Naledi

Ra re koko dumelang � Bosetlabosheng

 

Kwa liking ya ntlha ya setshaba e e rotloediwang ke kompone ya teemane ya Debswana go laetse ditlhopha tsa Black Forest, Rolling Boys le Mahalapye Hotspurs go kokota ka maatlametlo mo diofising tsa beMOBILE. Kwa liking ya dikgaolo ya ntlha gone go laetse setlhopha sa Matebejana sa Borwa, fa kwa Bokone go laetse Morupule Wonders tse le tsone di kokotang dire koko dumelang mo diliking tsa ntlha tsa setshaba tsa Borwa le Bokone.

Barati le balatedi ba motshameko wa kgwele ya dinao gantsi ba itumelela go bona motshameki wa setlhopha sa bone a nosa nno, mme fa e le go bona setlhopha sa bone se kgonne go fenya bosimega jwa liki gone go tshwana le monna a solofetse ngwana wa maitebolo. O kgona go ipitsa maina otlhe fela le ngwana a ise a tshole, a bolelela batho gore ene ke raago mang, a bolela fa ngwana yo a tla a tsoga a tshamekela setlhopha se, a re  ke ene a tla a emelang lefatshe la Botswana lantlha mo motshamekong o o rileng.

Se ke sone se se utlwalang se tswa mo melomong ya barati le balatedi ba ditlhopha tsotlhe tse di tlhatlogetseng kwa diliking tse di kwa godimo, ba re ba opela pina e le ya bogologolo ya mmino wa borankana, e e reng ‘a ko ko a ko ko.. a ko ko dumelang… a ko ko.. a ko ko.. a ko ko re buleleng re tsile go tlhabana le lona’.

Botlhe ke ba ba buang gore ditlhopha tsa bone ga di kokote fela go tla go oketsa palo mo diliking tse, mme tota e le go tla go bolotsa ntwa e e matlho mahibidu gore e re le tsone go balwa maina a ditlhopha tse di dirileng sentle ngwaga e e tlang liki e ya bofelong maina a tsone a balwa go utlwiwa ke lefatshe lotlhe. Ba tlhalosa gore fa go na le setlhopha sengwe se se tla a ba nyatsang se itse fa seo e le mathata a sone, ka e tla a re liki e fela se bo se ikotlhaela lenyatso la sone mo go tsone, sengwe se ba reng se bolaile ditlhopha di le dintsi.

Kwa Mmankgodi, go na le pina e e monate e e opelwang ke setlhopha sa koo sa Black Forest, e e bolelang gore monyadiwa ga a goroga kwa ga matsalaagwe o a bo a tletse ruri, mme fa a ka boa e bo e ne e ntse e se mosadi wa boammaaruri. Ba re bone ba kokota mojako gore ba bulelwe ba tsene go tla go dira tiro e ba e tletseng, barati le balatedi ba setlhopha se ba bolela gore ga gona sepe se se ba tshosang mo liking e ya beMOBILE.

Pina e ya kwa Mmankgodi e tshwana fela le e e utlwalang kwa motseng wa Tlokweng, kwa gone go utlwalang monate o o bolelang fa Rolling Boys go tswa koo, e opela ka leina la yone la tlholego, le le tsamaelanang le barotloetsi ba setlhopha eleng kompone ya Security Systems. Setlhopha se le sone se tsena ka gore ko ko dumelang, re setse re fitlhele go tla ka tsotlhe tsa itshireletso e re tla a e tlhokang go nnela ruri mo liking ya beMOBILE.

Mahalapye Hotspurs le bone ba lebile ka matlho a mahibidu kwa Gaborone, go kokota ba re ‘koko dumelang mo beMOBILE re tsile go fisa dikgwetlho tsotlhe tse di ka nnang teng mo liking e ntsha e ba tsenang mo go yone. Ba ikana gore koko dumelang o wa bone, ga se koko dumelang, salang sentle re a tsamaya, mme e le wa sennela ruri mo liking e ya madimadi.

Tse di magorogo masha mo liking ya ntlha ya Debswana Morupule Wonderers, Chobe United le Matebejana le tsone megolokwane le melodi ke ya boitumelo, jaaka barati le balatedi ba setse ba bona ditlhopha tsa bone di letsa moretlwa o o botlhoko mo ditlhopheng tse di di fitlhelang mo liking e, mo di tla a felelang e le tsone ditshimega tse di fetelang kwa liking ya beMOBILE ga liki ya 2016/17 e ya bokhutlong.