Naledi

Monate wa dijo o fetoga dithupa

 

Letsatsi le a bo le ne le tlhabile, serame sone e le se sa Mariga, ba ba senang ditiro ba bo ba arametse marang a letsatsi, fela kwa kgotleng la Setswana la Urban mo Gaborone, Naledi ya fitlhela tiro ya letsatsi le letsatsi e tsweletse. Dikgosi tsa koo Kgosi Charles Koitsiwe le Patricia Radipati ba bo ba tshwere phage ka mangana go rarabolola dikgang tse di fa pele ga bone ka go farologana ga tsone, dingwe e le tse di tlogelang lekgotla le hupetse ka ditshego.

Nngwe ya ditsheko tse, ya bo e le ya mosekisiwa Oarabile Letsholo wa dingwaga tse 35, a tlholega kwa Sefhare, mo kgotlaneng ya Smorden, e mo go yone a neng a sekela molato wa go utswa nekere(chocolate)ya Cardbury e e natifisitsweng ka motswako wa lebebe la mashi go e neela tatso e e tswang ka ditsebe

Erile a lebaganya matlho le kgosi Koitsiwe, mosekisiwa Letsholo a balelwa pampiri ya molato, e e neng ya tlhalosa fa e ne ya re Seeetebosigo a tlhola malatsi a le masome mabedi le bosupa monongwaga, kwa marekisetsong a Spar, mo mmolong a utswa tshokoletse ya Cardbury Dairy Milk ya madi a P17,95. Go tlhalosiwa gore go dira jalo ga gagwe a bo a tlotse temana ya 271, ya melao ya Botswaba, karolwana 08.01 ya melawana ya Botswana.

Ka go lebega monna wa Motswapong go tswa Sefhare a ne a itse sentle gore ga a a dira sentle, o ne a seka a tlhola a ikodisa dibe, mme a bolela gore o ipona molato, se sa neeela lekgotla sebaka sa gore le lone le bolele fa le mmona molato, mme le mo atlhola dithupa di le nne mo maragong go mo otlhaela se a se dirileng.

Le fa a ne a bolelelwa ka go ikuela mabapi le katlholo, Letsholo o ne a bolela fa a tsaya katlholo, mme ga nna jalo ka a ne a tsena ka ntlwana ya tsenela kwano go amogela dithupa tse nne.

Mo go enngwe tsheko, e ntse e reeditswe ke kgosi Koitsiwe, mosekisiwa Boitshepo Boiki wa dingwaga tse di masome mararo le bone, wa Tutume, mo kgotlaneng ya Magapatona, o ne a amogela dithupa di le nne mo maragong ka ntlha ya molato wa bogodu. Lekgotla le ne la bolelelwa fa a ne a utswa nama ya koko(chicken fillets) e e monate thata ya tlhwatlhwa ya P59,25 kwa marekisetsong a Pick N Pay kwa mmolong wa River Walk.