Naledi

Facebook e komeditse mogwebi

Modirisi wa Facebook
 
Modirisi wa Facebook

Go tlhalositse jalo, ramapodisi wa kgaolo ya Nhabe Senior Superintendent John Kelebeng, fa a bua le Naledi. A re tiragalo ya mothale o, ke ya  ntlha mo ngwageng ono, selo se a reng bontsi gase bo ele tlhoko fa go tla mo ditirisanyong le botsalano jo bo runyang mo maranyaneng a sesha.

Kelebeng o tlhalositse fa ba amogetse kgang eo, e mo go yone mme wa dingwaga tse di masome a mabedi le borobabongwe (29) wa kgotlana ya Disaneng a thukuthilweng madi aa lekanang R60 770 (P45 000).

Go tlhalositswe fa mme yoo a ne a bona ipapatso ya kompone nngwe kwa Aferika Borwa ee rekisang dipolokelo.

E ne yare kgwedi ya Hirikgong monongwaga e tlhola malatsi a le lesome le boraro, mongongoregi a batla ditlhwatlhwa tsa dithoto tse a neng a di batla mme morago a tlhalosetswa fa a tshwanetse go duela sephatlo sa madi pele a ka romelelwa dilwana.

Kelebeng o ne a tlhalosa fa mongongoregi a ne a diragatsa ditumalano ka go romela madi mo polokelong ya Aferika Borwa ele sephatlo sa dituelo tse a di lopilweng.

Go tlhalositswe fa a ne a bolelelwa fa a tlaa amogela dilwana mo malatsing aa sa fediseng pelo ebile a tlaa amogela molaetsa ka email.

Go ntse go eme jalo, Kelebeng o tlhalositse fa e ne ya re kgwedi ya Mopitlwe e tlhola malatsi a le lesome le borobabobedi mongongoregi a letsa go botsa ka dilwana tsa gagwe, mme ya re pele a botsa, a tlhalosetswa fa koloi ee rweleng dithoto tsa gagwe e swetse kwa Soweto.

Go tlhalositswe fa jaanong, maloba ene ya nna maabane megala e sa tsene mme mongongoregi a ikuela kwa mapodising go mo thusa mo serung se se mo wetseng kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le bobedi.

Le fa go ntse jalo, Kelebeng o tlhalositse fa ditlhotlhomiso di setse di tsweletse tebang le kgang e. O gakolotse bao ba dirisang maranyane a sesha go ikela tlhoko pele ga ba tsena mo ditumalanong tsa dithekiso.