Naledi

Botlhokwa ja metsi mo mmeleng

E re gontse jalo, re ne ra itlhokomolosa ntlha e e botlhokwa e ka boyone eseng sejo mme ele mosola thata mo go goreng mmele o bereke sentle.

Go botlhokwa gore dikotla tsa dijo tse re di jang di goroge sentle mo dikarolong tsa mebele ya rona mme go nna jalo go a tshwanela gore re buwe ka METSI.

Metsi a botlhokwa thata ka le one a thusa go anamisa metswako e e farologaneng ya tshilo ya dijo mo mmeleng. Metsi a botlhokwa mo masoleng a mmele ka go farologana le go kgontsha dikarolo tsa mebele go bereka sentle tota le go laola mogote wa mmele.

Le fa go ntse jalo, go nwa metsi a mantsi go thusa mmele go lwantsha malwetse ka go farologana le go hema mmele go tlhaelelwa ke metsi. Mmadi wa REMMOGO o tshwanetse a itse fa mmele o dirisa metsi a mantsi letsatsi le letsatsi  mme gape ka fa letlhakoreng le lengwe, mmele o latlhegelwa ke metsi ka go ya ntlwaneng ya boitiketso jaaka go tlhapologa, le go fufula gammogo le go sila dijo le go anamisa dikotla mo mmeleng.

Re latlhegelwa gape ke metsi ka bontsi ka nako ya selemo kana fa loapi le le mogote, gape le fa re itshidila mebele. Mmele o latlhegelwa gape ke metsi fa motho a na le letlhatso kana go kgwa le fa ele go berekwa ke mala. Ka jalo, go botlhokwa go busetsa metsi mo mmeleng gangwe le gape. Re ka busetsa metsi gape mo mmeleng ka go ja dijo di tshwana le maungo a diperekisi le dinamone  le a mangwe tota  le dimela di tshwana le magapu.

Ka batho ba rata go itshidila, go botlhokwa gore ba nwe metsi gangwe le gape tota le bone ba ba berekang ditiro tse di bokete. Metsi a thusa gape go anamisa phefo e re e hemang le e re tshelang ka yone mo mebeleng. Metsi a thusa mo tshilong ya dijo le go aroganya dikotla tse di tlhokwang ke mmele. 

Fa godimo ga se, metsi a thusa go bereka sentle ga ditokololo gore motho a bo a ka tsamaya sentle. A thusa gape go hema go omelela ga magano a rona, dinko le matlho mme se se dire gore tsotlhe tse di sa amogeleseng di a tsibogele mme di seka tsa ama matlho jaaka melemo mengwe e e borai mo matlhong. Go nwa metsi go thusa gape go fokotsa leswe mo mmeleng bogolosegolo mo dikarolong di tshwana le diphilo le sebete.

Gangwe le gape batho ba ngangisanya ka gore tota go tlhokafala gore motho a nwe metsi a le kae ka letsatsi. Mme le fa gontse jalo, baitsaanape ba botsogo ba bolela fa go tlhokafala gore motho a leke go nwa metsi a selekanyo sa dilithara dile pedi tsa metsi ka letsatsi. Se go buiwang ka sone fa ke gore ga go tlhokafale gore motho a nwe metsi a selekanyo sa dikopi dile borobabobedi ka letsatsi ka nako ele nngwe mme o ka dira jalo ka dinako tse di farologaneng mo letsatsing. Sekai, kopi tse pedi mo mosong, tse pedi motshegare, tse pedi mo tshokologong le tse pedi bosigo, gongwe morago ga goja selalelo.