Blogs

Go arabelwa molato

Fa madi a a goroga, ga tlhongwa lenaneo le ka Sekgoa le neng la bidiwa Economic Stimulus Programme. Ka Setswana ba le bitsa lenaneo la go rudisa itsholelo. Go bolelwa fa ka lenaneo le, go tlaa dirwa ditiro tse e rileng go bonwa kgetsi e le kwa tlase, tsa emisiwa.

Ga twe madi a, a tlaa abiwa ka dikgaolo tsa Botswana go dira ditiro tse di farologanyeng. Ba re, mangwe a tlaa aga matlo a badirela puso, mangwe a age dikokelo, a mangwe a age dikole; go nne go ye koo fela.

Go solofelwa gore, fa ditiro tse tsotlhe di ka dirwa, tsa wela sentle, di tlaa thusa go tlhabolola lefatshe le go tokafatsa matshelo a Batswana.

Fa ditsela di ka agiwa, mo mafelong mangwe a a ntseng a se na ditsela, mesepele e tlaa nna bofefo. E  re fa dikole di ka agiwa, bana ba tlogele go rutelwa ka fa tlase ga ditlhare.  Ba rutelwe fa go siameng ka go tlaa bo go agilwe matlo a borutelo a a botoka.

Puso e ntse e gatelela gore, lenaneo la morudisa itsholelo, ga le ke le remelele felo go le gongwe fela, le tlaa anama le lefatshe lotlhe. Ka kgomo ga e nene mme batho re atile, ga twe, lenaneo le, ga le ke le dire ditiro tsotlhe tse di ntseng di eme kana tse di tshwanetseng go dirwa. Le tlaa tlopola fela fale le fale, e seng go dira ditiro tse tsotlhe le di wetsa. 

Gape, re utlwa fa lenaneo le, le tlaa anamisiwa le lefatshe gore kgaolo nngwe le nngwe e direlwe sengwe. Fa go ka nna jalo, go tlaa bo go siame go direla batho botlhe, e seng go direla bangwe fela, ba bangwe bone ba sa direlwe sepe,  ga tloga ga tsoga dikgang tsa gore, puso e gogetse kobo ntlha e le nngwefela.

Gape morudisa itsholelo o bolelwa a tlaa tsamaya ngwaga tse tharo. Jalo he, Batswana ba rotloediwa go tsenya diatla mo ditirong tse di tlaa bulelwang, gore le bone ba kgone go ithusa kwa malwapeng a bone.

Re utlwa gore, e rile ka kgwedi ya Hirikgong ngwaga ono, mopalamente wa Nkange, a tshwara diphuthego koo, tse mo go tsone a neng a bua ka lenaneo le. Dikgang/Daily News(Labotlhano Hirikgong 08 2016) e bega ka diphuthego tse ka fa tlase ga setlhogo se se reng, ‘Go tla agiwa kokelo kwa Tutume.’  Pego e e simolola e re;

‘Mopalamante wa Nkange…..a re go solofetswe go agiwa kokelo….. ka thulaganyo ya lenaneo la go rudisa itsholelo….. go arabela selelo sa mosuke…..’

Temana e re e inotseng e, e na le lefoko ‘arabela.’ Ga twe go tlaa agiwa kokelo e na le malao a le masome a supa go arabela selelo sa mosuke kwa kokelong ya Tutume.

Go ya ka pego e, go lebega kokeko e e leng teng gompieno kwa Tutume e le nnye, mme balwetse bone ba le bantsi. Jalo he, go nna go tletse thata kgotsa go le mosuke jaaka ba bua. Go bona kokelo e nna e tletse, batho ba kopa gore ba agelwe e kgolwane gore e thuse e e leng teng morwalo.

Go lebega go ne ga tsaya lobaka mme ka lenaneo la go rudisa itsholelo, jaaka re setse re utlwile, ke gone kokelo e nngwe e tlaa agiwang. Fa go ka nna jalo, morafe o tlaa itumela, o leboge. 

Potso gompieno ke gore, fa re re ‘go arabela selelo,’ a re tlhamaletse, re dirisitse lefoko le e leng lone? A selelo se a arabelwa? Ka Setswana, selelo se a arabiwa, ga se arabelwe.

Fa re tsaya pego e ya Tutume e le sekai, re bona batho ba sale ba kopile go agelwa kokelo e kgolwane kgotsa e nngwe, mme selo se, se sa dirwe.

Mongwe o tlaa re batho ba, ba sale ba ledile mme ba sa arabiwe; ke gore go sa dirwe se ba se kopang. Mme ka ke gone go tlaa dirwang se ba se kopang, Setswana se re, selelo sa bone ke gone se tlaa arabiwang, e seng se arabelwa.

O tlaa botsa gore, go arabela gone, go arabelwa eng? Karabo ke gore, go arabelwa molato, e seng selelo.

Fa motho a dirile molato, kgotsa go belaelwa gore o dirile molato mongwe, o a tle a bidiwe go twe a ye go arabela molato oo.  Ka go arabela molato, go a bo go tewa gore, motho a ye go tlhalosa gore, a o dirile molato oo kgotsa nnyaa.

Fa a o dirile, o o dirile ka mabaka afe; fa a sa o dira, le gone a ntshe mabaka gore ke eng a o itatola; Ka go dira jaana, go twe motho o arabela molato.  A re farologanye, re itse gore, go arabelwa molato, e seng selelo. Selelo sone se a arajwa/arabiwa.

motshwanes@yahoo.com