Naledi

A banna ba dilalome ba sekisiwe � Khama

Khama
 
Khama

Dilalome tse gape ga di tlhabiwe ke ditlhong go tsenelela basetsanyana ba mo dikolong. Se jaanong se pateleditse tautona wa Botswana, Lt General Ian Khama, go bula molomo go kgala thata mokgwa o, le go kopa gore botlhe banna ba ba dirang jaana ba sekisiwe.

Morago ga gore mokhanselara a dirisane le mosetsanyana wa sekole mo go tsa thobalano, go lebega okare puso e goga dinao, bogolo jang phathi e e busang ya Domkraga (BDP) e mokhanselara yo eleng leloko la yone, Batswana ba ne ba ema ka dinao ka lentswe le lengwe go kgala mokgwa o wa go dirisa bana ba basetsana mo thobalanong.

Batswana bangwe ba ne ba supa ka monwana, le go kgala tautona Khama mo go se ba reng ke go itswala matlho mo bosutlheng jo bo dirwang ke bagolo bangwe ba phathi ya gagwe ya Domi. Ba ne ba bolela fa timalo ya gagwe e tlaa tsewa e le go rotloetsa mokgwa o.

Kgang ya bone ya konokono, e ne ere Khama jaaka moeteledipele wa phathi e e busang, o tshwanetse go ntsha lentswe go kgalema, abo gape a seegele thoko banna ba maDomi ba ba tletseng mokgwa wa go sotlaka le go dirisa bana mo thobalanong. Tsotlhe tse, ga bonala sentle gore di tsena ka tsebe tsa ga tautona Khama.

Mme le ene jaaka motsadi le mogolo yo o maikarabelo, bogolo jang ka e le ene rraagwe Batswana botlhe, a bona go tlhokega go kgala mokgwa o wa bolalome wa banna bangwe. Ke sone seo erileng beke e e fetileng mo diphuthegong tsa dikgotla a bolelela batsenadiphuthego tse gore banna bangwe ba iphetotse dilalome mo baneng. Khama o boletse fa mokgwa o wa go sotlaka bana ka thobalano o tshwenya ka ebile o golela pele mo Botswana. O ne a tlhalosa fa go ka se phuthiwe mabogo fela go lebelewa bana ba dirwa ditiro tse di bosula tse.

Tautona Khama o ne a bolela gore a banna botlhe ba ba dirang jaana ba begelwe mapodise, dikgang di sekwe gore badiramolato botlhe ba sekisiwe le go atlholelwa se ba se dirileng se sa siama. O tlhalositse gore ga gona ope monna yo o tshwanetseng go akola go tlola molao ka go dirisa ngwana mo thobalanong.

O kopile setshaba le batsadi go ema ka dinao go thusa go godisa le go tlhokomela bana ba basetsana go ba hemela mo dilalomeng.

Batsadi ba ne ba bolelela tautona Khama fa ba sa itumelele go bona banna bangwe ba tlhorontsha bana ba sekole, b aba tsenya mo diphatseng tsa go ima le go tsenwa malwetse a thobalano go balelwa le jwa AIDS.