Naledi

Ba lelela mokhanselara

 

Baagi, ba batswang kgakala ba ngongorega ka kemedi ya ga Mopedi, ba re jaanong ba batla go emelwa ke Boyce Tawana, yo ka nako eno a sas tlholeng a le mo sepolotiking mme ele mogwebi.

Go lela ka madi a tletse ganong ga batlhophi bangwe ba koo go senogile bosheng fa ba ne ba buisana le Naledi. Ba re nnete ke gore Boyce Tawana yo o tlogetseng sepolotiki o ne a ba emetse ka botswerere e bile a kgatlhegela dikeletso tsa bone. Ba re Tawana o tlogetse sepolotiki ba sa solofela mme seo se ba utlwisitse botlhoko jwa ntho ka jaanong ke mokang  ba latlhegile, gonne mokhanselara wa nako eno o ba itlhokomolositse.

Ba re morago ga go naya Mopedi maemo a bokhanselara, ke gone ba lemogang gore ba  ithadile ka thipa mpeng ka motshegare o motona. Ba re Mopedi ga a na sepe le matshelo a bone o lebile mpa ya gagwe le ba lelapa la gagwe, ka a seke a ba tlhola gore ba mo  fe  megopolo go e isa khanseleng. Ba tshoseditse ka gore Mopedi a itse gore o ntse mosima wa phika gonne ka 2019 ba tsile go mo tlhopholola, mme fa a ka fenya bulela ditswe ba ka mpa ba isa tlhopho ya bone kwa go ba kganetso.  Mopedi a re dipuopuo tse di buegang ka ga gagwe  o tlhola a di utlwa ka podi ya tsela mme o tsaya fela gore ke se go tweng mahuto maitsewe ke beng. A re o dirisana sentle le batlhophi  ba gagwe ka go kgaratlhela go ba tsisetsa ditlhabololo; a re ga a kake a kgona go tlhola a setse morago dithamakgorwana.

Boyce Tawana ene a re le fa gone batlhophi ba mo lelela jaana, ene ga a boele mo sepolotiking gotlhelele, kgatlhego ya gagwe jaanong e mo boruting . O ne a araba ka bokhutshwane a re, ‘’Nna ke dumela gore batlhophi ba tshwanetse  go  fa Mopedi sebaka gonne ke gone a tsenang, o tla itshupa bokgoni fa go ntse go ya ka ke motho yo o matlhagatlhaga ka tlhago,  amogeleng  gore nna ke dirile fa ke dirileng teng.’’

Tawana o nnile mokhanselara wa koo ka lobaka, o ne a ngala phathi ya Domkraga a fetoga mokoko mme a dira ditso e le santlha kwa Boteti, fa a ne a fenya ka dipalo tse di kwa godimo a ikemetse ka nosi. Morago ga foo o ne a tuma thata koo ka go bidiwa “Xutu ya Zowa”. Lefoko “Xutu” kwa Boteti le raya mokoko.