Naledi

Mogoditshane o fetogile Sotoma � Makhanselara

Se se boletswe ke modulasetilo wa Khansele ya Thamaga/Mogoditshane, Duncan Ramasiagopana, ka Labotlhano mo bokopanong jwa khansele, kwa a neng a kopa makhanselara go lwantsha bosutlha jotlhe jo gore motse o, o seka wa fetoga Gomora le Sotoma.

Ramasiagopana o boletse fa khansele e sa itumedisiwe ke batlolamolao botlhe ba ba fitlhelwang mo Mogoditshane.

A re ka ntlha ya bone batho ba, bangwe, bogolo jang baeng ba setse a tsaya Mogoditshane e le lefelo fela la kwa ga mmapereko, kgotsa Gomora le Sotoma.

Ga a bua ka batlolamolao ba Mogoditshane, Ramasiagopana, o ne a bolela fa ba sa itumedisiwe ke dikgwebo tse dintsi tse di fitlhelwang mo malwapeng, bogolo jang tsa batswakwa, le ntswa molao wa dikgwebo le papadi o sa letle gore go nne jalo.

A re dikgwebo tse di mo malwapeng mo Mogoditshane tse, ga di ka fa molaong. Mme ba hakgamala go bona di oketsega letsatsi le letsatsi.

Modulasetilo, o boletse fa gona le dikgwebo tsa dikoloi tse di tswang kwa ntle ga Botswana. Are ke tsone di tshwenyang bobe ka di le mo malwapeng, ebile  e le tsa batswakwa.

Potso e nne gore ke mang yo o neelang batswakwa diteseletso tsa go gwebela mo malwapeng. A  tswelela ka gore selo gape se se tshwenyang ke gore bontsi jwa dikgwebo tse di mo ditseleng, kgotsa fa thoko ga ditsela, selo se a reng se kgoreletsa le yone metsamao ya dikoloi le bone batho tota.

Dingwe tsa dikgwebo tse modulasetilo a ngongoregang ka tsone, ke tsa go betla le go thula ditshepi, tse a reng dingwe di ntsha mesi le melelo e e sa siamelang botsogo ja batho. Fa a tswelela ka go bua ka dikgwebo tse, Ramasiagopana a re dingwe tsa tsone ke tse di neng tsa kobiwa mo mafelong mangwe mo Mogoditshane.

Fa a mo tswa dikgaba, makhanselara a Thamaga/Mogoditshane a boletse gore le bone ga ba itumedisiwe ke dikgwebo tsa mo malwapeng. Ba ngongorega ka gore bagwebi ba ba setse ba fetotse Mogoditshane Sotoma, kwa mongwe le mongwe a dirang sengwe le sengwe se a se batlang, a sena sepe le gore molao one wa re go seka ga dirwa eng.

 Makhanselara ba kopile khansele ya bone e tlhwaafalela go ntsha dikgwebo tse, le go gagamatsa botlhe ba ba amegang diphogwana, go akaretsa le ba ba nang le tshwanelo ya go ntsha ditlankana tsa ditseseletso ka go lebega golo gongwe go jewa jojo go roba molao.