Naledi

Moswaane o belaela dithata tsa ga Mosireletsi

Moswaane
 
Moswaane

Gone ne go setse go le gosekae fela gore Moswaane a tlhalosetse Moncho fa ofisi ya gagwe e sena dithata.

Moswaane o ne a botsa Moncho gore a ofisi ya mosireletsi e na le bokgoni ja go lebagana le tautona fa a amega mo ditirong tsa tiriso botlhaswa meamuso ya puso.

Moncho o ne a araba ka gore ga gona tshetla epe mo molaong e e kganelang ofisi ya ga mosireletsi go lebagana le tautona kana ope fela.

Fela, Guma Moyo wa Tati Botlhaba, o ne a latedisa karabo ya ga Moncho ka gore a o itse tshetla ya molao e e neelang tautona tshireletso go ka sekisiwa fa a santse a le mo setilong.

Tsela e ne ya tsena mo sekgweng mo go Moncho jaaka a ne a amogela gore o itse ka tshetlana e Moyo a buang ka yone. Moncho o ne a tlatsa ka gore bothata ke melao e re nang le yone re le lefatshe e e sa tsamaelaneng.

“A o ka dumalana le nna jaanong fa ke re ofisi ya gago gaena meno?”, Moswaane a botsa Moncho.

Moncho o ne a re o ka dumalana le Moswaane fa ele gore go tlhoka meno go tewa go tlhoka dithata tse dingwe tsa molao ele ofisi. Moncho o ne a re ba dira se ba ka se kgonang ka dithata tse ba nang natso.

Polson Majaga wa Nata/Gweta, o ne a botsa Moncho gore a o ka eletsa gore palamente e ka thusa gore ofisi ya ga mosireletsi e okeletswe dithata. Moncho o ne a araba ka go dumalana gore o ka itumela fa a ka okeletswa dithata.

E re dikgang di eme jalo, e rile ngwaga o simologa fa palamente e rolelwa madi a lephata la ga mosireletsi ke mothusa tona wa lephata la ga tautona le bodirelapuso mo palamenteng ee neng e feta, mopalamente wa Gabane/Mmankgodi Pius Mokgware, a akgela ka gore ofisi ya ga mosireletsi e na le letlhoko.

Mokgware o ne a re ofisi e e latlhegelwa ke bodiredi jo bo nang le dikitso tse di maleba segolo bogolo tsa molao, ka lebaka la dikatso tse di kwa tlase. Mokgware o ne a tlatsa ka gore le tsone ditsompelo tse di neelwang lephata le ga di a lekana.

E ntse e le kwa PAC le potsolotso ya ga Moncho, Majaga o ne a botsa gore lephata le dirile gore jang ka kgang ya go anamisa ditirelo tsa lone lefatshe ka bophara. Majaga a re Batswana ba le bantsi ga ba itse ofisi ya ga mosireletsi.

Moncho o ne a re ba butse ofisi kwa Tshabong le Maun mme ba solofetse go bula tse dingwe lefatshe ka bophara.

Moncho o ne a re ba na gape le go tshwara dithutopuisanyo go rutuntsha baeteledipele ba maphata a puso ka ditirelo tsa bone. Moncho a re ba tsamaile gape le dikolo go ruta bana ka tiro ya ofisi ya bone.

O ne a tlatsa ka gore ba na le phatlha gape mo koranteng ya puso (Daily News) go itsise setshaba ka ditirelo tsa bone.