Blogs

Mafoko ao, ga se reka

Meletlo e, e tshwarwa ka kgwedi ya Lwetse e le masome mararo le Phalane a tlhola letsatsi.

Mongwe a bo a ka botsa gore, e le eng go tlhophilwe malatsi a mabedi a go nna one a go ipelela boipuso jwa rona. Batswana ba re, letsatsi la Lwetse a le masome mararo, ngwaga e le ole wa 1966, ke lone le ka lone Mmamosadinyana a neng a thantsha ‘huto (lehuto) la thari a re, ‘(Botswana tataisa o lekele pele re bone gore o tlaa tlhaelela fa kae; ngwana wa mmelegelwa ruri ga tsamaye.’

Ba re, la Phalane lone ke la mooketsa fela gore ba se pitlaganyediwe ke nako ba ipele ba iketlile mme morago ga malatsi ao, ba boele ditirong tsa bone ba itumetse, ba le matlhagatlhaga, ba bo jele boipuso.

Bangwe, go bolelwe mafoko a a botlhoko go twe, ka go tlhoka lesego, e rile boemong jwa go bo ja, Boipuso jwa a ja bone. Jaanong fa re tlhamalatsa mafoko, letsatsi lele la Lwetse a le masome mararo, ke lone le ka lone Botswana a neng a newa boipuso ke puso ya makgowa (British Government).

Gone foo, leina le re neng re ntse re le itse, re bidiwa ka lone, la Bechuanaland Protectorate, la tlogelwa, ra bidiwa Republic of Botswana. Bosigo joo, jwa tsatsi leo, ya lela megolokwane. A go ne go ka hakgamatsa? Nnyaa, ga go ope ngwana e reng a tsholwa go se ke go itumelwe.

Go tswa ka lone letsatsi lele, go fitlha gompieno, ga ipelwa ngwaga le ngwaga. Jwa tlotlwa thata laboipuso jwa Botswana. Bana ba tsholwa, maina ya  nna Boipuso, a mangwe, Mma Botswana. A totoba Botswana a ba a fitlha golo gongwe, ya nna ya nna boitumelo.

E re boipuso jo bo jewa, jaaka Batswana ba tlwaetse go bua, metse ka go farologana e itirele meletlo ya go ipela moo. Fela jalo, batho le bone ka bobosi, bonosi) koo, ba itirele ya bone meletlo; go nne monate. Fa re boela fa morago fale, re bona ngogola boipuso bo ne jwa jewa  go le Mosupologo (Mmantaga) le labobedi ka one malatsi a, a jone.

Polelo nngwe ke ele, e supa gore, kwa Mmutlane, mo kgaolong ya Legare, ga lalediwa Mothusa Tautona wa pele, Dr Kedikilwe, go ya go ipela le Batalaote koo. Ra re Batalaote ka morafe oo, wa Mmutlane, o kaiwa jalo, gatwe ke Batalaote. Re utlwa gore, a ya koo Dr Kedikilwe, mme jaaka mogolo, a se ka a tla a iphotlhere.

A rialo Motswana a re, ‘Moeng goroga dijo di bonale.’ Ke gore o le moeng, se itlele fela, tla o re tsholetse mhago. Re utlwa gore, jaaka go ne go solofetswe, a tla a tshotse mafoko mangwe Dr Kedikilwe go etleetsa moletlo ka one. Mme one mafoko ao, ya nna afe?

A re tlhamalale re re, polelo ele ya moletlo wa boipuso jwa ngogola kwa Mmutlane, re e tlelwa ke Dikgang (Daily News) Phalane 03 2018.

Fa e bua ka fa Dr Kedikilwe a neng a kgothatsa morafe wa Mmutlane ka teng go ema ka dinao o supa mowa wa boipuso, golo gongwe fa tlase fale, polelo ya re;

‘Re le morafe wa Mmutlane re ipotse gore reka dira jang go sola molemo ditsamaiso tsa dikoporase…..’

Re re tlhoma temana e re e nopotseng e matlho mme re utlwe gore o bona phoso efe mo go yone, le gore, seo, ke eng e le phoso. Re re, ga re itse gore o tlaa re o bonye eng mme rona re bonye lefoko ‘reka.’ O botse gore, phoso ke eng ka lefoko le.

Re re, phoso ke yone e re tle re nne re bue ka yone, ya go pataganya mafoko a sa tshwanela go patagana, go tshwaragana, mme a felele a dira lefoko le sele, e seng le le neng le batlwa.

Go tlhalosa karabo ya rona a re re, Pebana o a tsena, o botsa gore Moribego o kae. Karabo ya re Moribego o ile Dimonate Café. Pebana o a ipoeletsa o botsa gore kwa Dimonate Moribego o ile go dira eng. Karabo e nna gore Moribego o ile go reka. Kgang e felele fa.

Jaanong potso e nne gore ka fa godimo fale ga go buiwe ka go reka, lefoko le e leng lone, e tshwanetse go nna lefe? Go ya ka polelo mafoko magolo a ga Dr Kedikilwe e ne e le gore morafe wa Mmutlane, le Batswana botlhe, ba tlhagafalele go supa mowa wa boipuso ka ditiro.

Godimo ga seo, a kgothatsa ba Mmutlane go batla metswedi ya go dira madi; tsela nngwe ya go dira jalo, e le ka dikoporase tsa baji_bareki. Mme fa a bua, Dr Kedikilwe a lebaganya mafoko le botlhe ba ba neng ba le foo, a se ka a intsha mo go bone a re,’ ….. lo ka…..’ Ka le ene o ne a le foo, a itsenya mo gare ga bone a re, ‘Re le morafe…..re ipotse gore re ka dira jang go sola molemo…..’

Re dumela gore jaanong o bona, kgotsa, o tlaa bona pharologanyo fa gare ga lefoko ‘reka’ le polelo e le dirisitseng, mme jaaka re setse re kaile, e sa le dirisa sentle, le ‘ re ka’ mafoko a tota polelo ele, e neng e tshwanetse go a dirisa.

Re nne re wele re re, go tila phoso e, ka ke eo e diragala gantsi thata, a e ne e re re bala Setswana, re ela tlhoko gore mafoko a go nna jaana a kalwa jang, gore e re le rona re kwala re kwale sentle, re kwale Setswana se e leng sone.