Kirikete e di gatisa legala
Teichler Rankoa | Wednesday June 22, 2016 15:45
Erile go tsenwa mo dikgaisanong tsa BNSC ka Matlhatso jaaka gale lekgotla la kirikete la Botswana la bo le kwadile leina la lone mo dibukeng tsa bagaisanyi, se sa supa gore ka monongwaga go sena leina la moeteledipele wa lone, Girish Ramakrishna, ga go reye gore kirikete e latlhegile ngwaga o o fetileng. Nako ya go bitsa leina la legotla le le dirileng go utlwala ngwaga e e fetileng batsena moletlo ba ba baakanya ditsebe, gore ba utlwe sentle gore tota mofenyi wa ngwaga ya 2015 ke mang.
Ba ba sa lateleng motshameko wa kirikete, ba bo ba sa emela go utlwa sepe ka yone, fela mmadi a ntsha pampitshana ya gagwe a re, ‘mofenyi ke… pele a re Botswana Cricket Association,’megolokwane le loshalaba la utlwala go tswa kwa sekhutlhwaneng se se neng se ntse bagolwane le batshameki ba kirikete. Ba ne ba dira jaana ka ba itse fa bangwe ba ne bas a solofela gore lekgotla la bone le ka gatisa a mangwe legala la Mariga a a botlhoko jo bo kana.
Totla e, mookamedi wa lekgotla la BCA Ramakrishna a re ba ikutlwa ba le motlotlo ka yone, a re e supa ka boammaaruri fa ba le mo tseleng e e siameng ya go godisa kirikete mo lefatsheng la Botswana, a tlatsa ka gore monongwaga o itumetse thata ka jaanong tlotla e fentswe ke botlhe ba ba mo motshamekong o. se eleng bosupi jwa gore mongwe le mongwe o dira sentle ebile ka natla.
O ne a tsaya sebaka se a bolelela Naledi gore kirikete e fa e leng teng ka ntlha ya go bereka ka natla ga bagolwane, bakatisi, barutabana le batshameki, ba botlhe a reng ba bereka bosigo le motshegare go tlhomamisa fa motshameko o o goroga gongwe le gongwe mo Botswana, bogolo jang mo dikoleng tse dipotlana.
Entse e le mo bosigong joo jwa Matlhatso, mosimanyana wa lebelo, Karabo Sibanda a dira fela jaaka mongwe le mongwe motsena motlelo o, a ne a solofetse jaaka a ne fetotse bosigo jo jwa gagwe, ka go gapa ditlotla di feta bongwe. O ne a itumela thata go bona a leba gae ka matshebetshebe a dipula tse 70,000 go tswa mo komponeng ya Debswana. Sibanda yo o nna fela a iketlile, o ne a bolela gore o itumetse thata go bona a fentse ditlotla tse, bogolo jang e kgolo ya motshameki yo o gaisitseng botlhe, a re ene tota o ne a sa e solofela, ka ebile fa leina la gagwe le bidiwa ene a ne a le mo seluleng ya gagwe fela a ijela dikgang le ditsala tsa gagwe. A utlwile fela leina la gagwe le bidiwa a sa itse gore le biletswa eng, a re tlotla e e tla a mo tiisa moko go tswelela a dira ka natla mo dikgaisanong tse di tlang.