Blogs

A re farologanye mafoko ao

Re ne ra re, mosukujane ke sengwe sa ditlhatshana tsa naga tse re nang le tsone mono Botswana. Go feta foo, ra re polelo ele, e bolela fa setlhatshana se se aname le dikgaolo tsa legare le borwa jwa Aferika. Godimo ga moo, polelo ya inola mafatshe mangwe ka maina, e leng Zimbabwe, Botswana le Afrika Borwa, ya re ke one a mosukujane o bonwang mo go one. A e le one fela, kgotsa go na le a mangwe gape, ga re itse ka foo polelo ga e tlhalose.

Kgang ya tswelela ra re, re itse fa mosukujane o dirisiwa go natefisa tee, go e fa tatso e e monate le go e nkgisa monate. Gape ra re, e a re ba feletswe ke matlhare a tee, ba dire tee ya mosukujane. Tee e, e dirwa fela jaaka go dirwa tee mong wa leina. Go bedisiwe metsi, go tsenngwe matlhare a mosukujane kana one mosukujane moo. Jaaka gale, tshela masi mme o nwe tee e e monate thata. Rona re itse fela go le kalo. Mme ka ga di sise ka go tshwana, polelo ele ya supa fa mosukujane gape e le molemo wa malwetse mangwe. Malwetse a, a bolelwa e le kgotlholo, letshoroma, go huhula, le malwetse a mafatlha.

Go ya ka yone polelo ele, ra bona fa ditiro tsa mosukujane e se tse di fa godimo tse fela. Re ne ra utlwa go twe, kwa Goora Gokatweng, kwa Gabane, mosukujane ke kgwebo. Go ne go twe, koo, ka one mosukujne, go dirwa tee e bediwa Mosukujane Ice Tea tee e, e le seno tsididi e bile e le bontlha bongwe jwa kgwebo ya Native Foods. Potso e bo e ka nna gore, mme yone tee e, e dirwa jang? Go dira tee e, go lebega go sa farologane thata le go dira tee ya gale le gale, e re e itseng. Ga twe la ntlha go bedisiwa metsi; go ya ka polelo metsi a, e le a a tlhotlhilweng. A se na go tlhotlhwa jalo, a bowe a bedisiwe gape mme go tloge go tsenngwe matlhare a mosukujane mo go one. Go e natefisa, a tsenngwe metswako mengwe. Re dumela gore, mo go a bo go direlwa gore Mosukujane Ice Tea e tle e nne le mehuta e e farologanyeng jaaka re utlwa gore, gompieno go na le pineapple le apple mme fa go ntse go tsweletse go tlaa nna le mehuta e mengwe.

Potso nngwe gape e ka nna gore kgwebo e ya Mosukujane Ice Tea, e tsweletse jang. Gone nako ele, re ne ra utlwa gore, fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe, (e seng ngwe le ngwe jaaka bangwe ba kwala) kgwebo e le yone e na le dilo dingwe tse di e emeng pele, di e kgoreleta go tsamaya sentle. Dilo tse di bolelwa e le go tura ga motlakase, go tlhoka lefelo le le bulegileng, atologileng, la go direla bontlha bongwe jwa tiro ya kgwebo, le sepalamo sa go isa seno tsididi kwa marekisetsong. Gongwe o botse gape gore, mme sone seno tsididi se, se felele kae? Go kaiwa fa seno tsididi se, se rekisiwa mo marekisetsong a Choppies a a mo borwa jwa Dibete. Re tseye gore, ka kgwebo e mo Gabane, go rekisa mo borwa jwa Dibete ke go kgaola mosepele wa go tsamaela kgakala ka nngwe ya dikgwetlho tsa kgwebo e le sepalamo sa go rwalela kwa marekisetsong.

Re setse re boletse fa polelo e ya Mosukujane Ice Tea re e tletswe ke Dikgang (Daily News). Fela monwana wa relela, phoso ya direga. E rile boemong jwa gore re re, Sedimothole 7 2018 ra re, Sedimonthole 2017. Re khutse ka lengole re re, a e ne modiga.

Fa e bua ka mehuta ya Mosukujane Ice Tea, polelo ele ya re;

‘O ne a kaya fa …..ba na le mehuta e le mebedi mme ….. go tla nna le e mengwe…..’

Kgang ya rona gompieno ke gore a lefoko ‘tla’ fa godimo fa, le dirisitswe sentle? E re o re le dirisitswe sentle, re re, nnyaa, ga go a nna jalo. O re, ke eng go sa nna jalo? Re re, botsa Thanodi mme e tla go raya e re ‘tla’ o raya atamela. Go ntse jalo. Fa ke re ‘Tla kwano’ ke raya gore, atamela kwa, fa, go nna. O botse gore, ka ‘tla’ ga a tshwanela go dirisiwa foo, lefoko le e leng lone ke lefe? Re re, lefoko leo, ke ‘tlaa.’  Dipotso di nne di tswelele; o re, ke eng fa ‘tlaa’ a siame, mme ‘tla’ ene a sa siama? Karabo e re, ‘tlaa’ o kaya lobaka lo lo (lebaka le le) tlang fela jaaka re utlwa polelo e re, fa nako e ntse e tsamaya, go tlaa nna le mehuta e mengwe ya Mosukujane Ice Tea. Fa ba bua Sekgowa ba re, ‘ I will come tomorrow,’ rona ka Setswana ra re, ‘ Ke tlaa tla ka moso.’ Fa, re utlwa sentle gore mafoko a, ‘tlaa’ le ‘tla’  ga a tshwane. Jalo he, polelo e tshwanetse gore e re ‘tlaa’ e seng ‘tla.’ A le rona re a farologanye.