Naledi

Ditshupo tsa Ghanzi di tlhabolotswe Tshweneyagae

Komiti e rulaganyetsang ditshupo tsa Ghanzi
 
Komiti e rulaganyetsang ditshupo tsa Ghanzi

Ditshupo tsa monongwaga ditla tshegediwa ka Phukwi ale borataro go fitlha a le lesome, kwa mabaleng a ditshupo a Ghanzi. 

Mo potsolotsong le Naledi ka Mosupologo, monnasetilo wa komiti e e baakanyetsang ditshupo tse, Thuto Tshweneyagae o tshepisitse fa komiti ya gagwe e dira ka tsotlhe go netefatsa fa ditshupo tsa mono ngwaga di tla tlogela a le bantsi ka boitumelo jo bogolo.

Tshweneyagae are monongwaga ba tokafaditse thulaganyo ya mabelo a dipitse go balelwa le itshireletso ya bapalami ba tsone. A re lobala lwa mabelo a dipitse lo atolositswe go fa rulaganyetsa babogedi ba mabelo go bona dipitse di sale kgakala, gona le jaaka pele fa bane ba di bona di setse di goroga kwa bokhutlong. O boletse fa lobala lwa ditshupo le gopilwe mme le le mo selebegong se se siametseng ipapatso ya bagwebi le metlaagana ya disupiwa di akaretsa leruo le temo.

E rile a itebaganya le tlhabololo e e dirilweng ka mabelo a dipitse, Tshweneyagae a re monongwaga ga gona go letlelelwa pitse nngwe le nngwe go tsaya karolo go tla dirwa thulaganyo ya go di sekaseka, a re dingwe ditla di sa itekanela fa dingwe di se mo seemong sa go taboga mabelo a go nang le batho ba ba ntsi teng. Tshweneyagae a re baagisanyi ba lefatshe a Namibia ba setse ba tlhaloseditswe ka seemo sa dipitse tse di tla letlelweng. Le fa go ntse jalo, Tshweneyagae a re go batlile go nna le ketsaetsego ka jaana bangwe ba bapagami ba dipitse ba mono gae ba ne ba re ba batla mabelo e nna la beng gae fela.

“Re ne ra ba kopa gore re tswelele jaaka gale gore re laletse baagisanyi mme ba dumela ka bongwe fela ja pelo, ka neelano” Tshweneyagae a rialo. O boletse gore mo nakong eno go setse go rekisiwa metlaagana ya go rekisa dijo, bojalwa jwa sekgoa le Chibuku ga mmogo le tse dingwe fela jalo.

Go ya ka Tshweneyagae, maitiso a tla akaretsa mmino wa Jazz ka setlhopha se setswang Gaborone, se a lobileng leina la sone, le tse dingwe fela jalo.

O tsweletse ka gore le kgwele ya dinao ba setse ba weditse dipuisanyo le setlhopha sa Sankoyo Bush Bucks go tswa Maun. 

A re setlhopha se setla thulana le sa Ghanzi Select, mme a re go tla thunya ditlhase ka nako ya motshameko ka jaana setlhopha sa Ghanzi Select se na le batshameki ba tlhotlhwa.

Mo go tse dingwe Tshweneyagae, are komiti ya monongwaga e ikaelela go nna direla dilo mo pontsheng jaaka go tshwara diphuthego tsa Kgotla go rerisana le go itsise banni ba Ghanzi ka fa madi a dirisitsweng ka teng le sepe fela se se amanang le ditiro tsa ditshupo tse.