Naledi

Go Sir Seretse Khama

Ke ratile go lebala go go lekodisa ka balelwapa la gago le boora Khama ka kakaretso. Bana ba gago, banababana le dikokomane, ba santse ba tsogile.Tota botlhe boora Kgosi Khama III ba tsogile sentle ka go ise go nne le dipego tse di tlhobaetsang.

Phuti! Re mono hela. Le fa go ntse jalo, re abo re le gareng ga mariga jaaka gale. Kana ke raya mariga a pula. Kana ebile maloba re utlwaletse kgosomano ya kapoko ka fa Rhodesia. Tshwarelo, ke raya Zimbabwe. Batlhalefi ba re diphetogo tseo di bakwa ke Global-Warming.

A oa e lemoga? Godimo ga tseo tshaba ya gago e ntse e lomile molomo wa tlase go mekamekana le dikgwetlho tsa lefatshe la gago. Kana Batswana ga baa kgona go ora molelo wa mariga. Letlhoko la ditiro le lone le ile magoletsa ka dikompone di tsweletse ka go kgaola babereki. Borukutlhi le jone bo teng. 

Mme legale go botokanyana ka ntlha ya gore mmetela wa bafaladi o fokotsegile. Dikotsi tsa dikoloi di santse di tshwenya le one makoa mangwe. Ke kile ka go lekodisa thata ka go kgaoga ga motlakase mme gompieno go botoka thata Phuti. Se se santseng se tlhobaetsa ke letlhoko la metsi ebile ke solofela gore seemo seo seka nna sa tla sa ama meletlo ya boipuso kwa mafelong mangwe a lefatshe la gago. Fa o gakologelwa sentle Phuti, kgwedi ya Lwetse le Phalane ke paka ya selemo ee maswe. Batswana ba abo ba le mo mathateng le leruo la bone. Go santse go le thata le gompieno.

Phuti! Kana rotlhe Batswana monongwaga re fufutse. Guess what? Botswana 50. Tautona Khama o boloditse letsholo le le mashetla go baakanyetsa Boipuso joo. Kana ke raya letsholo le legolo go gaisa la ga tautona Khama ka boipuso ja 1976.

Ha! Ha! Haaa! Tleke …Lefatshe la gago le kgabile ka mebala ya folaga ya lone. Ke raya le dithai tsa folaga tota Phuti. Hee! O ile o ise o bone dikgakgamatso tsa Botswana. Molelo wa kgolagano le one o raletse Botswana go tsena motse le motsana, toropo le toroponyana. Go riana o tlaabo ole kwa GaMmaBesi kgwedi ya Phukwi e rogwa. Kana ke raya ka letsatsi la gago. Phuti! Boipuso bo ntse bo latlhegetswe ke boleng mme ja gompieno Batswana ba semeletse.  Ka fa dithulaganyo di ntseng ka teng go tsile go leba yoo sebete. Bangwe bare boipuso jo bo neng bo le mashetla ke ja 1976(10yrs) le ja 1986(20yrs) fela. A o santse o gakologelwa ipelelo boipuso ja 1976? O ne o gata o gatoga kwa lebaleng mo Gaborone o pegilwe letsela mo leheteng go tshetlhela kwa nokeng. Kana ke raya o lebega jaaka ‘Miss Botswana’. O na le matona mangwe bo Rre Mogwe, QKJ Masire le bangwe. Gatwe boipuso ja 1996(30yrs) le ja 2006(40yrs) e ne ele selelo le khuranyo ya meno.

Boipuso jo bo tlang jo go lebega e tlaa nna ja ntlha mo ditsong ka bogolo. Go utlwala fa etlaare ka tshimologo ya kgwedi ya Lwetse go tlaabo go letswa dipina tsa Botswana fela mo RB 1 le Btv. Morago ga jone o ka nna wa utlwa ba ba tlang ba bua gore re ne re tlhabetswe ditlou, dinare, le diphologolo tse dingwe ka boipuso. Hee! Ditlou le dinare di dintsi mo di sa laoleseng sentle. Di nna di tlhasela batho kwa masimo, kwa merakeng le kwa mafelong a mangwe. Ka dithulaganyo di supa fa boipuso jo e tlaa nna ja maemo aa kwa godimo, ga ke itse gore balalediwa ba tlotla go tswa kwa mafatsheng a sele e tlaa nna bafe Phuti. Ke go itse ke go tshepha, o ne o ka emeletsa mohumagadi “Mmamosadinyana” go tswa kwa Ennyelane. O sa lebale ditsala tsa gago bo Kenneth Kaunda (KK) le Julius Nyerere.

A o itse gore o santse a itsetsepetse KK? Legale o se tshwenyege ke tlaa go bolelela gore ba ne ba laleditse bafe baeteledipele ba sesha. Fela, okare tautona Khama ene ga gona yo eleng tsala ya gagwe le mororo a dirisanya le bone. O itse gore ke eng? Ka fa a ratang diphologolo ka teng ga ke solofele thata fa Batswana ba tlaa tlhabelwa tshaila ya tsone jaaka o ne o dira. Ene o ka nna are go rekwe matlhape a dikgomo mo baruing go tlhabiwa mo meletlong ya boipuso. Ke a go bolelela.

Sengwe ke se Phuti. E ka nna yare ka letsatsi la boipuso ra bona motshameko wa pulamadibogo, ka gole batshameki ba ba faphegileng jaaka DJ-Tips, Philibao, ESP, Ispaad,Teenage le mmampodi wa diragadibonwe -SUPER. Oa mo itse Super gakere? O santse a fisa jaaka bogologolo. Bao ke batshameki ba Botswana ba ba dirang ditso mo Aforika le lobopo ka bophara. Kana Botswana o tlhabologile.

Ka boipuso ke tlaa go romelela divideo tsa teng ka Whats up. Uhu! Kana ga ona smart-phone,tablet kgotsa laptop?Ehee! O cheke ‘KK’ kana ‘General’. Phuti!  Mme ke se elatswe bobe ka boipuso. Fela, re solofetse go le gontsi. Mo go tse dingwe Phuti, e ntse e tshwere ka natla ya gago BDP. Ke solofela fa ba ba ntseng ba goroga koo ba ntse ba go lekodisa. Le tsone bo-UDC, BCP, MELS le tse dingwe di ntse dia leka go ganetsa le go gakolola phathi ee busang. Jaaka nkile ka go bolelela mapolotiki mangwe ba ntse ba tlola koi go ya kafa le kafa. Seemo se se tlhobaetsa batlhophi thata. Sengwe se bakganetso ba se kgalelang phathi ya gago ee busang, ke go latlhegelwa ke ditiro ga Batswana mo go ileng magoletsa bogolo jang kwa meepong. Phuti! Kana dikompone  di tsweletse ka go kgaola babereki fela thata.

Ere go ne go solofetswe go le gontsi ka go runya ga meepo, jaanong ea tswalwa. Mangwe thata a gotweng a apere lefatshe la gago ke tshenyetso-setshaba, bolwetse ja Tlhako le Molomo, go runya ga ditagi, bogodu ja diphologolo, leuba, go gweba ka madi le tse dingwe.

Phuti! Le mororo o kile wa itebaganya le go lwantsha mangwe mathata, mangwe a masha ebile aa bokete go lwantshiwa bogolo jang ka boranyane bo ile magoletsa go a anamisa ka ponyo ya leitlho.

Le fa gole dikgwetlho tse dikgolo ebile bangwe bare puso ga e kgone, bangwe bare puso e leka ka mananeo a le mafaratlhatlha jaaka Ipelegeng, ESP le a mangwe. Puso ga ea nna fela.  Ao gakologelwa ‘Ipelegeng’ yole wa gago? Sengwe se se tlileng ka tautona wa jeno ke go kopa bahumi le dikompone, go thusa ba ba tlhokileng lesego ka go agelwa matlo, go fiwa dijo le diaparo. Phuti! Kana go leba yoo sebete, botlhe ba ba kgonang ba ntsha gatshwene go thusa batlhoki, dikolo le mekgatlho. Batswana ba tsibogetse kopo ya ga tautona ka mashetla. Ka dikobo le gone tautona o tlhapholotse letsogo, segolo jang mo batsofeng. Mo gotlhe ke maiteko a ga tautona go tlhabolola Batswana.

Kwa mafatsheng a sele phuti dintwa di santse di befile. Go ditsuuludi tsa Al-Qaeda, Bokoharam, IS, Al-Shabaab le makgotla a mangwe aa jang le ao. Ditsuuludi tsa makgotla ao di diga difofane, di gaila batho ebile di phatlakanya dikago ka dibomo.

Tota ke mathata fela Phuti.Uhu! Kana o tlogetse UK ele mo lekgotleng la Yuropa? Tshaba ya lefatshe leo e sobokile mogopolo fela bosheng go kgaogana le lekgotla leo.

Go riana makgoa a Yuropa baa inyanyarela, itsholelo ya mafatshe a bone ea roroma.

Mo Aforika le gone Phuti go santse gole mathata ka bangwe babusi ba gana go ithola marapo fa paka ya bone e fela. Ija! Ra-Tebogo kwano ke tshwarangtshwarang. Mathata a lobopo gase a a felang. Ke tlaa nna ke go lekodisa Phuti.* SEGOFALA KA LETSATSI LA GAGO PHUTI!