Blogs

A, a a tshwaragana

Ka ke eo e letse, e re ka le le latelang e tsweledisiwe e lengwe gape gore ke gone e tle e wele. E tlaa re le rona gompieno re dire jalo, re boele morago ka gore kgang ele ya rona ya maloba, ya polelo ya mogwebi yole wa dinkgo wa Kgatleng, e ne ya se ka ya wela jaaka re ne re eleditse.

Go tswela pele gore re tle re digele tema ya rona, maloba re ne ra re, e ne ya re re ntse re ya le naga, re palama dithota, ra kopana le polelo ke ele e bua ka mogwebi mongwe ka leina a bidiwa Mme Khananyana Friday, e bile a kaiwa e le wa Kgatleng. Polelo e kaya fa Mme Friday a tlholega kwa Artesia. Ga go utlwale sentle gore a kgwebo ya ga Mme Friday e kwa Artesia, kgotsa,  e golo gongwe go sele. Fela, go bo go sa rone gore Mme Friday a bo a ka tswa a gweba, a dira kgwebo, golo gongwe fela, e seng kwa gae, kwa Artesia, ka Motswana a re, ‘Thota e dibapalo e bolaile Mosarwa.’ A raya eng? A raya gore, motho ga a ke a itse gore tota o ka bona botshelo kae. Ka lone lebaka le, a tswe mo gae, a tsamaye, a ralale naga, a palame dithota, a batla fa a ka bonang botshelo teng. Motlha mongwe, ka lesego, a bo bone, a tshele sentle, mme a thibelele koo. E bo e le fa thota e dibapalo e bolaile Mosarwa. Go ntse jalo, ka ke yoo, o ne a palama dithota mme a felela a bonye botshelo koo, Motswana a fetele pele a re, ‘Thota go palangwa e diselo.’ Diselo a raya se e ka reng o ntse o ya le dithota jalo wa se sela, mme sa go tshedisa; sekai e le maugo a naga.

Mme Friday ke yoo, o bolelwa a gweba ka go dira, go bopa dinkgo ka letsopa. E re Motswana a botsa a re, a itsetse go bopa kae? Re ne ra utlwa go twe Mme Friday a bolela fa a ithutile go bopa a sale mmotla, a dira ka mmu. Re belaela gore fa, go buiwa ka mmopa, e seng mmu, ka gore mmu ga o bope, o a bopela. Matlo a Setswana a agiwa ka mmu le bojang le tse dingwe tse re di iteng. Fa go dirwa lokotswana ka mmu, go twe go a bopelwa, ga go bopiwe. Mmopa one, ke o bangwe re neng re bopa dikgomo tsa mmopa le basimane ba tsone ka one, e seng mmu. Go ya ka polelo, Mme Friday a felela a ithuta go bopa ka letsopa a bo a bula kgwebo ya dinkgo le tse dingwe tsa mekgabisa. Kgwebo e, e bolelwa Ie ise e itshetle sentle mme fela  a sa lale ka tlala. Re re, a go nne jalo, e nne e totobele pele, nako e tlaa tla. Ngwana o tsamaya tshipidi, a totobe, pele ga a ka kgona go taboga.

Re setse re boletse gore, polelo ele ya kgwebo ya ga Mme Friday re e tletswe ke Dikgang (Daily News) Tlhakole 15 2019. Gape re ne ra re, e rile e bua ka dikgaisanyo tsa ngwao le go bopa ka letsopa tse e reng Mme Friday o bolela a tle a di tsene, bangwe ba re a di tsenelele, polelo ya re;

‘Á re fa e sa le a tswa go ithutela go dira ka letsopa o ntse a fenya mo dikgaisanong tsa …..khansele ya Kgatleng le tsa ba lephata la ngwao.’

Jaaka gale, re ne ra fetela pele ra re o lebe temana e e fa godimo e sentle mme o re bolelele gore o bona phoso efe mo go yone, le gore, ke eng seo e le phoso; gape o ka e baakanya jang. Ga re itse gore o ne wa reng mme rona re ne ra re, re bona lefoko ‘letsa’ e le lone phoso ka ga le a kwalwa sentle, go kwadilwe ‘letsa.’ Ra re, ‘letsa’ o raya go dira gore sengwe se ntshe modumo. Sekai ya nna gore, o ka letsa phala, wa letsa segaba, go ntsha modumo mongwe. Ra nna ra fetela pele ra supa gore, lefoko lele, fa godimo fale, le patagantse mafoko a a ka bong a kgaoganye. Go baakanya phoso eo, ra re, a mafoko ao, a kgaogane, e nne ‘le’ le ‘tsa’ mme polelo e re, ‘…..a fenya mo dikgaisanong tsa….. le tsa…..’ gore go tle go wele sentle.

Ka re setse re boletse gore maloba, kgang ya rona e ne ya se ka ya wela jaaka re ne re batla, go e wetsa sentle re tlaa re, boela fa morago fale, o lebe temana e e fa godimo ele sentle mme re utlwe gore, kwa ntle ga lefoko ‘letsa,’ o bona lefoko lefe gape le sa kwalwa sentle. Re nne re re, fa o bonye lefoko lengwe le ntse jalo, ke eng o re ga le a kwalwa sentle, gape, o ka baakanya phoso eo jang?

Rona re re, re bonye ‘sa le.’ Re re, phoso ke gore mafoko a, a kgaoganye, mme tota ga a a tshwanela go kgaogana, a a tshwaragana a dire lefoko le le lengwe e leng, ‘sale.’ A re go thuse re re, lefoko le, le kwalwa jaaka lefoko la Sekgowa le le reng ‘sale.’ Fa English Setswana Dictionary  e tlhalosa lefoko ‘sale’ e re ‘thekiso.’ Go kwala sentle, polelo e ne e tshwanetse gore e re, ‘A re fa e sale…..’ e seng,’ ‘….. fa e sa le…..’ Fa re re, ‘sa le,’ re a timela, re latlha Setswana.