Naledi

Ba Maun ba lela ka metsi a a leswe

Noka ya Thamalakane e santse e ela
 
Noka ya Thamalakane e santse e ela

Kgosi Judith Sedumedi o ntshitse matshwenyego a gagwe mabapi le seemo se mo phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke mopalamente wa Maun Bophirima Kgosi Tawana Moremi bosheng.

Sedumedi o boletse fa ba itshetsa ka metsi a noka ya Thamalakane a a seng phepha a ebileng a dumela ele one a tlisitseng malwetsi a letshololo le letlhatso aa tsweletseng kago gapa matshelo a batho.

A re ka nako e metsi a tswang mo dipompong, a tswa a le mantsho ebile ale diretse.

A re se se gakgamatsang le go feta ke ditlhwatlhwa tsa kgwedi le kgwedi tse di boitshegang le ntswa banni ba sa bone metsi a dithepe ka gope.

Fa a mo kgwa kgaba, mopalamente Kgosi Tawana a re le ene o itse ka seemo se  sa metsi aa diretse mme ebile a tswa mo dipompong. O tlhalositse fa lenyora le ile la tlhasela mo Maun ka dingwaga tsa 2009-2014 mme morago seemo se ritibale, fa gone go tlhalosiwa fa gona le kgokelo ya didiba le mafaratlhatlha a metsi kwa kgotleng ya Sedie.

Kgosi Tawana o tlhalositse fa lekgotla le le latedisang ditshepiso tsa ga goromente (Assurances Committee), lere mo Maun le ne le ka kgona go siela bobedi mo botlhanong fela ka letsatsi.

Tawana are jaanong ba koporase ya metsi (WUC) ba tlhalositse fa ba tshoganyeditswe ke noka ee kgadileng ka bonako ka ntlha ya mogote oo dikileng o le mo kgaolong ka jalo  ba koporase ya metsi ba ne ba tlhalosa fa ba tlaa fefosa seemo ka go gokela didiba go falotsa morafe.O tladitse gape gore fa koporase ya metsi ene e kile ya tsibogela mathata a metsi a, go kabo go sena selelo sa metsi se se gomagometsang go tsenya matshelo a batho mo diphatseng.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Tawana o tlhalositse fa a nale letshogo la gore noka ee tshelang e, e ka tshoganyetsa didiba tsa tlalelwa.

“Ke tlaa nna ka tsholofelo ya gore ka mafaratlhatlha a Borolong le Sedie re tlaa bona metsi,” a tlatsa jalo.

E re dikgang di eme jalo, le fa gole thata go bona yone thothi ya go nwa, banni ba Maun ba letetse ka tsholofelo mo nokeng ee setseng e gorogile mo Maun  gore dilelo tsa bone tsa metsi di tloga di arabiwa ba simolole go bona metsi gape.

Mogolwane wa lephata la metsi mo Maun (Regional manager), Kutlo Kgobero o tlhalositse mo potsolotsong le Naledi bosheng fa didiba e le tsa bone (water affairs) mme di dirisiwa ke lephata la koporase ya metsi mme ebile  metsi aa tshelang a, a tlaa tsaya dikgwedi di le thataro fela a bo a kgala gape.

Le ene fela jaaka mopalamente, a re o nale tsholofelo ya gore seemo sa didiba se tlaa potakelwa go fema diemo tsa go tshwana le  tsa letlhoko la metsi le le apesitseng batho kobo ka letshoba.