Podi e tsetse dipotsane di le tlhano
Teichler Rankoa | Wednesday June 8, 2016 16:47
Mafoko a, a ka buiwa botoka thata ke Harrison Boyboy Molefe wa motse wa Oodi kwa kgaolong ya Kgatleng, ka dipodi tsa gagwe bontsi di tsala dipotsane di le tharo gantsi, mo erileng bosheng nngwe ya dipodi tsa gagwe ya tsala dipotsane di le tlhano.
Goya ka Molefe, dipodi tsa gagwe ke tsa lesika ka bontsi jwa tsone di tshabelelwa ke go tsala dipotsane di le pedi go ya kwa go tse tharo. A re mme le fa di tsala boraro jaana, bogolo jang ka go sa tlwaelesega gore dipotsane tsa tsone di tsholwe di itekanetse sentle di sena bokoa bope.
Mabapi le yone e e tsetseng botlhano e, Molefe a re e ne e tsetse dipotsane tse tharo, tse le tsone di leng teng mo lesakeng ka di godile sentle fela. A re le tsone tse tlhano tse di tsetswe fela di itekanetse, le yone mmaatso ga e na bokoa bope. O gatelela gore dipodi tsa gagwe di tsalwa bontsi jaana, le mororo a sa di dire sepe fela se se kgethegileng. “Dipodi tsa me di bolola fela go ya kwa sekgweng go hula. Ga ke dife sepe se se kgethegileng. Ke bona fela gore ke dipodi tsa lesika.” A bua jalo Molefe.
Ka gantsi podi fa e tsetse go feta bobedi ele kgwetlho, Molefe a re gantsi o e thusa ka go anyisa dipotsane ka tami gore di kgore. A re mme le tsone ga di mo tsenye dingalo ka di gola sentle go fitlha di simolola go hula.
A tlhalosa gore le tsone tse di tsetsweng di le tlhano tse, o setse a simolotse go di rekela mashi go di amusa ka tami ka di ka se kgore mashi a ga mmaatsone. A re o na le tsholofelo ya gore di tlaa gola le go tshela tsotlhe.
Le fa dipodi tsa gagwe di tsala mo go sa tlwaelesegang mo, Molefe o lela ka gore boralephalo kgotsa bakenti gabana sepe le go tla kwa lesakeng la gagwe fa a ba bitsa, bogolo fela go tla go iponela ka matlho se a buang ka sone. “Ga kere ba mphe sepe. Kare a batle fela go bona ditiragalo tse di sa tlwaelesegang mo leruong.” Ga bua Molefe.