Blogs

Go kgaolwa la ntlha fela

E re Motswana a tlhalosa seane se, a re se raya gore, ditsela tsa go batla khumo, go dira khumo di dintsi, fela ba le bantsi ga ba tseye matsapa ape go leka go di dirisa, kgotsa, go di batla.

Mme fa go buiwa jalo, go bo sa buiwe ka khumo fela. Go a bo go buiwa gape le ka botshelo e seng gore, rotlhe re tshwanetse go lwela go batla khumo. Go a bo go buiwa le ka botshelo gore, go na le ditsela tse dintsi tsa go leka go dira botshelo kana go itshetsa. Go nne jalo, bangwe ba se ke ba leke sepe mme botshelo bo nne thata.

Ba bangwe ba eme ba late metlhala eo, ba felele ba bonye motlhala mongwe mme ba o sale morago. Ba o setse morago jalo, o ba fitlhise golo gongwe. Go nne jang? Go nne monate, go netefatse seane sele. 

Gompieno re utlw fa batho bangwe ba go nna jalo e le Rre Moagisi Gokatweng le Mme Merapelo Gokatweng. Bobedi jo, bo bolelwa e le banyalani mme ba nna kwa Gabane. Bone ba lata ofe motlhala wa khumo? Go ya kapolelo e re e bonyeng ele, Rre le Mme Gokatweng ba itshetsa ka go dira tee ya mosukujane e le kgwebo. Ga twe tee, ba e bitsa Mosukujane Ice Tea.

Gongwe o bo o ka botsa gore, one mosukujane ke eng?  Mosukujane ke sengwe sa ditlhatshana tsa naga tse re nang natso mono Botswana. Le gale ga se felele fela mono Botswana.

Mosukujane o kaiwa o aname le lefatshe lotlhe la Aferika. Go ya ka polelo ele, setlhatshana se, se bonwa mo dikgaolong tsa legare le borwa jwa Aferika. Fa ba tlhamalala ba re, se fitlhelwa mo Zimbabwe, Botswana le Afrika Borwa.

Mono gae, re setse re itse mosukujane le gore, fa motho a feletswe ke matlhare a tee, o ka o dirisa, a dira tee ka one. Tshela tee eo masi a dipodi, o tlaa tsamaya o bolela monate way one o sa kgale mathe ganong.  Godimo ga moo, mosukujane o ka dirisiwa go natefisa tee, wa e dira tatso e e monate le lonko lo lo monate.

Mme go bonala o sa dire tee fela. Polelo ele e supa gore mosukujane gape ke molemo wa makoa mangwe. Mangwe a makoa a, a bolelwa e le kgotlholo (e seng kgotholo) letshololo, go huhula, le ditlhabi tsa mafatlha. Re tlaa re tse ke tsone ditsela tsa go dirisa mosukujane tse bontsi bo di itseng fa kwa Goora Gokatweng gone mosukujane o bolelwa o diriiwa ka tsela nngwe e e faphegileng.

E le efe eo? Jaaka re setse re utlwile, koo, setlhatshana se, se dirisiwa gi dira Mosukujane Ice Tea. Mogopolo wa go dira tee e, o dule kae? Re utlwa fa Rre Gokatweng e le motho yo o ratang dijo tsa Setswana thata mme  e bile a eletsa gore Batswana ba bangwe le bone ba tshwane nae.

Ga twe, ka one mowa o, wa go rata dijo tsa Setswana, ka ngwaga wa 2017 a simolola kgwebo, a e bitsa Native Foods, e dira kgodu ya lerotse. Re utlwa go twe e a re ba di boka ba re, ‘Go laela, ke laela gale, go rwala ditlhako ke bolotse.’ Go a bonala ga nna jalo ka Native Foods. Ya bo e le fa se goketswe setlhako, mosepele o bolotse.

Go a bonala ga nna jalo ka Native Foods. Go ya ka polelo ele, morago ga kgodu ya lerotse, ga tla Mosukujane Ice Tea e le seno tsididi.

Le fa go ntse jalo, Motswana o a tle a re, ga go tsela e se nang mosetlho a raya gore, ga go tiro epe e se keng e tlhoka dikgoreletsi, kana, jaaka ba bua malatsi ano, dikgwetlho.

Go bonala go ntse jalo le ka Mosukujane Ice Tea. E re le fa gone kgwebo e tsweletse sentle, go bolelwa go na le dilo dingwe tse di e etileng, tse di e emeng pele mme di dira gore e se ka ya tswelela sentle jaaka beng ba eletsa.

Sengwe sa dilo tse di emeng kgwebo e pele, se bolelwa e le sepalamo sa go isa senotsididi kwa marekisetsong. Se sengwe se kaiwa e le lefelo le le atlhameng la go direla bontlha bongwe jwa kgwebo e.

Re ne ra okomela Dikgang (Daily News) Sedimonthole 2017  mme ra fitlhela polelo e ya Mosukujane Ice Tea mo go yone. Fa tlase fale, fa e bua ka lefelo la go direla bontlha bongwe jwa kgwebo e, polelo ya re;

‘…..lefelo le le atologileng la go dira tiro ya tsatsi le le tsatsi…..’

Jaaka gale, re tlaa re, ke eo kgang. Re re, mo temaneng e re e nopotseng o bona eng? A o bona golo gongwe go na le phoso kgotsa,o bona gotlhe go siame fela? Re nne re re, ga re itse gore o tlaa araba jang mme rona re bonye phoso ke eo.

O botse gore phoso ke eng? Karabo e re, phoso ke lefoko ‘tsatsi’ wa bobedi. Gongwe o botse gore, ke eng seo,  e le phoso? Re re, ke phoso ka gore ‘tsatsi’ yoo, o ka bo a se nosi jaaka re bona go kwadilwe.

Lefoko le, le ka bo le sa tlogela ‘le’ yo mongwe yole kwa morago. Le ka bo le pataganye le ene mme la felela e le ‘letsatsi.’ Fa go ne go kwadilwe jalo, go ne go tlaa bo go siame mme go balege gore, ‘……tiro ya tsatsi le letsatsi…..’ Go ntse jalo, polelo e wele monate.