Blogs

Phepheng e sentse moletlo

E re fa go se na se di ka se selang kwa ntle, di tsene mo malwapeng di kope, mme di fiwe go ntse go se ope molato. 

Mokgwa ole wa gore e re di bonwa di kojwe go twe di tsile go senya, wa ema.  Le tsone tsa tlogela go senya mo go neng  go bolelwa mole.  Dipotsane le dikoko tsa hula di phuthologile di sa tshabe sepe.  Dipotwane le tsone tsa bona go ikhutsa. 

E re e tlhatlegilwe e se ke e khurumololwe kana e e phamolwe ke ope go siya ka yone.  Le fa e ne e ka tlogelwa foo letsatsi lotlhe, e ne e tlaa fitlhelwa e ntse e siame fela, go se epe tshwene e e tshwereng. 

Ga nna monate thata. Ditshwene tsa itumelela ka fa Bakwena ba di tshwereng ka teng.

Bakwena le bone ba itumelela gore ditshwene ga di sa tlhole di ba senyetsa.   E re ba kopana  go twe, ‘A pula e ne.’  Fa ba kgaogana go nne go twe, ‘Á  e ne,’  Letsatsi lengwe mongwe a botsa gore, mafoko a, a supa eng?

Karabo ya re, a supa gore ntwa gare ga Bakwena le ditshwene e fedile, gape ke go rapela gore pula e ne, maungo a naga a ungwe, Bakwena le bone ba leme, dijo di nne teng.

Malatsi a nna a feta, botsala le bone jwa nna jwa gola. Fela ditshwene tsa tshwenngwa ke selo se le sengwefela. Gangwe le gape di ne di ipotsa gore, ka mabogo dinku a a thebana, tota di tlaa leboga Bakwena ka eng.

Tsa re, fa e ne e se ka Bakwena go di fa dijo, ‘sika loo tshwene lo ka bo lo nyeletse, lo feditswe ke tlala.

Ga bidiwa phuthego go tla go tshotlha kgang e. Bangwe ba re, ka Bakwena ba rata mmupudu thata, e bile ba kgona le go o rekisa, a o hulwe, ba o isediwe. Ba bangwe ba gana ba re, le fa gone Bakwena ba rata mmupudu, go o ba fa e tlaa bo e se sepe. Ba re, a Bakwena ba lebogwe ka sengwe se se botoka go na le mmupudu.

Potso ya nna gore, se se botoka e ka nna eng, mme ya tlhoka karabo. Kgang ya pala, fela ya se ka ya tlogelwa, ya tsewa mhago.

Nako nngwe ga tla gore go jewe lenyalo kwa ga Kobokwe.

Mogopolo ole wa go leboga Bakwena wa boa wa tshotlhiwa gape. Bontsi jwa re go laletsa Bakwena lenyalo e tlaa bo e le yone tota tsela ya go ba leboga.

Ga dumalanwa, ga rongwa motho go ya go laletsa Bakwena tiro ya ga Tshwenyana morwa Bontlha le Kgajwana morwadia Gosele. Mafoko a goroga, Bakwena ba a amogela, ba a nesetsa pula.

La goroga letsatsi la lenyalo. Wa tshologa morafe. Ditshwene tsa tswa ka fa, dikgabo tsa tswa ka kwa, Bakwena le bone ba tshelegela. Tiro ya gogwa kwa pele ka thapelo ke Sehutsana.

Morago ga latela monna yo motona Rotwe go amogela baeng. A ema, a tsholetsa marota, a goletsa borokgwe, a gotlhola go se kae go tlhatswa lentswe. Fa a bula molomo, a re, o amogela botlhe ba ba tsileng tiro e, mme bogolo thata o itumelela gore le Bakwena ba bo ba le foo.

Wa lela mogolokwane.

Ga tla nako ya gore go jewe. Batho ba bewa ka manno, ditlhare e le one matlo, mahika a ga Kobokwe e le ditilo, mangwe e le ditafole. Tsa tla dijo di rolwe ka diroto tsa bewa batho pele.

E le eng? Maungo otlhe a naga; mmupudu, mmilo, mhawa le a mangwe fela jalo. La lela leino, batho ba itumeletse go ja tsone tota dijo tsa tlholego.

Fa go ntse go tsweletswe go jewa, motho a re o a tabola, a kopana le dinaka le megatla ya diphepheng. A se ka a dumela se a se bonang, a tlola, a tlhaba mokgoso. Batho botlhe ba gamarega, ba ipotsaa gore go rileng.

Motho a okomela, a re, phepheng. Yo mongwe le ene a latlhela leitlho, a fitlhela e le yone tota. Bakwena ba se ka ba dumela se ba se bonang.

Ba botsa Rotwe gore, a se ba se bonang ke sone tota. Rotwe a araba ka gore, ba bonye yone phepheng tota, sejo sa marena. Ba gana Bakwena ba re, tsotlhe ba ka di ja, fa e le phepheng yone, nnyaa. A gana Rowe a re, ‘Lo le Bakwena lwa re, mogwe wa tshwene, o ja se tshwene e se jang; a jaanong lo ka gana phepheng, dijo tsa serena?’ Ba ka tlhola ba re ka moso?

Ba rutlologa Bakwena, ba leba gae. Go bona Bakwena ba ema, morafe otlhe ba gasama. Moletlo wa sulafala, kgang e le fela gore, a batho ba ka jesiwa phepheng?. motshwanes@yahoo.com.