Naledi

Thakadu, Kgosikgolo Puso o a gorosa

 

Dikgang tse tsa go nyala ga ga Puso, erile go gorogeng ka ditsebe tsa Batlokwa, ba supa fa ba ntse ba di emetse bogologolo. Dikgotlana tsa Batlokwa di setse di simolotse dipaakanyo.

Bosheng, ba kgotlana ya Dipyega, gone kwa Tlokweng ba ne ba biditse phuthego ya baagi ba yone, gore ba tle go rolelwa mafoko a mantle a lenyalo la ga kgosikgolo. Mo godimo ga se, ba buisantse gore ba simolola jang dipaakanyetso moletlo o mogolo oo.

Dibui ka go farologana di boletse fa lenyalo le le tlang le tlaabo le le pharologanyo ka ele la phuthaditshaba tsa Tlokweng, Thakadu e tona seepamatsatsa. Ba ne ba dumalana gore mongwe le mongwe wa kgotlana e ya Dipyega e le mogolo kgotsa ngwana, monna kgotsa mosadi a eme ka dinao go tsenya lebogo mo go thuseng go baakanyetsa tiro e e kgethegileng ebile e tlotlega ya Batlokwa.

Bagolo ba gateletse gore bogologolo e ne ere kgosikgolo e nyala, morafe otlhe o tshwaragane, go baakanyetsa tiro ya one go tlhomamisa gore tiro e nna ya boleng jo bo kwa godimo.  Ba re go ne go rerwa, go buisanngwa gore go ka dirwa jang gore morafe otlhe o nne le seabe se se bonalang mo tirong e go simolola fela ka ditiro tsotlhe tse di amang ngwao, ditlhopha, baboki, baopedi le babini. Ba ne ba kopiwa go itshupa mme ba simolole go ikatisa gore ka letsatsi la bofelo ebo e le bone ba natefisang moletlo.

Sengwe se bagolo ba reng se ne se baakanngwa go sale gale, ke dijo go tswa mo dikgotlaneng, bogolo jang tsa ngwao tse di tswang kwa masimong go akaretsa nama, le dimpho tse di tlaa ntshiwang ke dikgotlana go fa kgosikgolo.

Tiro e ya lenyalo la ga Puso, e setse e tsene ka ditsebe tsa Batlokwa botlhe. Mme go supagala fa morafe o na le tlotlo e tona mo go kgosikgolo ebile o batla go mo itumedisa.