwe. Kwa tshimologong o ne a sa dumele gotlhelele go buisanya le Naledi ka a ne a re badimo ba gagwe ga ba ise ba mo letle go dira jalo. E rile moragonyana fa a sena go ngunanguna a opela pina ka Sesarwa e e tlhaloganngwang ke ene fela, o ne a ethimola kgapetsakgapetsa a rototse matlho okare o kgamilwe ke tata (thapo) ya morula. Morago ga seo monna wa Mosarwa o ne a dumela go buisanya le mmegadikgang a remeletse thata mo mererong ya bongaka jwa gagwe jwa setso.

“Fa gotwe ngaka ya setso, ka Sesarwa ga twe Tsookao,” Pii a tlhalosa jalo.

A re ke ngwana wa maitibolo mo baneng  ba le barataro ba ga Mme Sodiye le Rre Kephataletse ba botlhe eleng Basarwa. A re go tlhokafetse kgaitsadie yoo neng a bidiwa Habazie. Fa gotwe Pii go a bo gotwe mashi.

“Gatwe ka ngwaga o ke tshotsweng ka one o ke sa o itseng ka ga ke a tsena sekole, go ne ga na pula e ntsi thata ga nna ngwaga o monamagadi. Ka jalo ga twe dikgomo tse di neng di diswa ke batsadi bame di ne di sisa mo go feteletseng mo mashi e neng e le ntletsentletse, a palela batho le dintsa tota. Ka go bona tiragalo eo ya ngwaga o monamagadi, ya re fa ke tsholwa batsadi ba mpitsa ka mashi ao,”Pii a rialo.

Naledi e ne ya kgatlhegela go itse gore a mme ene o rata mashi. Mme a araba a ipolaile ka ditshego a re, “Nnyaa rra, le fa ke biditswe ka one jalo nna ga ke a rate sentle. Ke rata nama thata. Eo fa o ka e ntima nka go kolopa ka tladi-mothwana”.

Pii a re o godisitswe ka lorato lo logolo ke batsadi ba gagwe, ba ba neng ba mo ruta ngwao, mekgwa le tsamaiso ya botshelo jwa Sesarwa. Ka batsadi ba gagwe e ne e le badisa, le ene bonyaneng jwa gagwe o ne a simolola go ithuta seo ka go disa dipotsane go fitlha a nna lekolwanyane a kgona go disa dikgomo go fitlha jaanong jaaka a patagantse seo le bongaka jwa setso. O bolela gore metshameko yotlhe ya bonyana jaaka nxai le e mengwe o e akotse thata ka ebile a ne a le tlhogo phefo mo go yone ka dinako tsotlhe. Matwewe wa kwa Hitsam-goo, o leboga batsadi ba gagwe thata ka gore ba mo rutile go ikanya mowa wa boipelego ka gonne gatwe mokoduwe go tsoswa o o itekang kgotsa kobo e sugwa ke mong wa yone. E re ka  gona le ditlhopha tse pedi mo bongakeng jwa setso, eleng ngaka e tsotswa, le ee dirisang bola, Pii ene o mo setlhopheng se se dirisang ditaola (bola).

“Fa ke ntse ke gola ke ne ke sa itse gore ke tlaa nna ngaka ya setso ebile ke ne ke sena kgatlhego gotlhelele mo go jone. Nna ke ne ke na le kgatlhego mo go bineng mmino wa tsutsube le go itlhokoletsa go nna modisa wa leruo wa tlhwatlhwa. Ke jaaka gompieno bahiri bame ba ke ba disetsang leruo ba itumela thata gonne ke dira tiro ka matsetseleko a kwa godimo.

Naledi e ne ya mmotsa gore go diregile jang gore a iphitlhele e le matwetwe yo o boitshegang jaaka pula ya dikgadima kwa gagabo?  Pii a araba ka gore o ne sa tlhaloganye gore go diragalang a sale mmotlana. O ne a nna ka go lora ditoro tse di boifisang, jaaka a ne a etle a lore a le mo magageng mme dinoga tse dikgolo di ithathile ka ene di latswa mmele wa gagwe.

Fa gongwe o ne a etle a lore dibaga tse dintle tsa mebala e e farologanyeng, di tshologela fa godimo ga gagwe di tswa kwa legodimong go fitlha di apesa mmele gagwe otlhe jaaka mmu wa lebitla o apesa moswi. Fa a re thaa! ke gone a lemoge gore ke toro.

Pii a re o ne a gola jalo a ntse a tshwenngwa ke ditoro tse di boitshegang tseo mme a sa tlhokomele ka a ne a sa tlhaloganye bokao ja tsone. O ne a tsaya fela gore toro ke toro, eseng sepe se se fetang seo.

A re erile fa a ntse a tsweletse a le lekolwane le le nonofileng, ditoro tsa gakala le go feta mo fa gongwe a neng a seke a tshwarwa ke kgofe ka gope. “Ditoro di ne tsa ntshwarisa bothata mo fa gongwe ke neng ke lala ke rototse matlho mme kgabagare ka lemoga gore ke diponatshegelo kgotsa masaitseweng a badimo. Mo godimo ga dinoga le dibaga ke ne ka simolola go lora mokoakoa wa ditaola di wa go tswa lefaufaung. Mme morago go tswe lentswe le ke sa itseng gore le tswa kae le nthaya le re ‘ditaola tseo ke tsa gago di dirise’.”

A re o ne a itlhokomolosa mafoko a ditoro ka lobaka lo loleele. Mme kgabagare badimo ba Sesarwa ba mo shakgalela ba bo ba simolola go mo otlhaya ka tlhwaafalo.

“Badimo ba ne ba ntshakgalela ba tsaya gore ke a ba nyatsa. Ke ne ka lwala thata mme ya re morago ka bontshiwa gape mo ditorong gore fa ke sa nne ngaka ga nkitla ke fola, ke tla swa. Ke kile ka timela malatsi a feta lesome.

Mme ya re batho ba tlhobogile ba re gongwe ke jelwe ke dibatana ka bonwa. Ka ntlha ya seo ke ne ka amogela pitso mme ka fola go fitlha jaanong.” Fa Naledi e mmotsa gore o kgonne jang go kgona go ranola mawa a ditaola o ne a araba ka matlhagatlhaga a re, “Mo badimong ga gona se se palang fela jaaka mo Modimong wa leokaoka.

Ke ne ka nna ka etelwa ke toro mme ka bona monnamogolo wa lekgorokgoro a nthuta gore fa di ole jaana di raya eng. Gompieno ga ke kgonege mo ditaoleng, ga nke ke bua maaka nna Pii. Fa di aka nka di latlha,” a bua a tshwaratshwara ditaola tsa gagwe a sena go di latlhela fa fatshe.

“Ke alafa malwetse a a farologanyeng mme ke thusa bontsi jwa batho mo Hitsam-goo le mafelo a a mo tikologong. Ke kgona go lomaganya manyalo a a reketlang a le gaufi le go thubega. Ke thusa borre le bomme ba ba sa kgoneng go tshola gore ba kgone seo. Bontsi ja babereki ba meepo ya Orapa, Letlhakane le Damtshaa ba tla kwa go nna fa ba na le mathata kwa ditirong mme mathata ao ke a nyeletse jaaka mouwane nna mosimane wa ga Kephataletse le Sodiye.

Ga go ingwaelwe matsetse mo go nna. Fa foromane ya gago e go tsogologela e batla go go kobisa mo tirong go ka mpa ga kobiwa yone,” ga ipoka matwetwe.

A re ke nka-di-latlha yo o sa rateng go kolopa batho mme fa o ka mo kgomakgoma ka bomo o ka di gama o sa di tlhapela tadi e amusa.

Pii a re o dumela gore fa dingaka tsa Sekgoa di ka dirisanya sentle le tsa setso go ka tswa tema e e bonalang mo mererong ya kalafi ka go tlaa bo go amoganwa maano le botsipa jwa mmatota.

“Selo se se nkutlwisang botlhoko thata ke gore ke batla go nyala ka gore ke godile mme badimo ba gana gotlhelele gore ke dire jalo. Ga ke itse tota gore ke tlaa letelelwa leng go nyala. Kana ke tloga ke tsofala ke sena bana ba nka fetisetsang bokgoni jwame kwa go bone.”