Naledi

Setswana se a nyelela

Mogae
 
Mogae

Nyathi-Saleshando a re bontsi jwa Batswana ba setse ba tsaya Setswana ele teme ya bobedi morago ga sekgoa, ka le kwa malwapeng ba sa e bue thata. O boletse gape mo mokwalong wa gagwe fa go le botlhokwa go sekaseka bokgoni jwa moithuti yoo buang diteme di sele jaaka sekgoa kwa malwapeng, le gape yoo buang Setswana kwa lwapeng.

 O tsweletse a re bana ba ba goletseng mo malwapeng a go buiwang Setswana ba felela ba dira botoka mo dithutong tsa go kwala Setswana, mme go bua le go bala Setswana gone go tswelele ele kgwetlho mo go bone, bogolosegolo ba ba dirang lokwalo la borarato.

Nyathi-Saleshando a re kgabagare baithuti ba tswelela ba kgatlhegela go ithuta sekgoa thata ka ba dumela go dira seo go ka ba thusa go batla ditiro kana go inaakanya le merafe ya mafatshe a sele. Naledi e ne ya tlhodumela kgang e, mme ya lemoga gore mo diphuthegong ka bontsi tsa kgotla, Batswana ba santse ba tshwaragane le bothata jwa go phuthuloga mo go diriseng mafoko mangwe a Setswana, mme se se bakwa ke go tlhoka go itse thanodi go tswa mo sekgoeng go ya kwa Setswaneng.

Sekai ke fa sebui se sa dira mokwalo wa molaetsa wa sechaba ka Setswana, “Bagaetsho lo tla intshwarela, ke kwadile molaetsa wame ka sekgoa mme ke tla leka go tolokolola fa ke ntse ke tsweletse”. Go dira jalo go feletsa go kgoba batho marapo mme ba seke ba tlhwaafalele go reetsa sentle.  Batswana bangwe ba ne ba ntsha maikutlo a bone, Mme Onneile Sebego (21) o tlhalositse fa lebaka la go ikgatholosa Setswana ele gore, selo sa ntlha se ngwana a tshwanetseng go se itse kwa sekoleng, ke go rutwa ka sekgoa, fa kwa lwapeng le gone go dumelwa fa botlhale jwa ngwana ele go itse go bua sekgoa a sale monnye.

A re bontsi jwa batho ba banang le kgatlhego e ntsi ya go bua, go bala le go kwala Setswana, ke ba ba supileng kgatlhego e e tseneletseng kwa dikolong tse di kgolwane jaaka Mmadikolo, e bile ba itlhophetse go itshetsa ka sone jaaka go kwala ditso, go tolokolola le go se ruta.

Mongwe wa barutabana ba bana ba ba simololang sekole, Mosadiotsile Motsamai a re motheo wa thuto ya bana e rulagantswe ka sekgoa mme ene o dumela gore go ruta ngwana ka sekgoa go motlhofo gore a tlhaloganye ka pele gona le go mo ruta ka Setswana. Motsamai a re go dirwa gape ke gore ditlhaloso tsa sekgoa di motlhofo ebile di di khutshwane.

Seemo se sa go retelelwa ke go bua Setswana bogolosegolo mo diphuthegong tse di itebagantseng le merero ya ditlhabololo tsa Batswana, se dira gore kgabagare melaetsa e e botlhokwa e seka ya goroga sentle mo Batswaneng.

Tautona wa pele wa Botswana Sir Ketumile Masire ene ele moeteledipele yo o ratang go buisa diphuthego tsa kgotla ka Setswana, selo se bale bantsi baneng ba se rata thata, ka se rotlotsa puo ya Setswana. Fa ele Dr Festus Mogae ene, bontsi bane ba mokgalela go dirisa sekgoa thata kwa diphuthegong tsa kgotla, le ntswa a buisa Batswana. Naledi e lemogile fa Tautona Lt. Gen. Dr. Seretse Khama Ian Khama a dira se bale bantsi baneng ba sa se solofela.

Matona mangwe a puso, bagolwane bangwe ba makalana a a ikemetseng ka nosi le badirelapuso bangwe le bone ba tsweletse ka go buisa Batswana sekgoa mo diphuthegong tsa kgotla, kgang e bale bantsi ba e ngongoregelang. 

Se Batswana ba ka se dirang jaanong ke go bala dipolelo tsa bakwadi ba maloba ka maikaelelo a go ithotloetsa go kgatlhegela go bala, go bua le go kwala Setswana. Mongwe wa bakwadi ba maloba yo Naledi e mo gakologelwang ke moswi Mmualefhe Raditladi, yo mekwalo ya gagwe eneng e ngoka mmadi mongwe le mongwe mme go hulareng gagwe Setswana ga lebega se nyelela.