Blogs

Leo ke Sekgoa

Ka ntlha e nngwe, bangwe ba letse megolokwane ba re ba filwe dikoko, bangwe dipodi. Go nne go ye koo fela ka lenaneo le la nyeletso lehuma, le tshwana le ntshe a tsamaisa, le bana bantsi.

E ntse e le kgang ya go nyeletsa lehuma, lenaneo le go buiwang ka lone thata gompieno ke la Women Empowerment, lone le le ka fa tlase ga Lephata la Gender Affairs. Fa mananeo a mangwe one a namile, a leka go thusa batho botlhe, banna le basadi, ka go tshwana, la Women Empowerment lone le bolelwa le lebaganye basadi fela. Ga twe ka lenaneo le, basadi ba ka thusiwa ka madi go itirela dikgwebo. Ba re, fa mosadi a le mongwe, o ka fiwa P10,000, ba le babedi ba ikopantse, P250,000 mme fa ba le bararo gone ke P300,000.

Gongwe o bo o ka botsa gore, banna bone ba tsena fa kae; a bone ga ba tlhoke go thusiwa? Ga twe banna ba ka thusiwa mme e seng ka sepe se se kalo. Ka fa go bolelwang ka teng, banna ba ka thusiwa fela fa monna a le mongwe, a ka ikopanya le basadi ba le babedi go dira kgwebo. Go ntse jalo, monna yo, ga a ka ke a etelela kgwebo pele; o ka thusa fela ka kitso nngwe e a tlaa bong a na le yone.

Re nne re botse gore, ke eng go tlaa lejwa ntlha e le nngwefela; e re basadi ba fiwa mogopo o tletse, banna bone ba ngotlelwe, ba balelwe dintshwana? Karabo ya re, mono Botswana, banna ba na le itsholelo e e botoka go feta basadi.  Go tswelelwe go twe, basadi ba babaletswe ke lehuma thata go na le banna. Godimo ga moo, basadi ba tlhoka ditiro thata ga feta banna, ke sone se jaanong go lejwang basadi thata. Jaanong  lenaneo le la Women Empowerment le leka go lekalekanya seemo fa gare ga banna le basadi. Ga re itse. Gongwe go ntse jalo, banna ba itsholetse go feta basadi.

Go begwa gore, e ne ya re bosheng, Lephata la Gender Affairs la tshwara phuthego kwa Palapye, go tlhalosetsa morafe koo, ka lenaneo la Women Empowerment. Ga twe mongwe yo a neng a le koo, e ne e le mopalamente wa Palapye, Rre Goya. Pego ya re e rile a bua koo, mopalamente a bolela fa mosadi e le thari ya setshaba. A tswelela a supa gore ke eng e kete puso e tlaa thusa basadi thata go feta banna. Ga twe o ne a re, basadi ka bontsi ke ditlhogo tsa malwapa, e bile ba dira ditiro tse dintsi thata go gaisa banna. A fetela pele a supa fa Women Empowerment e se kgethololo kana go supa letlhoo mo go ope.

Go ya ka pego, ya se ka ya nna mopalamente fela a buang kwa phuthegong ele ya Palapye. Ga twe Mothusa Moeteledipele wa Lephata la Gender Affairs le ene a latlhela la gagwe. Le ene a nna a gatelela gore basadi ba kwa tlase ka itsholelo go na le banna. Jalo he, ke sone se go lebegang puso e lebile basadi thata ka lenaneo le. Naledi (Seetebosigo 15, 2016) e bega ka phuthego ya lenaneo la Women Empowerment kwa Palapye ka fa tlase ga setlhogo se se reng, ‘’ Mosadi thari ya setshaba.....’’ Pego e simolola e re;

‘’Mothusa Tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso ....o dumela thata mo thotoetsong ya bomme ka jaana a re ke bone thari ya setshaba.....’’

Temana e re e nopotseng e, e na le lefoko ‘’are.’’ Lefoko le, ke lengwe la mafoko a Setswana, a ba bantsi ba se ke ba a kwala sentle. Go bala re ka bala ra utlwa gore ga tweng. Mme fela, gore re bo re tlhaloganya, ga go reye gore go kwadilwe sentle.  Mma re supe gore, bangwe ba tlaa tsaya gore, ka ba badile, ba tlhalogantse kana ba utlwile gore ga tweng, go siame. Ba se ke ba ele tlhoko gore, mme go kwala gone, go kwadilwe jang. Selo se, ke sengwe sa dilo tse di bolayang Setswana.

Mo pegong ele ya Naledi, lefoko “Are”, le dirisitswe gantsi thata; go ka nna ga some, mme nako tsotlhe le kwalwa fela jalo. Go le gangwefela fela ke gone le neng la kwalwa sentle e le “A re”, e seng, “Are”. Jaaka re kaile fa godimo fale, fa re bala mafoko a otlhe, “Are”, le “A re”, re ka tsaya gore a siame, a a tshwana. Mme ga go a nna jalo. Fa re bala, a re ele tlhoko gore go kwadilwe jang. A re se ka ra tsaya gore, ka re badile, re tlhalogantse, go siame. Nnyaa, foo ke gone jaaka se tsewa ke noka Setswana, se latlhega. Lefoko “Á re”,ke lone Setswana mme fa re re “Áre”, leo lone ke Sekgoa. motshwanes@yahoo.com