Blogs

Moo, ke go kgoreletsa

Fa e bega ka fa mongwe wa barulaganyi  ba thutopuisanyo ele a neng a bua le ba ba neng ba le koo ka teng, Dikgang (Daily News)  ya re;

‘ Fa a ba ema pele….. o ne a tlhalosa gore…..’

Ke eo kgang. Ga twe, mongwe wa barulaganyi ba tiro ele, o ne a ema batho pele. Kgang ya rona gompieno ke lone lefoko ‘go ema.’ Re go botse gore a lefoko le, le dirisitswe sentle? Gongwe o setse o re badile mogopolo gore, re tlaa re, ga le a dirisiwa sentle mme o botse gore ke eng re bua jalo.

Re re, fela jaaka go tsena ganong, go itaya tsebe, go ema pele ke go kgoreletsa. Mafoko a otlhe e le dipapisapuo, a bapisa puo, go e natefisa. A jaanong re re, basimane ke bao, Moribego le Pebana, ba a bua. Fa Moribego a sa ntse a tsweletse a bua, Pebana ka fa o a itlhaganela o a bua, ga a emele gore Moribego a wetse mafoko a gagwe. Go nna jaana, Moribego o raya yole a re, ‘ Nnyaa rra, ema pele, se ntsene ganong.’

Pebana fa a araba a re, ‘Wena o atlhametseng? Go utlwa karabo e, botlhe ba ba foo, ba thubega ka setshego, ba sala ba hakgametse gore a mme tota motho o ka tsena mo ganong la yo mongwe. Nnyaa, ga go ka ke  ga direga. Jaaka re buile, se ke go natefisa puo fela. 

A re fetele pele re re, Moribego le Pebana ba boetse kgang ya bone, ba tsweletse ba a bua. Fa ba ntse ba tshwere kgang eo, go tsena Pheretlhego le ene o a bua. Ka kgang ya bone ke eo ga e ise e wele, ba raya Pheretlhego ba re, ‘Nnyaa rra, o re itaya tsebe.’

Go bua jaana ba raya gore o ba kgoreletsa go bua ka go batla gore ba mo reetse ntswa ba ise ba digele mafoko a bone. A re lemoge gore, ga o iteye motho tsebe fela fa e re a sa ntse a bua, le wena o bo o batla go bua nae. O ka itaya motho tsebe gape ka gore e re a reeditse sengwe, mongwe, o bo o tla gaufi le ene mme ka tsela nngwe o dire modumo fa tlase gagwe. Go dira jalo, o mo kgoreletsa go reetsa, go utlwa sentle se a se reeditseng. O mo itaya tsebe mme o sa e tsholela thupa o e betsa.

Go nne fela jalo le ka go ema pele. Le, lenatetshapuo, ga le reye gore o eme ka dinao fa pele ga motho. Le raya gore, ka tsela nngwe, o kgoreletsa motho go dira tiro ya gagwe sentle; tiro e ka nako eo a e dirang. Mo RB 1(Radio Botswana) pina nngwe ya Setswana ke eo, fa e ntse e tla e opelwa, moopedi wa yone a re, ‘ Kana o nkitsa go bina mosimane ke wena.’ 

Ba ba bolelang ba re mosimane yo ke wa seromamowa yo ka nako eo, a neng a gatisa dipina tse. Gore mosimane o itsa moopedi yo go bina jang, ga re itse. Fela se e leng sone ke gore, ka tsela nngwe, mosimane yoo, o itsa moopedi wa pina eo go bina sentle, kana, go bina jaaka ene a batla. Gone fa, Setswana se re mosimane o eme moopedi yole pele; se re, o mo etile pele. Jaaka re kaile, go raya gore o a mo kgoreletsa.

A gape re lemoge gore, go na le go eta pele, le go etelela pele, mme mafoko a, ga a reye selo se le sengwe. Re rile, go eta pele ke go kgoreletsa. Go etelela pele gone ke go tsamaya kwa pele ga motho, gongwe jaaka re tle re bone, o mo kaela tsela. Go sale foo, o ka etelela motho pele ka go dira sengwe pele ga ene a se dira.

Jaanong a re tswele pele re re, re belaela gore, jaaka bangwe ba tle ba bue, polelo e ne e batla gore e re, Rre Jerry Moloko, yo e reng e ne e le mongwe wa barulaganyi ba tiro, o ne a ema ba ba neng ba tsenye thutontsho ele  pele ka lefoko; a ba ema pele ka lefoko.

Re re, le fa polelo e ne e kwadile jalo, e ne e tlaa bo e ntse e se gone. Ka go reng? Ka gore Setswana, jaaka re setse re buile, se na le ‘go ema pele.’ Mme godimo ga go ema pele, se nne le go ‘ema ka lefoko,’ e ntse e le papisapuo. Go ema ka lefoko go raya eng? Go raya go wetsa, go digela, go fetsa, se o neng o se bua. A re re, go phuthego mme Khudutlou o ntse a bua. Fa a fetsa go bua a re, ‘ Ke buile mme ke tlaa ema ka lefoko la gore….’

E se lefoko, e le mafoko. O a a  bua, o  a wetsa, o nna fa fatshe. Mo, e nne gone go ema ka lefoko mme Setswana se re, o latlhetse la  gagwe (lefoko) la bofelo. Go nne jalo. Jaanong, a e se re motho a bua le batho re re, o ba ema pele, o ba eme pele, ka lefoko. Fa go ntse jalo, Setswana sa re, o ba naya lefoko. Se  re, motho o ntsha, o tswa, la gagwe, e seng o ba ema pele. Nnyaa, moo ke go kgoreletsa.  A a ba neye lefoko, a tswe lefoko, a ntshe la gagwe.