Blogs

Moroko one ke wa eng?

Di a tswa, di iname, di tlhole gone fela foo. Gompieno re tlaa di etsa, re kgaole mosepele re re, maloba re utlwile fa kwa Hatsalatladi go tshwerwe, go totobelwa pele ka fa ntlheng ya ditlhabololo tsa motse.

Polelo ele e ne ya supa gore, e rile ngwaga ono Hatsalatladi a gokelelwa dipone tsa mekgwatlha ka madi a ditlhabololo tsa dikgaolo. Go sale foo, ga twe komiti ya ditlhabolo le yone e a leka ka e dira ditena e di rekise go bona madi.

Godimo ga moo, e na le tshilo e e e hirisiteng mme le yone e bolelwa e tsweletse sentle. Re dige ditlhako re re, re setse re utlwile gore polelo ele ya dipone tsa motlakase le ditiro tse dingwe tsa dithabololo tsa motse wa Hatsalatladi re e newa ke Dikgang (Daily News) Tlhakole 28 2019.

Fa e bua ka tshilo, temana nngwe ya polelo ele  ya re;

‘O ne a supa fa tshilo eo e tsweletse ebile banni ba reka boupi jwa bogobe mo go yone.’

Ela tlhoko mme o tlaa lemoga gore, mo temaneng e re e nopotseng e, lefoko ‘ebile’ ga le a kwalwa sentle. Re setse re kile ra bua gantsi ka lefoko le, re supa gore, go le kwala jaaka re bona le kwadilwe jaana ke phoso.

Re nne re re, go kwala sentle, ke gore lefoko le, le kgaoganngwe e nne ‘e bile.’ Re nne re gatelele gore, a re ne re ela tlhoko gore re kwala jang e se re re tshwanetse gore re re ‘é bile, e rile,’ re bo re re ‘ebile, erile.’ Jalo, re tlaa bo re latlhega.

Leo lefoko, re ne re feta fela ka lone, ga se lone kgang ya rona ya gompieno. O botse gore se e leng yone kgang ke eng? Karabo e re, se e leng sone kgang tsatsi leno, bangwe ba re tsatsi jeno, ke lefoko ‘boupi jwa bogobe.’

Mo temaneng e re e nopotseng ele, ga twe banni, re re batho, ba Hatsalatladi ba reka boupi jwa bogobe kwa tshilong ele, e e kaiwang e le ya komiti ya ditlhabololo tsa motse. Re botse gore, a mme go tlhamaletse gore go twe boupi jo, ke jwa bogobe? Re re, nnyaa, boupi joo ga bo bidiwe jwa bogobe.

Re fetele pele re re, ba a tle ba re puo, teme, fela jaaka dilo tse dingwe tsa botshelo, ga e eme golo go le gongwe; e a fetoga. Ba re, e re e fetoga jalo, e bapale mafoko mangwe mo ditemeng, dipuong, tse dingwe.

E re nako e ntse e tsamaya, mafoko ao, a nne bontlha bongwe jwa yone teme eo. Go sale foo, mafoko mangwe a teme eo, a fetoge, a dirisiwe, a bidiwe,  ka go sele, e seng jaaka a tlholegile a dirisiwa.

Fa, re se ke re tsamaele gope kgakala, re tseye lefoko ‘baakanya’ e le sekai sa go fetoga moo. Re re, malatsi ale, e ne e a re fa selo se sa siama, kana, se sa dirwa sentle, mme se dirwa gape gore se siame, re re, re a baakanya.

Malatsi ano, ba le bantsi ga ba sa tlhole ba re ba a baakanya, ba re ba a bankanya. Bangwe re hakgamale gore lefoko le, le tswa kae, le simologile jang. Ba nne ba re ke puo e a fetoga.

Jaanong fa re wela mo go e e leng yone kgang ya rona ya gompieno, re re, lefoko ke leo ga twe, ‘boupi jwa bogobe.’ Re botse gore, a gone mme go ntse jalo, a boupi jo bo bidiwa jwa bogobe?

Re re, nnyaa, leo ga se leina la boupi jo la tlholego. Re re, re dumela gore boupi jo, bo bidiwa jalo, go setswe morago leina lele, le le reng boupi jwa borotho.

Re nne re re, le fa go ntse jalo, fa re a latlhega ka gore, lefoko ‘boupi jwa borotho,’ le ne le ranola la Sekgowa le le reng ‘bread flour.’ Jaanong ka ‘boupi jwa bogobe’re ranola sefe Sekgowa? Re re, ga se yo, jalo he, ga re dumalane le gore go twe boupi jwa bogobe. Mme ka teme e a fetoga, re ineele re re, ke leo le gorogile, ga go na jaaka re ka le busetsa morago.

O botse gore ke eng re sa dumele gore go twe boupi jwa bogobe? Re itse gore pele ga a nna boupi, mabele a a setlwa. E re a setlwa la ntlha, bangwe ba re a a tlhobolwa.

A se na go tlhobolwa jalo, go feferwe mme go tswe moroko. Ditlhaka tse ditshweu tsele, tse go neng go tswa moroko mo go tsone, di bidiwe mosarwa. Mosarwa o, o setlwe, o tloge o selelwe mme mo go one go tswe boupi.

Boupi jo go twe ke boupi jwa mabele. E re bo apeilwe, go twe go apeilwe bogobe jwa mabele, e le go bo farologanya le mehuta e mengwe ya bogobe jaaka bogobe jwa lebelebele.

Ka tlhomamo, ga e re boupi jo, e sa ntse e le boupi fela, bo ise bo apewe, go twe ke bogobe. E nna bogobe fa bo setse bo apewa; go twe, go apewa, go apeilwe, bogobe.

Kgang ya rona e wele e re, re itse gore go na le moroko wa mabele, le boupi jwa mabele. Gompieno boupi ke joo, bo bidiwa boupi ja bogobe.

Re re, ka moroko le one o a tle o apewe fela jaaka bogobe, mme o nne o bidiwe moroko wa mabele, one o tlaa bidiwa eng? A le one e tlaa nna moroko wa bogobe, e seng wa mabele, jaaka sele e ne le boupi jwa mabele mme jaanong e le jwa bogobe? A re utlwe ka koo.