Blogs

Leo ke lesupi

Ngwana o ka tlhokafalelwa ke motsadi mme a huduega maikutlo, ga nna thata gore a amogele se se dirafetseng. E re seemo se ntse jalo, go twe ngwana yo o batla go sidilwa maikutlo. Mme e se ke e nne bana fela. Kgang e nne gore, le rona rotlhe fa ka tsela nngwe re feretlhegile maikutlo, re le mo tlalelong, re tshwanetse go sidilwa maikutlo.

E rile re ntse re anapa, ra kopana le polelo nngwe ke ele e supa fa go kile ga tshwarwa phuthego ya kgotla kwa Tsootsha,mo kgaolong ya Ghanzi, e mo go yone go neng go amogelwa bana ba masiela, ba ne ba tswa go sidilwa maikutlo. Re utlwa fa ka palo, bana ba, ba ne ba le masome mabedi le borobabobedi mme ba tswa mo metseng e e farologanyeng ya khansele potlana ya Charleshill.

Re tla nna re re, tiro e le ya morafe, e nna e nne le bagolo mo go yone, go e tiisa moko, go e etleetsa. Jaanong polelo e supa gore, gone kwa tirong ele, mongwe wa bagolo e ne e le kgosi ya Tsootsha, Kgosi Bernard Kaone. Mme ene e le mogolo, a tla ka lefe? Ga twe kgosi o ne a re bana bale, fela jaaka ngwana mongwe le mongwe, ba tshwanetse go godisiwa sentle. A re,  go godisa bana ga se go ba fa dijo le diaparo fela mme godimo ga tseo, ba tshwanetse go sidilwa maikutlo. Re re, go ntse jalo. Motho o ka ja sentle, a apara sentle, mme fa maikutlo a sa iketla, ga a ka ke a lebega sentle.

Mogolo mongwe gape yo a bolelwang a ne a le kwa tirong ele, ke Rre Christopher Maramba, Mokwaledi wa khansele potlana ya Charleshill. Mme le ene a latlhela la gagwe. A reng? Ga twe Rre Maramba o ne a re puso e eletsa go bona bana ba masiela ba godisiwa sentle fela jaaka ngwana mongwe le mongwe gore le bone ba tle ba nne le botshelo jo bo siameng. A fetela pele a re, fa bana ba dira ditiro tsa mo lwapeng, ba lekanyediwe gore ba nne le nako ya go ithuta. Fa, re tsaya gore Rre Maramba o ne a raya gore le fa bana ba masiela ba tshwanetse go rongwa fela jaaka ngwana mongwe le mongwe, a ba lekanyediwe morwalo, ba se imediwe tiro, ba tloga ba palelwa mme ba nyadiwa, ba bonwa e se batho mme tota go sa nna jalo.

Go ya ka polelo, a nna a fetela pele Rre Maramba a re, go utlwala fa banna bangwe ba imisa bana bao mme ba tloge ba rekele batlhokomedi ba bone dicombo.

Re tlaa tsaya gore dicombo tse ke dijo, re re, jaaka Motswana a tle a bue, bagolo ba a bo ba reketswe tee gore kgang ya boimana jole, e nnwe ka marago, e se itsewe gore tota ngwana o robilwe leoto ke mang. Motlha mongwe, go dirwe jaaka Mmutle a ne a dira Tlholwe a mo manega lekape la motsotsojane. Go bonwe motho o sele fela a pegwe molato o e seng wa gagwe. Re utlwa gore Rre Maramba o ne a kgalema thata, a bolela fa batho ba go nna jalo ba tlaa gatelwa dikgato. Re nne re dumalane re re, a go se dirwe jalo. Bogolo jang batsadi ba ba tlhokometseng bana, a ba se dumele gore ‘moleta thaga o ja nayo’. Re re, bana bao ke tshimo lo e tlhokometse mme a e se re thaga e tsena ka kwa e e ja, le wena o bo o dumela gore o tshwanetse go roba sengwe.

Thaga fa e le eng? E le bone bale ba go bolelwang fa ba emisa bana. Moleta thaga e le mang? E le batlhokomedi ba bana bao, ba e reng morago ba rekelwe dicombo. Fa go dirwa jalo, kgang e tlaa re, motsadi a re thaga e jele jaanong le ene o tshwanetse go ja, e seng go leta tshimo e le fa e le sepe a ka se keng a se robe mo go yone. Re re, nnyaa, fa go nna jalo, dilo ga di tsamaye sentle.

Jaaka re boletse kwa tshimolong, e rile re ntse re anapa, ra kopana le Dikgang (Daily News, Ngwanatsele 27 2019) mme ra sela polelo ele ya phuthego ya Tsootsha mo go yone. Fa e bua ka fa e reng Rre Maramba o ne a kgothatsa morafe go godisa bana ba masiela ka teng, polelo ya re;

‘A re ba tshwanetse go godisiwa……go sena lefufa’.

Tlhoma mafoko a a fa godimo a matlho mme o tlaa bona lefoko ‘sena’ le e leng lone kgang ya rona tsatsi jeno. Potso e re, a o bona lefoko le, le dirisitswe sentle kgotsa nnyaa? Fa o re le dirisitswe sentle, re re ke eng o rialo? Rona re re, nnyaa, ga le a dirisiwa sentle mme e bile re setse re kile ra supa jalo.

Fela e ntse ke leo, kgang ya rona ke gore lefoko ‘sena’ ke lesupi; le supa, kaya, selo se se gaufi le mmui. E ka re Direpe a bua ka selepe se le fa go ene a re, ‘selepe se, se bogale’. Kgotsa a re, ‘selepe sena se bogale.’

 Ka mafoko a otlhe, ‘se’ le sena, Direpe o bua ka selepe se le fa go ene. A jaanong re re o a tswelela a re, ‘ Selepe se, ga se na mhinyana.’  Fa, Direpe o ntse o bua ka selepe se le fa go ene mme a re’…..ga se na…..’ a tlhalosa gore se ntse jang.. jaanong fa godimo fale, polelo e ne e tshwanetse gore e re, ‘………go se na……..’ e seng ‘ …sena’ ka seo ke lesupi.