Naledi

Ditshupo tsa Serowe di godile

Se se boletswe ke mogolwane wa komiti e e rulaganyetsang ditshupo tse Anthony Phokoletso yo a reng ga ba solofele go nna le mathata ape a a ka kgoreletsang ditshupo tse, bogolo jang ka bontsi jwa dipaakanyo di setse di lebile kwa motsubong.

A re ditshupo tse tsa temothuo di ne tsa ema dingwaganyana pele ga banana bangwe ba Serowe ba ipopa go leka go di tsosolosa, mme bone e le bagolo ba bona go le botlhokwa go thusa banana ba ka ba dira tiro e ntle thata.

Phokoletso a re Batswana ba tshwanetse go itse le gone go tlhaloganya gore ditshupo tsa temothuo ke tsela e ntle ya go rotloetsa thuo le temo ya boleng jo bo kwa godimo le phadisanyo ya go ntsha thobo fela e e ka supiwang mo kgaisanong ya ditshupo ka mefuta go akaretsa le tsa lefatshe lotlhe tsa Botswana.

A bolela gore go ema ga tsone kgotsa go sa nneng teng go ne go dira gore go lebege jaaka okare Bangwato ga se morafe wa themothuo, le mororo ba rata temothuo fela thata.

Go ya ka Phokoletso go tsosolosiwa ga ditshupo tse tsa Ga-Mmangwato, go rotloeditse thata balemirui ba kgaolo go boela ka tlhwaafalo mo ngwaong ya bone ya go lema le go rua, le gone go tswelela ba tlhabolola leruo le dijwalo tsa bone, ka jaanong ba itse fa go na le kwa ba ka di isang teng go itiisana borathana le mo kgaisanong ya ditshupu tsa kgaolo.

Mo ditshupong tsa monongwaga, gareng ga disupiwa, Phokoletso o boletse fa go tla a nna dipeo le thobo ya dijwalo tsotlhe fela e e neng e lemilwe go akaretsa le yone merogo tota, mme a bolela fa di tla a lopiwa P10 go tsenela ditshupo.  A re leruo lone e tla a nna dihutshane(dinku le dipodi) tse tsone di tla mong a tla a lopiwang P20, fa dikgomo tsone tlhwatlhwa e le P50, a re mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego kgotsa keletso ya go tsenelela ditshupo ka thobo kgotsa leruo la gagwe a seka a inyatsa ka e ka re mo go weleng ga ditshupo ya bo e le ene mofenyi.

Fa a bua ka bagwebi, Phokoletso a re le bone ba ka tla go ikopela mekhukhu ka go na le diphatlha tse eleng tsa bagwebi, a re sa bone ke go ikopanya le komiti ya ditshupu gore ba bone thuso pele ga letsatsi la ditshupo.

Go natifisa gape ditshupo tse tsa temothuo tsa Ga-Mmangwato, Phokoeletso a re go tla a tshwarwa kgaisano ya mmabontle go batla ene mmabontle wa ditshupo tse tsa ngwaga ya 2016, fela jalo le mabelo a dipitse a tla a nna teng, a wetsa ka gore tsotlhe tse e tla nna tsone tse e tla a reng batsena ditshupo ba tswa teng ba bo ba jele monate o o ba ntseng ba o batla.