Kgosiang �Loveboy� o bolokilwe
Teichler Rankoa | Wednesday June 29, 2016 14:40
Loveboy jaaka Kgosiang a ne a itsege thata mo barati le balateding ba kgwele ya dinao go boletswe fa a tsholetswe kwa Tlokweng ka ngwaga ya 1973, kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a le lesome le borobabongwe. Ke gone mo Tlokweng mo naledi e ya kgwele ya dinao e neng ya simolola go itshupa mebala fa a santse a le mmotlana, jaaka a ne a simolola go raga bolo a santse a le kwa sekoleng se sebotlana sa Botsalano.
Gone kwa Botsalano, dibui di boletse fa a ne a kgatlha bakatisi thata ka tshameko ya gagwe e e neng ele fa godimo ga ya balekane ba gagwe, le mo go ba bagolwane mo go ene. Ke yone tshameko e e neng ya dira gore e tswelele e mmonne phatlha kwa sekoleng se segolwane sa Matlala. Kwa a neng a ntse a tsweletse ka go tshameka mo setlhopheng sa sekole seo, e le monosa dinno.
Tlhaloganyo ya gagwe ya dithuto e ne ya mo thusa go falola ditlhatlhobo tsa lokwalo la boraro. Mme a ya kwa sekoleng se segolwane sa Gaborone(GSS) go tswelela le dithuto tsa gagwe teng, kwa le gone ka ntlha ya gagwe ya bokgoni a neng a sutlhelela mo setlhopheng sa sekole sa kgwele ya dinao.Morago ga lokwalo la botlhano kwa GSS, go boletswe fa KB Loveboy, a ne a tshameka kwa setlhopheng sa sa Tlokweng sa Peace Makers, a tloga a leba kwa se sengwe sa Tlokweng sa Naughty Boys. “E rile pele a leba kwa Tirelo Setshaba a bo a nositse dinno di le dintsi thata,”ga bua jalo raagwe. Go wetseng lenaneo le a tla a tla a tshameka mo Tlokweng United sebaka se se khutshwane. O ne a itshwaraganya le lephata la Dikgolegelo le Kago Tlhaloganyo go kopa tiro teng. Ngwaga e ne e le ya 1995 fa ba mo amogela go dira e le motlhokomela magolegwa ka tiro. A seka a tlhola a leba kwa morago mme a tswelela le se a se kgonang bobe.
Lorato la ga Kgosiang la kgwele ya dinao le ne la bonala sentle jaanong fa a tshameka mo liking e kgolwane ya lefatshe leno.
A gola jalo tshameko ya gagwe e gola letsatsi le letsatsi.
Mokatisi wa pele wa Prisons XI, Clever Hunda, o ne a dumela thata mo go ene jaaka motshamekamorago wa mmakgonthe. Ka batshameki e le batho ba ba ratang go tlogela ditlhopha ba ya kwa go tse dingwe, le gone kwa Prisons go ne gona le bothata jo.
Kgosiang ene o ne a gakologelwa maikano a gagwe a tiro ya go disa magolegwa, a boa gape a gakologelwa a go tshamekela setlhopha se, go wa a tsoga le sone, gona le madi a mantsi le a seyo gotlhelele. Mowa o wa gagwe wa boammaaruri le boineelo mo tirong o ne wa thusa gore a nne le setlhopha sa Prisons XI botshelo jwa ga tsotlhe. O ne a tlhomamisa fa go sena tsholofetso epe ee ka mo itayang tsebe go tswa mo setlhopheng sepe.
Naledi e ya kgwele ya dinao, e ne ya tswelela ka go dira ka natla mo setlhopheng sa Prisons XI e le motshamekagare le wa kwa morago. Fa a ntse a dira jaana o ne a kgatlha matlho a bakatisi ba setlhopha sa setshaba sa Dipitse(The Zebras). Mme a bitswa go se tshamekela mo ka fa tlase ga bakatisi ba ba farologanyeng dingwaga di le dintsi.
Motshameki yo, go boletswe fa e ne e le motho yo o bonolo thata, go sa kgathelesege gore a ke mo tirong, lwapeng kgotsa mo motshamekong. Selo se se thusitse thata gore a kgone go dira sentle mo tirong le botshelong jwa gagwe. Ka ntlha ya go dira ka natla le ka boineelo mo tirong, Kgosiang o ne a ngoka leitlho la ga Tautona Lt General Ian Khama, mme a mo tlotla ka seetsele tsa maemo.
Matshwititshwiti a bahutsafadi a ne a utlwa sentle gore Kgosiang o tlhokafala jaana a ntse a na le setlhopha se a saleng a tsena mo go sone dingwaga di le masome mabedi le bongwe. Mme ebile a setse a le mo tirong ya go thusa ka tsa bokatisi. Kwa lwapeng le gone ba ile ba papamatsa fa monna yo e ne e le motho yo o ratang go dira ka natla, a sa rate dikgogakgogano. Mme ebile a rata thata go thusa ka dikgakololo fa go tlhokegang teng. Maikarabelo a gagwe a ne a itshupa fa a tsaya legato le le thata la botshelo jaaka a ne a tsena mo nyalong e e boitshepo le kgarebe go tswa kwa Gangwaketse, Georgina, yo a mo tlogelang botshelong. *A MOWA WA GAGWE O ROBALE KA KAGISO.