Blogs

Re amogela ka tsoo pedi

Go bolelwa fa molelo o, o ntse o tsweletse o etela metse ka go farologana. E a re gompieno o utlwalelwe fa, ka moso o utlwalelwe kwa, ka le lengwe letsatsi o utlwalelwe golo gongwe gape. Go utlwala gore, e rile bosheng, wa ralala metse ya kgaolo ya Shoshong, e mengwe ya yone e leng Otse, Kalamare, Mmutlane le Bonwapitse, mme  wa gorosiwa ke mopalamente wa nako eno wa kgaolo eo.

Ga twe e rile a o amogela, mopalamente a bolela fa molelo o supa gore, Botswanao tswa kae, o ya kae. Re tsaya gore, ka mafoko a, mopalamente o ne a raya gore, go tswa nako e go neng go tsewa boipuso, go tsena gompieno, go na le dingwe tse Botswana a di dirileng a di kgona, mme gape, go sa ntse go na le tse dingwe tse di ka dirwang go fetela pele.  A kopa morafe wa kgaolo gore ba itebe, ba ipotse gore, ke eng se bone ba ka se dirang go isa Botswana pele.  Pego e bolela fa kwa Shoshong molelo o ne wa amogelwa ke kgosi ya motse Kgosi Kgamane. Ka mogolo ga a ke a tlhoka gore e re a na le morafe a bue sengwe, a tla ka la gagwe kgosi. Ga twe o ne a re, go tswa kgakala lefatshe leno le gogwa ke dikgosi tse di neng di tlhokomela morafe di bile di tsisa kagiso. A tswelela a re, o itumelela gore, puso ya gompieno e ntse e tshegeditse ngwao ya bogosi.

Go kaiwa fa molelo o ne wa nna wa feta wa ya le metse ya kgaolo mme gongwe le gongwe wa amogelwa ka boitumelo jo bogolo. Ga twe godimo ga moo, motse mongwe le mongwe o molelo o neng o feta ka one, o ne wa nna le moemedi wa banana go tlhalosa gore, bone e le banana, ba direla motse wa bone eng, le gore, ba akofa afe mananeo a puso.

Ga go tlhalosege ka fa ba neng ba araba ka teng gore ba direla metse ya bone eng. Mongwe o bolelwa a ne a re molelo o supa kgolagano le therisanyo. Wa motse o mongwe ene a re, molelo o supa ditlhabololo tse di dirilweng mo motseng wa bone le mo Botswana jotlhe. Tse di nnete mme fela ga di bolele se go tweng banana ba ne ba tlhophetswe go se dira, e leng gore, bone ba direla metse ya bone eng. A ga go ka boelwe kwa go bone ba bodiwa gape? Mme fela, ga itumelelwa molelo wa kgolagano le tsotlhe tse Botswana a di dirileng go fitlhelela nako eno. Fa e bega ka fa molelo o neng wa amogelwa ka teng, Dikgang/Daily News(Mosupologo Seetebosigo 06 2016) ya re;

‘Mo leetong le, motse mongwe le mongwe, o ne wa amogela molelo ka mabogo a mabedi…..’

Mafoko a re a nopotseng a, a utlwala gore a reng. Mme go ntse go ntse jalo, Motswana o ka gana lefoko ‘mabogo’ a re,  ga re amogele ka mabogo. E le eng lefoko le, le ka ganwa? Fa re fiwa, re tsaya ka mabogo otlhe mme go twe, re a atlarela.  E le sekai, Naledi o fa Bone moretlwa. Fa a tsaya, Bone o isa lebogo le le lengwefela. Ka Bone o tsaya ka lengwefela, Naledi o mo raya a re, a atlarele. Bone ga a itse gore fa go twe a atlerele, go tewa eng. Go bona Bone a hakgametse, Naledi o mo tlhalosetsa gore a tseye ka mabogo otlhe. Bone o a tlhaloganya, o isa mabogo otlhe. E re a dira jaana, Motswana a re, o a atlarela; o tsaya ka mabedi. Se re se buang fa ke gore, go atlarela le go tsaya ka mabedi, ke selo se le sengwefela. Re go dira fa re fiwa kgotsa re nnelwa sengwe. Go ntse go ntse jalo, re ka dirisa lefoko ‘mabedi,’ go leboga. Boemong jwa ‘Ke a leboga, ke itumetse, kgotsa tanki,’ jaaka re tlwaetse go bua, Motswana o a re, ‘mabedi.’

A jaanong re re, Mmualebe o etetse Naledi. Ka Setswana, moeng o a tsholwa; o fiwa dijo, a tseisiwe dikgang, a direlwe tsotlhe tse di ka mo itumedisang. Naledi o direla Mmualebe jalo. O mo fa dijo, o tlhola nae foo ba tsere dikgang tse di monate. Morago ba a kgaogana Mmualebe o boela gae. Kwa a yang teng, e tlaa re a bua ka fa Naledi a neng a mo tshwere ka teng, Mmualebe a re, Naledi o mo amogetse ka tsoo pedi, e seng ka mabogo a mabedi, a raya gore o amogetswe/ tserwe sentle.

Kgang jaanong ya reng? Kgang ya rona ya re, re atlarela, re tseye ka mabedi,  fa re fiwa kana re newa sengwe.  Fa re amogela moeng kgotsa sengwe re se itumeletse thata, jaaka molelo wa kgolagano, re amogela ka tsoo pedi; diatla tse pedi. motshwanes@yahoo.com