Blogs

Mafoko ao, a a kgaogane

Setswana sa re, ‘Ntsanyana ya maitaya sebata e bonwa mabotabotong.’ Ka ntlha e nngwe se re, ‘Mutlwa wa noko o tlhabela bonyaneng.’ Diane tse tsotlhe di raya gore, motho o tshwanetse go ithuta go dira, go itshwarela ka diatla, a sale monana. Ka go dira jalo, a itshupe gore botshelong jwa gagwe, o tlaa nna eng. A o tlaa motho a itse go itshwarela ka diatla, a itshetsa, kgotsa, o tla nna motho fela yo o batlang go direlwa e se nama

Ga re itse, ga re ka ke ra supa ka tlhomamo gore go ntse jalo mme go bonala fa Mme Friday a ne a utlwa, a sala diane tsele morago. Ga twe, a re o ne a ithuta go bopa ka mmu a sale monana. Morago, fa a ntse a tsweletse, a ya go itlatsa, a ithuta go bopa ka letsopa. Polelo e supa gore, a tlhwaafala a ithuta a ba a felela a na le kgwebo ya gagwe, a bopa dinkgo le dilo dingwe tsa mekgabisa

Mme yone kgwebo ya ga Mme Firday e simolotse jang? Re utlwa fa Mme Friday a simolotse kgwebo e, ka ngwaga wa 2012 mme jaanong e na le dingwaga di supa e ntse e tshela. Ka letsema le thata ka mong, le mpepu e a ipelegisiwa, a iteka Mme Friday a dirisa madi a gagwe. A itekile jalo, ga nna thata, a tlhaela dilo dingwe. Ba re, ‘Ngwana o sa leleng o swela tharing.’ Ga twe, go bona go le thata, Mme Friday a atamela Lephata La Boipelego a kopa go thusiwa. Gore karabo e tlaa nna efe, ga re itse ka go kaiwa fa kopo ya gagwe e sa ntse e le koo, e emetse go sekwasekwa. Ka tsholofelo ya pelo ga e tlhabise ditlhong, a re re, Mme Friday a nne a solofetse gore kopo ya gagwe e tlaa atlega.

Le fa kgwebo ya ga Mme Friday e kaiwa e ise e itshetlele sentle, go bonala e mo thusa a sa lale ka tlala, gape, a kgona go dira dilo dingwe ka dipoelo tsa yone. Polelo ya re, ka dipoelo tsa kgwebo eo, o kgona go oba lebogo le go tlhokomela lelwapa la gagwe. Go ntse jaana, go nne monate, go itumedise, bana ba se ke ba ye le naga ba tshaba tlala mo ga bone.

Go sale foo, Motswana a re, ga go tsela e se keng e tlhoka mesetlho, a raya gore, ga go tiro epe e se keng e tlhoka dilo dingwe tse di e etang pele, kana, tse di e emang pele di e itsa go tsamaya sentle. E re ba tlhofofatsa Setswana ba re dilo tseo ke dikgwetlho. Go kaiwa go ntse jalo le ka kgwebo ya ga Mme Friday dilo dingwe di e eme pele, di e kgoreletsa go tswelela sentle. Mme tseo, e le dife?

Go ya ka polelo, kgwebo ya ga Mme Friday, e kgorelediwa ke gore batho bangwe ba rata go ipeela ditlhwatlhwa tsa bone mme e bile e le tse di kwa tlase. Fa go nna jaana go imetse mogwebi tiro. Ba a tle ba re, fa o rekisa, o beye tlhwatlhwa o lebile ditshenyegelo tse o neng wa tsena mo go tsone fa o dira se o se rekisang. Ba re, ka tsela eo, o ka bona dipoelo tse di nametsang. Go twe, fa go sa nne jalo, kgwebo e bo e ka felela e phuphame ka ga e bone dipe dipoelo, kgotsa, sengwe e a se bona mme e se sa sepe. Godimo ga gore batho bangwe ke bao, bone ga ba reetse morekisi, e leng Mme Friday, ba ipeela ditlhwatlhwa tsa bone, re utlwa fa ba bangwe ba kolota mme ba se ke ba duele. Bangwe gape, ba kolote mme ba duele morago ga nako e telele. Jaaka re utlwa, ka one mabaka a otlhe, Mme Friday a goge ka thata. Fela re ka solofela gore, o tlaa nna a totobe mme a fitlhe golo gongwe; ga go ke go nne thata mo kgwebo e ka felelang e ole.

Polelo ele ya kgwebo ya ga Mme Friday re e tletswe ke Dikgang (Daily News) Tlhakole 15 2019.

Fa e bua ka dikgaisanyo tsa ngwao le go bopa ka letsopa tse e reng Mme Friay o bolela fa a tle a di tsene, polelo ya re;

‘A re fa e sa le a tswa go ithutela go dira ka letsopa o ntse a fenya mo dikgaisanong…...tsa khansele ya Kgatleng letsa ba lephata la ngwao…..’

Jaaka gale re tlaa re, leba temana e e fa godimo e sentle. Mo go yone o bona phoso efe? Ke eng seo e le phoso?  Re nne re re, ga re itse gore o tlaa re o bona eng, kana , o bona efe phoso. Rona re bona lefoko ‘letsa.’ Gongwe o botse gore ke eng re re  lefoko le, ke lone phoso fa godimo fale. Re re, ke phoso ka ga le a kwalwa sentle. O fetele pele o re, ke eng re re ga le a kwalwa sentle? Re nne re re, phoso ke ya gale, ya go pataganya mafoko a sa tshwanela go pataganya. Thanodi e tlaa go raya e re, ‘go letsa’ ke go dira gore sengwe se ntshe modumo. Go ntse jalo, o ka letsa phala, wa letsa segaba, go ntsha modumo mongwe.

Ke eo, phoso e diregile. Jaanong go e baakanya, a mafoko ‘le’ le ‘tsa’ a kgaogane, polelo e re, ‘…..a fenya mo dikgaisanong tsa ….. le tsa …..’ Jalo, go wele sentle