Naledi

P30 o batlile a tsenya monna ka lebitla

 

Go ya ka mabaka a Tsheko a a rotsweng ke mosekisi Sergeant Ogone Motsholathebe, Shanganani o ne a tlhoka kutlwisano le moswi ka sekoloto sa masome a mararo a dipula (P30) ka kgwedi ya Hirikgong ele masome a mararo le bongwe monongwaga. Motsholathebe a re Shanganani, o dirile molato gape a sena dipampiri tsa ka fa molaong tsa boagedi jwa Botswana.

Bosekisi botla bitsa basupi bale supa go akarediwa le mongongoregi fa mosekisiwa ene a sena mmueledi. Ya re afa bosupa jwa gagwe, Mongongoregi Elliot Lefatshe, a re mo bosigong jwa tiragalo eo, o ne a ile maitisong kwa bareng ya Bure mo motsaneng wa Metsiaaela mme ya re a ntse a akola maitiso a na le tsala ya nngwe ya gagwe mme Shanganani a mo garumela ka go mmotse ka sekoloto sa gagwe. Lefathse a re o ne mo fetola ka go mo solofetsa fa a tla duela ka ebile madi a le kwa lapeng.

Lefatshe a re Shanganani o ne a gana go ya lapeng mme mongongoregi a mo tlhalosetsa gore ka jalo o tla mo a naya mo go le le latelang. A re ka bofefo ja legadima mosekisiwa o ne a ja magala a bo a simolola go bua ka Setebele a re, “ruri letsatsi leno fa o sa ntuele ke tsile go go lobela dintsi”,

Lefatshe o boleletse lekgotla fa Shanganani ane a nyelela mme a tsaya fela gore o tsamaile, kgang e fedile mme ya re fa a tswa mo bareng ka nako ya lesome go ya go isa marapo go beng, a tshoganyediwa ke mosekisiwa yo o neng a shakgetse thata. A re mosekisiwa o ne a tshwere sengwe se se bogale se a belaelang gore ke thipa.

A re o lekile makgetho a le mabedi go mo tlhaba mme ga seka ga kgonega ka a ne a kgorelediwa ke go tsatsanka sekipara se a neng a se apere, mme laboraro a bona photlha mme a mo tlhaba mo mpeng.

A re o ne a tlhaba mokgosi mme kgabagare batho ba mo thusa ka go mo isiwa kokelong. Sekipara sa mongongoregi se se tantilweng, le mekwalo ya bongaka di supilwe mo lekgotleng e le bontlha bongwe jwa bosupi. Ngaka Boitumelo Metlhayotlhe le ene o ne a fa bosupi mme tsheko e e tsweletseng. Tsheko e reeditswe ke Mmakaseterata Queen Moanga wa Letlhakane.