Naledi

Kgosi Maforaga o lwantsha kgokgontsho ya bana

Kgosi Samuel Moforaga
 
Kgosi Samuel Moforaga

Maforaga o buile se jaaka a ne a amogela morafe le banaleseabe kwa kokelong ya Palapye bosheng, mo meletlong o Mothusa tona wa Thuto Moiseraele Goya aneng a abela kokelo eo dikobo.

Maforaga a re borukhuthi jwa go dirisa bana ba basetsana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro mo go tsa tlhakanela dikobo bo aname mo Palapye.

Kgosi a re boimana jwa bana bo a tshwenya mme fa go tlhotlhomisiwa go lemosega fa baimisitswe ke borre ba le ka dingwaga go supagalang ba tlodile dingwaga tse di masome a mane, e bile bangwe ele ba ba nyetseng. O tsweletse ka go kopa baoki go bega dikgetsi tsa mohuta o fa bakwadisa boimana jwa bana kwa dikokelong.

“Borre ke bao ba tlogela mabolela mo baneng mme go dira jalo go ba senyetsa Bokamoso le go ba tsenya mo diphatsing tsa go amiwa ke malwetsi ka go farologana jaaka a tlhakanela dikobo,” Maforaga a ngongoraga jalo.  Maforaga a sengwe sa dilo tse di ngomolang peloke go bo batsadi ba bana ba, ba loba dikgang tse.

Maforaga a re mo Palapye, basetsana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro, ba feletsa ba tlhoka ditiro le go gobea mo mekgwatlheng, tlhokomelo ya bana ba bone le yone e seo, ka go bo ba kgaupeditswe go dira sentle kwa sekoleng le go se fetsa.

Ka fa go le lengwe, Maforaga o ne a gwetlha baoki go tsaya karolo mo go atolosetseng letsogo le le thusang ba ba dikobo dikhutshwane.

O ne gape a ba rgakolola go tlhokomela le go tshwaya dikobo tse di abilweng ke Tona Goya gore di seka tsa feletsa di wetse mo diatleng tsa bao ba ba dinalanyana.

Ene erile go le pele, Mothusa tona Goya  yo gape eleng Mopalamente wa Palapye a kopa badiri ba sepatela seo go tlhokomela dikobo ka senogile fa se abelwa dikobo ngwaga le ngwaga mme di feletsa di dilo ka gareitse.

Goya o ne dirisa sebaka seo go itsise batsena moletlo fa puso e tsere tshwetso ya aga sepatela se sesha ka ngwaga wa madi wa 2018 le 2019.