Blogs

Re iteela kobo moroko

Mo go yone polelo ele, re ne ra utlwa fa go ne go kile ga tshwarwa phuthego ya kgotla kwa Tsootsha e mo go yone go neng go amogelwa bana ba masiela ba ba neng ba ntse  ba sidilwa maikutlo. Go ya ka polelo, tshidilo maikutlo eo, e ne e tsere beke tse pedi. Re ne ra utlwa gore, bana bao, e ne e le basimane le basetsana ba metse e e farologanyeng ya kgaolo potlana ya Charleshill. Gape, polelo e ne ya kaya gore, jaaka gale, go ne ga nna le bagolo bangwe go tla go tiisa tiro eo moko. Mongwe wa bagolo bao a kaiwa e ne e le kgosi Bernard Kaone, kgosi ya Tsootsha. Go ya ka polelo, mafoko magolo a ga kgosi ya nna gore a bana ba masiela, fela jaaka ngwana mongwe le mongwe, ba godisiwe sentle. Ga twe kgosi o ne a re a go godisa bana e se nne go ba fa dijo le diaparo fela mme godimo ga moo, a ba sidilwe maikutlo. Ga se ka ga felela foo, ka polelo ya re, kgosi a fetela pele a supa gore batlhokomedi ba bana bao, ba tshwanetse go ba fa lorato, ke gore, go ba rata le go aga botsala le bone; ba nne ditsala tsa bana bao. Re dumalane re re, go tshwanetse go nna jalo. E re kgosi a bua jalo, ka ntlha e nngwe Motswana a re, ‘Mosala le dikhutsana ga a tlhoname. A raya eng? A raya gore, motho a setse le dikhutsana, masiela, ga a tshwaanela go nna a hutsafetse, a sudile sefatlhogo ka gore, ka go nna jalo, o tlaa gopotsa bana tse di dirafetseng mme le bone ba tloge ba nne fela ba hutsafetse. Go twe, motho yoo, o tshwanetse go nna a itumetse, a tsaya dikgang, a tshega le bana ba gore le bone ba tle ba itumele mme ba lebale tse di botlhoko tsele.

Mongwe yo gape go neng ga kaiwa fa a ne a le kwa tirong ele, ke Rre Christopher Maramba, ene a bolelwa e le Mokwaledi wa khansele potlana ya Charkeshill. Re ne ra utlwa gore, Rre Maramba le ene o ne a nna a gatelela gore bana ba masiela, fela jaaka bana ba bangwe, ba tshwanetse go tshwarwa sentle. A supa gore, le fa ba rongwa, a ba se imediwe tiro gore ba tle ba nne le nako ya go ithuta. Godimo ga moo, a kgala thata escort sincan kgang ya gore bana bangwe ba imisiwa ke bagolo mme batlhokomedi ba bone ba thijwe melomo ka go rekelwa dicombo, se e le gore kgang ya boimana joo e gatiwe ka marago e se tswele kwa ntle ya tloga ya tsosa modumo thata. Ra dumalana le Rre Marambo ra re, a bathokomedi ba bana ba masiela ba se dumele gore moleta thaga o ja nayo. Seo, ga se go leta, go tlhokomela, ke go senya.

Go ya ka yone polelo ele, fa bagolo ba ntse ba tla, ba tlhatlologana, ga tla Mme Gaone Englishman ene e le wa lephata la matshelo a batho. Go bolelwa fa Mme Englishman a ne a supa fa bana bangwe ba masiela tota ba sa tshwarwe sentle. Ga twe o ne a re le mororo bana ba tlhokomelwa ke khansele, bangwe ba amogwa diaparo di newe bana ba batsadi ba batlhokomedi ba bone. Bangwe gape ba sotlwe, ba bolelelwe fa batsadi ba bone ba bolailwe ke mogare wa HIV. Ruri fa go ntse jalo, go bo go se monate.

E ntse e le go ya ka yone polelo ele, morago ga ga Mme Englishman, ga latela Mme Boikhutso Manyeula e le wa ofisi ya matshelo a batho mme ene a bolela fa tshidilo maikutloe ne e ruta bana go itebaganya le dikgwetlho tsotlhe tsa botshelo. La bofelo ga tla Rre Kealeboga Gaebuse go wetsa tiro.

Re setse re boletse gore polelo ele ya phuthego ya Tsootsha, re e tletswe ke Dikgang (Daily News) Ngwanatsele 27 2019.

Fa e bua ka fa e reng Rre Gaebuse o ne a wetsa tiro ka teng, polelo ya re;

‘…..o ne a iteela morroko mafoko a dibui ka go farologana ka gore…..’

Re re ke ao.. Ga twe mokhanselara o ne a iteela moroko mafoko. Kgang ya rona gompieno ke gore polelo ele, e fapogile lenatetshapuo la go iteela moroko; ga e a le dirisa sentle. Lenatetshapuo la nnete la re ‘Go iteela kobo moroko’ le raya go gatelela mafoko mangwe. Mme pele a re botse gore moroko one o iteelwa go rileng? Karabo e re, e a re moroki a roka, golo gongwe a se ke a roke sentle, kana, tlhale e se ke e tshware thata. E re go diregile jalo, moroki a bowe a roke gape gore, golo fale go tshware, go nne thata mme go twe, o iteela moroko. Go iteela kobo moroko go dule fa. Jaaka polelo e supa, Mokhanselara Gaebuse o ne a gatelela mafoko a ba ba neng ba setse ba buile. Jaanng go bua sentle, polelo e tshwanetse gore e re, ‘….. o ne a iteela kobo moroko mafoko a dibui ka go farologana……’ e seng a iteela moroko mafoko.

Re wele re re, re iteela kobo moroko re raya gore, re tlatsa mafoko mangwe a a setseng a builwe, kana, re a a gatelela, re a a gatisetsa.