Matlhotlhapelo a go kgweetsa botlhaswa
Teichler Rankoa | Wednesday June 15, 2016 16:45
Pele ga lefatshe la Botswana le simolola go nna le mefuta e mentsi ya dikoloi, ebile tse di lebelo la setsokotsane, dikotsi tsa tsela di ne di se dintsi go le kalo, mme ebile dikotsi tse di neng di diragala e ne e se tse di masisi go le kalo, kgotsa le fa e le gone go gapa matshelo tota. Mabaka e e ne e le gore dikoloi tse di neng di amega mo dikotsing di ne di sa taboga mabelo ape a a garolang pelo, le fa e ne e le base e tletse batho, e ne e kgona go wa fela ntle le go gobatsa bapalami go le kalo.
Fa dingwaga di ntse di fetoga, ga goroga dikoloi ka go farologana ga mefuta ya tsone, bontsi e le tse di bokiwang ka mabelo a tsone, fela jalo le dibase ga goroga tse di mabelo, tse di dinaka, fa dingwe e le tsa matlhatlhaganyane. Lebelo la dibase tse, la utlwala le bokiwa thata ke Batswana, bogolo jang ba ba dikgweetsang, ba bolela gore fa di setse di palama ditsela tse ditona tsa boA1, ga gona koloi epe e e sa tsogang sentle e e ka di emang pele.
Mabelo a a dikoloi le dibase tse di manobonobo a tlhaka na thata le bakgweetsi bangwe ba ba senang maikarabelo mo tseleng, bontsi ebile e le batswakwa ba ba itirelang go kgona le go rata mo ditseleng tse di tona tsa lefatshe la Botswana.Bogolo jang ba megobagoba le dibase go neng ga utlwisa botlhoko go bona ba tsweletse ka go lalaanya leruo la Batswana ba ba masimo le meraka e gaufi le ditsela, ba dira se ntle le go rekegela le one matshelo a batho ba ba kgabagang ditsela ka maoto.
Tse ditiragalo tsa mahutsana le masisapelo, tsa nna tsa ntsifala jaaka Batswana bangwe le bone ba ne ba tsenwa ke mokgwa o wa go sa tlotlaneng mo tseleng, go akaretsa le gone go sa tlotleng matshwao a tsela, bogolo jang mo tseleng e tona ya A1. Tsela e e ne ya simolola tshosa Batswana ka e ne ya itsege ka dikotsi go tloga fela kwa bokone go tsena kwa borwa jwa lefatshe la Botswana, bogolo jang mo makopanong a ditsela jaaka kwa Serule, Bokaa, Mmamashia le Glen Valley.
Bakgweetsi ba ne ba palelwa ke go neelana sebaka sa gore yo mongwe a fete pele, dikoloi tsa nna tsa thulana, tsa sala di sa lebege, diterekere tsa kgaogana ka bogare, batho ba golafala thata, fa bangwe ba latlhegelwa ke matshelo.
Mme ga e le ngwaga ene gone ke se se ngomolang pelo ka jaanong tsela e ya A1 e ka re e a poka jaanong, bogolo jang kwa Kgatleng, beke nngwe le nngwe go nnang le kotsi fela e e tlogelang matshelo a le mantsi a latlhegile, fa dikoloi tsone di sala okare di ne di silwa ka metshine e metona e e papetlang ditshipi.
Dikoloi tse dipotlana di amega thata mo dikotsing tsa tsela e, di tsena ka fa tlase ga megobagoba le dibase tse di mabelo a a tseisang manya, matshelo a a latlhega, go tloga fela kwa Dibete, Artisia, Mosupabatho, Rasesa le Pilane. Mo go tsone dikotsi tse tsa A1 kwa Kgatleng, ga go tlhokafale motho a le mongwe, go nna mahutsana ka go kgona go tlhokafala batho ba tshwara bone, botlhano le borataro, se jaanong se setseng se boifisa ba sepodise kwa Mochudi.
Ramapodise wa Mochudi, Simon Sitale a re ga a itumedisiwe ke go bona dikotsi tse di kana tse, a re mathata ke gore bontsi jwa bakgweetsi ga ba obamele matshwao a tsela, mme ba kgweetsa fela ba tshaba mapodise, ka gore e a re ba sena go hapaaana le mapodise, kgotsa go a feta, ba simolole go kgweetsa ka lebelo le le sa letlelesegeng le le kwa godimo thata.
Sitale o ngomgorega ka gore dikotsi tsa bosheng mo tseleng e ya AI mo Kgatleng di utlwisa botlhoko thata, a re kana go latlhegile matshelo a batho a le matsi thata, a a fa sekai sa matshelo a le 11, a a latlhegileng fela mo sebakeng sa dibeke tse pedi. A ntlha a le matlhano kwa Rasesa ka letsatsi le Matsieng Airshow, fa a le marataro a latlhegile kwa Mosupabatho mo sebakeng fela sa dibeke tse pedi, a re ga go a tshwanela gore go nne jaana gotlhelele.