Blogs

Ga se go beeletsa

Go begwa fa, ka lenaneo le, go agiwa diofisi tsa kgotla, e bile tiro e simolotse kgwedi e e fetileng mme e solofetswe go fela ka kgwedi ya Ngwanatsele, ngwaga ono. Go tswelelwa go twe, le fa tiro e, e filwe monana go e dira, go solofelwa e tlaa tsamaya sentle. Godimo ga moo, ga twe e na le batlhatlhobi ba gangwe le gape ba tsenyang leitlho go bona gore a dilo di tsamaya sentle, selo se go bolelwang kgosi a se ratile thata.

Ka bana e a re ba dira ba nne ba engwe nokeng ka lefoko, kgotsa ka tsela nngwe ba tiisiwe moko, ga twe kgosi o ne a rotloetsa ba ba agang go tlhagafalela tiro gore ba tle ba fetse ka nako e e solofetsweng. Kana fa ba ka repisa, tiro e tlaa nna bonya, mme ba se ke ba fetse ka nako. Gongwe e re ba bona nako e ba siile, ba leke go dira ka bofefo, mme ba felele ba dira tiro e e sa welang sentle. E re go bona e ntse jalo, e sa fela sentle, gongwe batho bangwe ba tloge ba nyatse thata, ba bone fa madi a ile le naga. Go tila dilo tsa go nna jaana, ke gore, ba ba dirang ba tlhagafale, ba tsenye marapo, e seng moko, dinameng.

Potso e ka nna gore, ka Manxotai ke yoo o ntse a se na diofisi, nako e yotlhe, morafe koo o ntse o dirisa eng, e le sone diofisi?    Ga twe go ntse go dirisiwa leobo, e le lone go direlwang ditiro tsa kgotla mo go lone. Re tlaa bona gore se, e ne e se seemo se se monate. Re botse gore, e ne e a re fa pula e na, nako ya serame kgotsa fa phefo e tsogile, go dirwe jang. Ga re itse, mme ke foo go bonala fa seemo se tlaa tokafala.

Potso e nngwe e ka nna gore, fa tsone diofisi tse go bolelwang di agiwa di ka fela sentle, tsa dirisiwa, leobo le lone, go tlaa dirwa eng ka lone? A le tlaa rutlololwa kana le tlaa nna fela foo go nna segopotso sa malatsi a maloba? Ga twe fa diofisi di se na go fela, leobo le, le tlaa tshwarela diphuthego tsa kgotla. Gape, ga twe le tlaa dirisiwa ke banana ba badiragatsi go ikatisetsa mo go lone.

Fa e baga ka tiro ya go aga diofisi kwa Manxotai, Dikgang/Daily News (Labobedi Seetebosigo07 2016) ya re;

‘Kgosi ….. o supile fa kago eo e na le diofisi tse tharo, ntlo ya go beeletsa dithoto….. le matlwana a boitiketso…..’  Ke eo ESP e bolelwa e tswa tema. Jaanong lefoko lengwe ke leo ga twe go beeletsa. Ga twe ntlo nngwe e tlaa bo e le ya go beeletsa dithoto. Kgang gompieno ke gore, a lefoko le la go beeletsa le dirisitswe sentle? A dithoto di a beelediwa?

 Go araba potso e, a re botse gore go beeletsa go raya eng? Fa e tlhalosa lefoko le, Thanodi ya Setswana ya re, ‘go baya sengwe ka fa tlase gore se tshelegele mo teng.’ E  tswelele e re ke go dibegetsa. Setswana-English Dictionary yone ya re, ‘place a receptacle to catch and store a liquid such as rain water.’  Re tlaa bona gore thanodi tse pedi tse, di tlhalosa lefoko ‘go beeletsa’ ka go tshwana.

Re dumalane natso gore re beeletsa selo se se metsi, jaaka one metsi tota, kgotsa sengwe se se tshologang. A re re pula e a na. Ka o batla metsi a pula, Naledi o tsaya emere o e baya kwa ntle gore metsi a tshelegele mo teng. Fa a dira jaana ra re, Naledi o beeletsa, o beeleditse metsi.  A jaanong re re, emere e tletse. Naledi o a e tsaya, o e isa kwa tlung. Fa gone re tlaa re, Naledi o baya emere, o beile emere kwa tlung, e seng o e beeleditse.

Kwa ntle kwa, Naledi o ne a beeleditse metsi ka a ne a tswa kwa godimo, pula e na.  Fela jalo, fa  mabele a tshologa mo kgetsing, kgotsa sengwe fela se tshologa, se ka beelediwa. Kwa tlung gone, Naledi o ne a baya metsi, a sa a beeletse. Re dumela gore, ntlo e nngwe ele ya diofisi tsa Manxotai, e tlaa bo e le ya dilwana tse di iseng di dirisiwe, mme e tlaa re nako nngwe, di tsewe koo go ya go diriswa. Fa go ntse jalo, re tlaa re lefoko le e leng lone ga se go beeletsa, ke go beela; ntlo eo, e tlaa beela dilwana, e seng go di beeletsa. motshwanes@yahoo.com