Blogs

Wena o bona dife?

Maloba, e ne ya re go bulela kgang ya rona tsela ra re, lefatshe leno le bolelwa e le la morero. Ra re, se se raya gore, fa motho a na le tiro nngwe, e a tlaa bong a e dira le ba bangwe, ga a tshwanela go bolela fela gore o na le tiro, kana, o tlaa nna le tiro; o tshwanetse go bua le bao, a ba rerisa, gore a tle a utlwe ya bone megopolo ka tiro eo.

Ra nna ra re, ba re, fela jalo, le puso fa e  batla go dira sengwe, e tshwanetse ya bua le setshaba, kgotsa, morafe go tsaya megopolo ka se  e eletsang go se dira.

Tsela ya bulega mme ra fetela pele ra re, polelo ele e supa fa khansele ya Ghanzi e batla go dira sefikantswe. Ka dilo di dirwa ka morero, ra utlwa fa go ne ga tshwarwa phutheo e mo go yone khansele e neng e batla go utlwa gore morafe koo, one o akanya jang ka mogopolo o wa go aga sefikantswe; ba le morafe, ya bone megopolo ke eng.

Gone foo, ra utlwa fa megopolo e ne ya tla ka go farologana. Go ne ga twe mogopolo mongwe o ne wa re, ka Ghanzi ke naga ya loruo, go dirwe sefikantswe sa kgomo. Wa felela fela foo, wa se ka wa tlhalosa gore kgomo eo, e nne jang. A e nne e namagadi e amusa namane, kana, e nne kgomo e hula, kana e nne jang, polelo ya se ka ya bua sepe ka seo.

Mogopolo o mongwe wa tla, mme polelo ya supa fa one o ne wa leka go fetela pele wa re sefikantswe seo, e nne kgomo e gateletswe, e thijwa, ke monna le mosimane ba tshwere seme. Polelo e supa fa o ne wa tswa fela jalo mogopolo o, mme wa se ka wa tlhalosa gore kgomo eo, e tlaa bo e thijwa e ya kae.

Go sale foo, ra utlwa go twe, mogopolo o mongwe wa tla o re ka Ghanzi ke kgaolo ya temo le loruo, a sefikantswe se supe jalo; e nne sa temothuo. Ga nna ga tla mme mongwe a re, a sefikantswe seo e nne Mosarwa ka Basarwa ke bone morafe wa ntlha go nna mo Ghanzi.

Ga bolelwa fa e ne ya tswa e ntse jalo megopolo ya morafe wa Ghanzi mme ga salela fela gore e tle e nnelwe fatshe, e sekasekwe, go bona gore o e leng one tota ke ofe. Re utlwa gore, Rre Losibe, yo o neng  a eteletse pele lekoko le le neng le ile go utlwa gore morafe wa Ghanzi one o akanya jang ka mogopolo o wa sefikantswe  o ne a re, megopolo e tlaa tlhotlhiwa mme go tsewe o o (e seng oo) ntshitsweng ke morafe ka bontsi. Gore, oo, o tlaa nna ofe, go sale efe e le yone dintshe le moroko, ga re itse. Jalo he, a re nne re tlhwaile tsebe.

A tswelela a re morafe o ka tswelela o ntsha megopolo go fitlhelela dikgwedi tse tharo tse di tlang. Gape, molaetsa o wa go ntsha megopolo o nne o gasiwe mo go ba ba neng ba sa tsena phuthego ele. Polelo e supa gore, go tiisa morafe moko, Rre Losibe a ba gakolola gore sefikantswe se, e nne selo sengwe se ba ka ipelang ka sone, se bile se ka ba leretse bojanala.

Ka fa re bonang polelo ele e bua ka teng, re re, phuthego ele ya go tsaya megopolo ya morafe ka sefikantswe, e ne e le one morero tota  Bangwe ba fetele pele ba re, gape go supa gore fatshe leno ke la puso ya batho ka batho ka ke foo ga twe, go tlaa tsewa mogopolo o o tlaa bong o ntshitswe ke batho ka bontsi.

Re setse re boletse gore, polelo ele ya sefikantswe sa Ghazi, re e tlelwa ke Dikgang (Daily News) Tlhakole 29 2019. Fa e bua ka fa Rre Losibe a neng a nna a gakolola morafe ka teng, Dikgang (Daily News) ya re;

‘…..o ne a gakolola…..gore ba tlhophe sengwe se eleng gore seka ba kopanya ebile sena le bokao mo matshelong a bone…..’

Jaaka gale, re tlaa re, ke eo kgang mme re botse gore o bona diphoso dife mo temaneng e e fa godimo e? Fa o di bona ke dife, gape, o ka di baakanya jang? Re re, ga re itse gore o tlaa re o bonye eng mme rona re bonye mafoko mangwe a a sa kwalwang sentle.

Re tle re nne re bue gore, phoso nngwe e gantsi bangwe ba e dirang fa ba kwala Setswana ke go tshwaraganya mafoko a a sa tshwanelang go tshwaragana.

E re mafoko a ka bo a nna mabedi, a pataganngwe, a dirwe lefoko le le lengwe mme mo go senye Setswana. Se, ke se re bonang se dirafetse gompieno. O botse gore mafoko a re a bonyeng fa godimo fale ke afe? Karabo e re, re bonye ‘eleng,’ ‘seka,’  ‘ebile,’ le ‘sena.’

Jaaka re setse re buile phoso fa ke gore mafoko a otlhe a patagantse mafoko a mabedi, a a dira lefoko le le lengwe, go bo go ya go sele, go sa kwalwe Setswana sentle.  A re kgaole kgang re re mafoko a, a tshwanetse go kgaogana ya nna ‘ e leng, se ka, e bile, se na’ mme go lolame.