Blogs

A re e lolamise

Bangwe ba ditlhogo ditona fa ba bangwe ba le ditlhogo dinnye. Re ne ra re, e rile a bua jalo, Motswana a bo a lebile ka fa botshelo bo ntseng ka teng. O ne a bonye gore mo go bangwe, botshelo bo nolo, fa mo go ba bangwe gone bo le thata. Bangwe ba na le fa ba latsang tlhogo teng, ba bo ba bone sejo sa letsatsi, fa mo go ba bangwe, go sa nna jalo; bone go se fa ba lalang teng,  le gone go bona dijo go le thata. E rile go bona seemo se ntse jaana, ke gone Motswana a re, batho ga ba lekane e se meno.

Kgang  ya rona e ne ya tswelela ya re, e rile ka go bona batho bangwe ba imelwa ke botshelo, puso ya ntsha letsholo la go thusa ba ba kwa tlase ka mananeo a nyeleltso lehuma.  Re tsweleltse ra re, godimo ga moo, ga tlhajwa mokgosi wa gore, ba ba kgonang, ba thuse ba ba kwa tlase.

Ka jalo, re bona batho ba thusiwa ka ditsela tse di farologanyeng. Bangwe ba thusiwe ke puso, ba bangwe ba thusiwe ke batho le mekgatlho ka go farologana. E re puso e bula ntlo, bangwe ba tle ka dijo le diaparo go thusa ba lelwapa leo.  

Mme kgang ele ya rona e ne e tswa kae? Kgang ele e ne e ikaegile ka pego e e neng ya tla ka Dikgang /Daily News, (Morule 09 2016) Pego e, e ne e bua ka moletlo o o neng wa tshwarwa kwa Moshupa ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Morule. Go ne ga begwa fa moletlo o, e ne e le wa segopotso sa go tlhamiwa ga mokgatlho wa sefapaano se sehibidu dingwageng tsele. Re ne ra supa fa pego e, e ne ya begwa ka fa tlase ga setlhogo se se reng, ‘Mokgatlho wa sefapaano se sehibidu o tswa puso letsogo.’  Re tsweletse ra re, se setlhogo se se se buang ke gore, mokgatlho o, o thusa puso go tlhatlosa ba ba kwa tlase le ba ka tsela nngwe fela ba ka tlhokang go thusiwa.

Ka Mmualebe o ne a sa kolobe sentle ka lefoko ‘go tswa letsogo,’ re ne ra re, ka ba re fa nako e ntse e tsamaya teme/puo e a fetoga, re tlaa tsaya gore lefoko le, ke lengwe la mafoko a Setswana sa gompieno. Go sale foo, ra supa gore go na le mafoko mangwe a a ka dirisiwang mme a utlwala botoka go na le go tswa letsogo.

Morago ga kgang ele, bangwe ba ne ba botsa gore, a ga go na Setswana se se reng go tswa letsogo. Karabo e ne ya re, Setswana seo, se teng. Potso ya latela ya re, jaanong ke eng fa re re go botoka gore go twe go tsaya tema, go kitimeletsa, go na le gore go twe go tswa letsogo?  Karabo ke gore, go tsaya tema le go tswa letsogo, gotlhe ke go thusa, mme ga go tshwane. O tlaa botsa gore, ke eng go sa tshwane?

 A re lolamise kgang ka go boelela dikai tsa maloba re bua ka tsone. E le sekai, re ne ra re, Naledi o fitlhela Morwadi a feela mme le ene (Naledi) o tsaya lofeelo o a feela. Ra re, ka go dira jaana, Setswana se tlaa re, Naledi o tsaya Morwadi tema, se raya gore o thusa Morwadi. Ka se sengwe sekai re ne ra re, Naledi o fitlhela Morwadi a setla. Le ene o tsaya motshe o a setla, mme Setswana se re, o kitimeletsa Morwadi. Re tlaa bona gore, ka dikai tse pedi tse, Naledi o fitlhela Morwadi a ntse a le mo tirong mme o a mo thusa.

A jaanong re re, Morwadi o ne a tshwanetse go feela mme o a lwala. Ka ke yoo o a lwala, o kopa Naledi gore a feele. Naledi o a ema, o dira jalo. Tiro ya go feela e ne e tshwanetse go dirwa ke Morwadi mme ya mo palela ka o a lwala. Fa, ke gone fa Setswana se tlaa reng, Naledi o tswa Morwadi letsogo; o dira tiro e tota e ka bong e dirwa ke Morwadi. Go sale foo, a re re, Morwadi o ne a tshwanetse go ya Letloping mme ka o a lwala, o kopa Naledi  gore ke ene a tsamaye. Naledi o a dumela, o a tsamaya. Fa, go twe, Naledi o tswa Morwadi dinao/ bangwe ba re maoto.

Re lolamisa kgang re re, re tsaya motho tema, re mo kitimeletse, mo tirong e re fitlhelag a ntse a e dira. Re mo tswa lebogo, ampo dinao, fa a re kopile go dira tiro boemong jwa gagwe. A ga go jalo? motshwanes@yahoo.