Blogs

Ga di nkame

Fa dibese di ntse di tlhatlologana, kgantele ga tswa nngwe e bidiwa Mosepedi Bus Line e leba Gaborone. E ne e sa tlala e penologa, e bile e ka se ka ya tlhola e ema gope gape, go pega. Ka letsatsi le ne le setse le hulere, mokgweetsi a leka go tsholetsa dinao, go fefosa mosepele. Fa le tsenya nko, ke e fapaanya Seruli. Ya tswelela ya tlhatlologanya mafelo, dikgang mo go yone e le ka ba go iwang kwa go bone. Bana, batsadi, ditsala le botlhe ba go neng go sale go kgaoganywe le bone. Go ise go e kae, ke e le mo Dinokwe. Batho ba bona gore, le fa ba tlaa goroga bosigo, gone mme go tlaa bo go se maswe.

Fa e fologelela mo Serorome Bus Line, jaaka ba ne ba e bitsa, kgang ya nna e sele.  Fa mokgweetsi a re matlho leba, a kopana le e e ‘naka di motshopho e tswa ka fa lebogong le le jang.

A re o tshwara koloi, ya wela ka khuti e e neng e le fa gare ga tsela; ya phadimoga, ya tswa mo tseleng. A se ka a itse gore o ka dira jang. A boa gape a re o tila tholo, koloi ya kanama. Batho ba gasama jaaka peo e jwalwa ke motho a sa itse go jwala. Ya nna ‘Ijoo, mma wee, ijoo ke swelang wee.’ E le selelo le khuranyo ya meno.

Ka go ne go setse go le bosigo, dikoloi di ne di tla ka go rotha. Batho ba Modimo ba tlhoka ba ba ka ba thusang ka bofefo. Fela bangwe ba ba pelotlhomogi ba nna ba ema, ba leka go thusa. Ba tsosa ba bangwe, ba bangwe ba ba sela kwa go ba atametsa tsela,le go nna ba thusa ka ditsela tse dingwe fela jalo. Dilo tsa bosigo, ba leka mme ba kgorelediwa ke lefifi.

Fa dikoloi di ntse di feta, ga tla Cressida e kgweediwa ke mosadi mongwe a bidiwa Kethuse, a na le tsala ya gagwe Kutlwelo. E ne e rile fa Mosepedi Bus Line e tswa mo Francistown,  Kethuse a bo a hulara Bulawayo, a ne a tswa go reka diaparo koo, go tla go rekisa mo gae. Ka le ene letsatsi le ne le setse le mo siile, a tlhoafalela mosepele go fitlhela a tsena mo Serorome.

Fa ba sale fale, ba lemoga se se diragetseng mme Kutlwelo a mo kopa gore ba eme ba thuse. A gana a re, ‘Nna Kethuse, ga ke lepodisi le fa e le ngaka; tseo ga di nkame.’ Kutlwelo o kile a re o a kopa, o a rapela, a le supa le le fa Kethuse, a tswelela le mosepele

Fa a se na go feta ga tla koloi ya mapodisi mme ya fitlhela ba le babedi ba setse ba tlhokafetse. Fa ba phuruphutshiwa go batla se se ka ba supang gore ke bo mang, ga fitlhelwa yo mongwe a se na sepe sa go nna jalo. Botlhe ba tsewa go ya go leta kwa kokelong ya Mahalapye. Fa ba sale koo, ga kopiwa Seromamowa go nna se gasa gore mongwe o tlhokafetse ka kotsi ya koloi, e ne e tswa Francistown, mme o batlisiwa ba ga gabo a le kwa kokelong ya Mahalapye.

E ne e rile fa Mosepedi Bus Line e emelela kwa Francistown, mongwe wa ba ba neng ba tsena mo go yone ya nna mosetsana mongwe, ka mmala a le mosetlhana, a le lobadi mo lotlhaeng. O ile koo a itsolopantse, a rwele ditlhako tsa kokwana huhumela tsa mmala wa botala jwa tlhaga, a apere le mosese wa mmala oo. Fa godimo a latlhela baki e khibidu. Ka tebo ya matlho, motho o ne a ka rata go tsaya kgang e ntle nae.

Letsatsi lengwe fa Kethuse a bulela Seromamowa, a kopana le sone se gasa molaetsa wa gore, mongwe o sa ntse a le kwa kokelong ya Mahalapye a batlisiwa ba ga gabo.  A bolelwa gore o ntse jang le gore ka letsatsi la kotsi o ne a apere jang. Fa go twe lobadi mo lotlhaeng, Kethuse a kgaoga lela la tlase. A fitlhela e le ngwana wa gagwe, Boboneng Baphuthegi, yo ba neng ba tlwaetse go mmitsa BB.

Go ka tlhola go tweng?  A bitsa kgaitsadie, Kilelo, gore ba ye go bona le go netefatsa se se bolelwang. Ba goroga koo, ba fitlhela go ntse fela jaaka Seromamowa se ne se bua. Ba itlhoboga, ba rulaganyetsa gore serepa se tle se isiwe gae, go ya go fitlhwa. La goroga letsatsi la phitlho.

Kwa mabitleng, ga tla gore go latlhelwe mmu go dumedisa moswi. A tla Kethuse, a tshegeditswe ke ditsala. go se motho mo go ene. Fa mmu o wela kwa tlase, a rothisa keledi, a gopola gore, e rile go twe a re thuse, a re, ‘Ga di nkame.’

motshwanes@yahoo.com