Blogs

Le lengwe mme le mafoko mabedi

Re utlwa fa dikgaisanyo tseo di ne di rulagantswe ke mokgatlho o bidiwa Kgeleke tsa Ngwao le Meduduetso, e le tsa meduduetso e e farologanyeng. Mongwe wa meduduetso eo, o kaiwa e le wa go isa thupa kwa kgotleng, o mongwe e le wa go gorosa ngwetsi, mongwe gape e le wa leboko. Ga twe, ka palo, bagaisanyi ba ne ba le lesome le bobedi mme gare ga bone, go le monna a le mongwe.

Go ya ka polelo, kwa tirong ele, go ne go le mohumagadi wa Batlokwa Mme Thandie Gaborone.  Polelo e kaya gore, e le mogolo, mohumagadi a se ka a tla fela a iphotlhere, ke gore a sa tshola sepe; a tla ka mafoko mangwe go tiisa tiro moko. Go bonala gore, mohumagadi o ne a itumelela tiro e thata mme a kgothatsa Bakgatla go tswelela ba tshegeditse ngwao. Ga twe, a tlatsa mafoko a ka go supa gore fatshe jeno le agetswe mo ngwaong mme Batswana botlhe ba tshwanetse go ipelafatsa ka ngwao ya bone. Re dumalane mme re re, mohumagadi o bua ka se se setseng se dirafala go le gale, fela o gatelela gore a re se tseye gore tema e wetse. Mafoko ke gore, a re se tseye gore re dirile go lekanye. Boemong jwa seo, a re nne re tlhagafalele go tsosa le go boloka ngwao.

Go bolelwa fa mohumagadi a ne a fetela pele a supa fa se Bakgatla ba se dirang, le bone e le Batlokwa, ba eletsa go se dira. Go tlatsa seo, a re Batlokwa ba na le letsatsi la go ipelela ngwao mme o eletsa fa Bakgatla le bone ba ka nna le letsatsi leo. Re tlatse mohumagadi re re, a go nne jalo ka gore, fa go na le letsatsi la tlhomamo, le tlaa itsege go sale gale mme e re le fa motho a le kgakala a le ipaakanyetse. Go ntse jalo batho ba tshologele tiro eo mme go nne monate. Fa tiro ya mohuta o, e se na letsatsi la tlhomamo, e fapaanelwa ke malatsi, ba le bantsi ba tlhaela go e tla, go tle batho ba ka tlala seatla fela mme go se ke go nne monate.

Ga se ka ga felela foo. A nna a tswela pele mohumagadi. Re utlwa fa a ne a rotloetsa bomme go ikanya Modimo ka ke one fela o ka ba tshwaraganyang wa bo wa thusa gore tse ba eletsang go di dira, di atlege. E nngwe kgakololo ya nna gore mokgatlho o itshwaraganye le UNESCO ka e na le mananeo a go godisa dingwao tsa mafatshe. A re se, se ka thusa basadi bale, go godisa bokgoni jwa bone le go itshetsa ka bone, kgotsa, go itshela metsi ganong. Fa go ntse jalo, go nne monate thata ka bokgoni joo ga bo ke bo felele fela ka go letsa mogolokwane mme bo tlaa bo bo thusa motho go oba letsogo le go sa  lale ka tlala.

Polelo ele ya dikgaisanyo tsa moduduetso kwa Mochudi re e newa ke Dikgang (Daily News) Ngwanatsele 26 2019.

Fa e bua ka fa Mme Gaborone a neng a ntse a rotloetsa Bakgatla go tshwara ka thata ka teng, polelo ya re; ‘Re le bomme re tshwanetse go tshwaragana ka ebile ke rona gape re agang setshaba.’ Ka mafoko a, Mohumagadi Thandie Gaborone o ne a re, a basadi ba tshwaragane ka, jaaka go a tle go buiwe, ke bone thari ya setshaba. Ba se seoposengwe, ditiro dingwe, gongwe di ka nna thata go dirwa, mme Botswana a se ke a tswelele pele.

Tlhoma temana e re e nopotseng ele matlho mme mo go yone o tlaa bona lefoko ‘ebile.’ Lefoko le, le dirisitswe gararo mo polelong ele ya dikgaisanyo tsa meduduetso kwa Mochudi mme jaaka re bona, le sa kwalwa sentle. Re re, ga se la ntlha re bona lefoko le, le kwadilwe jaana. Re setse re kile ra le bona nako ele, mme ra supa gore, le kwadilwe jaaka gompieno re bona jaana, ga le a kwalwa sentle. Gape, ra supa gore le tshwanetse go kwalwa jang. Mme e ntse ke leo, le ntse ga le kwalwe sentle. Gore go thata eng, kana, go pala eng gore le kwalwe sentle, ga re itse. Jaanong, go go gakolola, le go go thusa go kwala lefoko le sentle ra re, fa e le gore e a re o batla go kwala, kgotsa, o kwala lefoko le, o tsietsege, o se ke o itse gore tota le kwalwa jang, ikgakolole go le kwala sentle ka mafoko a, ‘e rile, e kile, e kete, e seng.’

E a re go tlhabiwa mainane go twe, ‘E rile e le motho…..’ Go sale foo, dilo dingwe di dirafale mme e re morago ga lobaka longwe go buiwa ka tsone go twe, ‘E kile ya re…..’ Re fete foo re re, motho mongwe o ka bua thata mme gape a rata go bua a tlhatlositse lentswe. E tlaa re bangwe ba bua ka motho yoo, ba re, o modumo e kete legakabe. A re fetele pele re re, Morwadi o roma Mosetli go tla ka lerotse gore ba tle ba tlhabele go apewe bogobe. Jaanong Mosetli ke yoo, o tla ka legapu. Go bona se, Morwadi o raya Mosetli a re, ‘Ke rile lerotse, e seng ‘legapu’ 

Ela tlhoko mme o tlaa lemoga gore, mafoko a a fa godimo ale, otlhe a mafoko mabedi mme bobedi joo, ke lefoko le le lengwe. Go ntse jalo le ka ‘e bile.’ Ke lefoko le le lengwe mme le mafoko mabedi. A le kwalwe jalo, le kwalwe sentle.