Naledi

PAC e kopa bakwaledi go buisa dipalo

Moyo
 
Moyo

Moyo a re fa bakwaledi le baokamedi ba ipega fa pele ga PAC mme ere ba botswa ka dipalo tsa maphata a bone ba bo ba sena dikarabo, ga go supe boeteledipele le tlhwaafalo. “Ditsetlana tsa PAC di tlhamaletse ebile di tshwanetse tsa salwa morago.” Moyo o gakolotse bakwaledi le baokamedi ba maphata ba ba setseng ba fetile fa pele ga khuduthamaga e ya palamente.

Mokwaledi wa lephata la botsogo, Shenaz El Halabi, ke mongwe wa ba ba neng ba tsena fa PAC e botsa dipotso mabapi le dipalo tsa lephata segolo bogolo mo go tsa madi.

Go ne go supega gore bangwe ba duetse lephata mo tirisanong ya tsa kgwebo mme go le thata gore mokwaledi le lekoko la gagwe le neele khuduthamaga ya palamente bosupi.

Moyo o ne a gakolola El Halabi le lekoko la gagwe gore bone ele khuduthamaga ya palamente ga ba dire dipalo.

Ka jalo are mokwaledi o tshwanetse a tlhalosa dipalo tsa bone ele lephata. Modulasetilo wa khuduthamaga e, Abram Kesupile, ebile ele mopalamente wa Kanye Borwa o ne a bolelela El Halabi maswabi a gore ba re dituelo di dirilwe mo lephateng, mme ba palelwa ke go tswa ka bosupi. “Ke belaela gore dipalo tse le ne le di itirela”, ga bua Kesupile.

Bothata jo bo ne ja lemosega gape mo maphateng a ofisi ya ga mosireletsi le lephata la mohiri (DPSM). Go ne go le bothata ja gore dipalo tsa lephata la mohiri fa go tla mo thulaganyong ya babereki ba ba isitsweng go ikoketsa dithuto ga di wele sentle. Mathata a mangwe e ne ele a babereki ba ba tsweletseng ka go amogela mme ba sa tlhola ba le mo tirong. Mookamedi, Ruth Maphorisa, a dumalana gore gona le diphatlha mo dikwalong tsa bone mme a re ba tla ka lenaneo le lesha la go boloka dibuka tsa bone le go somarela dipalo.

Lephata la ga mosireletsi le lone la bo le tshwaraganye le bothata ja go supa tiriso ya madi a lone mo ditirong dingwe tsa lone. “Le tlhoka thuto e e tseneletseng mo go tsa tshomarelo le tiriso ya madi”, Moyo a bolelela lekoko la lephata la ga mosireletsi le eteletswe ke William Moncho.

“Le tshwanetse la buisa dipalo tsa lona. Le seka la tsaya gore ga re lemoge”, Moyo a gakolola bakwaledi ba maphata jalo.

Mokwaledi wa lephata la Thuto, Theophilas Mooko, le ene e erile ka Mosupologo a bo a lebaganywe ke dikgang tsa go palelwa ga lephata la gagwe go phutha madi mo baithuting ba pele. Dithapelo Keorapetse wa Selebi Phikwe Bophirima, a re o itse batho ba le mmalwa ba ba lekileng go boela kwa lephateng la thuto go duela madi a ba neng ba a adimilwe ke puso go dira dithuto tsa bone mme lephata la palelwe ke go ba thusa ka le sena dipalo le mekwalo ya bone.