Naledi

Mmamphorwana maatlhamela babolai

 

Ngwana wa sekole o kile a bo a tsewa fela jaaka naledi e e tla a reng mo dingwageng tse di tlang e bonese lefatshe, kitso e e le gore o tla a tsaya dithuto tsa gagwe ka tlhwaafalo, a di fetse ka go falola ka maduo a a tsabakelang fela jaaka dinaledi. Banna ba ne ba itse sentle gore e tla a re morago ga dithuto tse, baithuti ba basetsanyana, e nne basadi ba ba godileng sentle ba sa kgorelediwa ke sepe.

Ka ntlha ya go itse se, le go tlotla ngwana wa mosetsana ga banna, bana ba basetsana ba ne ba gola ba phuthulogile, mo e neng e re ngwana a tlhoka sengwe, a seke a tshabe fela go ya kwa moagisanying, yo eleng rraagwe molekane wa gagwe go kopa mo go ene. O ne a feta a bolelela rraagwe semangmang fela gore ‘papa kgotsa mama gaayo, ke seo ke tsileng go kopa madi a go reka parafini, kgotsa letswai.’

Monna yo, ka go itse gore mosetsanyana yo ke moithuti, ebile ke ngwana wa gagwe, o ne a sa akanye sepe ka gore o ka mo ntsha mosadi yo a ka tsenang le ene mo thobalong. Sa gagwe e le go neela mosetsanyana yo thuso e a e mo kopang fela. Mme ebile nako nngwe o ne a ka mo laletsa go tla go robala le bana ba gagwe fa batsadi ba ise ba boele gae, a sa reye gore a tle kwa go ene go lala a mo dira ditiro fela tse di bosula ebile di tlhabisa ditlhong.

Ka ntlha ya boikarabelo jo jwa banna ba pele, dikole di ne di alosa basetsanyana ba ba botlhale ebile ba itekanetse ka go sena ope yo o ntseng a ba onatsa mebele ka thobalo ba ise ba lekane go dira jalo. Fela fa dingwaga di ntse di fetoga, banna bangwe ba ne ba tlelwa ke mokgwa o o maswe wa go palelwa ke go itlotla. Tota le gone go tlotla mafelo a borutelo a tshwana le dikole. Setho sa ba nyelelelela, bonna jwa ba nyelelelela, jaaka ba ne ba iphetola dilalome tse di latelang baithuti kwa dikoleng.

Le fa go ntse go nna jaana, puso e ne ya palelwa ke go ema ka dinao go dira melao e e tlaa gagamatsang banna ba mofuta o phogwana, yone e ne e lebile molao fela o o iletsang barutabana go tsena mo leratong le baithuti. Se sa phunya diphatlha tse dintsi mo dikoleng ka banna ba bangwe ba eseng barutabana ba ne ba tsena ka tsone ka mabaka a gore bone ga se barutabana. Ka jalo ba ka se senyegelwe ke ditiro fa ba tshwarwa mo maratong a thobalo le baithuti. Ka ntlha ya se, basetsanyana ba baithuti ba ne ba tlhaselwa go tswa gongwe le gongwe jaaka banna ba ba masutlha, ba ba senang ditlhong, ba ba setlhogo go tswa mo mehameng yotlhe, maemo otlhe, matshelo otlhe ba ba dirisa botlhaswa mo ditirong tse ba sa di lekanang. Jaaka o kare go ne go bokiwa, selelo sa megokgo mo bokopanong le batsadi e ne ya nna gore baithuti ga ba na tsebe. Bangwe ba senyegelwa ke sekole ka ntlha ya boimana.

Boimana jo, bommaipelego le bone ba lela ka jone, ba bolela fa se se ba utlwisang botlhoko e le gobo bo tswa kwa ntle ga sekole, bo bakwa ke banna ba batona, bangwe e le boramalwapa ba ba nyetseng, ebile ba lekane go nna borabana ba. Ka ntlha ya one mokgwa o o maswe o wa banna ba, dikole di ne tsa aparwa thata ke boimana jwa baithuti mo puso e neng ya felela e patelesega go dira molao wa gore fa moithuti a imile, a ye lwapeng go belega ngwana, mme morago a boele sekoleng go tswelela le dithuto tsa gagwe.

Molao o wa boa gape wa gakatsa banna ba ba senang dipelo ba, ka bangwe ba bone ba tsweletse ka mokgwa o wa go dirisa baithuti mo thobalong. Fa e le boradikhombi bone ba setse ba beile fela gore baithuti ke basadi ba bone. Ba ba dirisa fela ka go kgona le go rata. Makhanselara mangwe le one a itlhokisa maikarabelo a botsadi, ba tsenelela baithuti kwa dikoleng go ba itaya tsebe mo dithutong.