Naledi

Captain Dira: ntsanyana ya maitaya sebatana

Captain Dira
 
Captain Dira

Molotsana wa lone o dira gore motho ope fela yo o ka tswang a itewa tsene ke sengwe a patelesege go reetsa, mme ebile fa gongwe a gadime go bona gore moopedi yo o ka tswa a ja motwane ka mokgwa ofe.

Fa a buisana le Naledi mabapi le botshelo jwa gagwe, gammogo le yone kopelo e ya mmino wa boranakana, Captain Dira o boletse fa ene e le lekolwane fela la Morolong go tswa kwa Matsiloje, mo kgaolong ya Bokone Botlhaba. A re o belegetswe mo kgotleng ya Mokwena kwa Kgosing ka kgwedi ya Phatwe e le lesome ngwaga e le wa 1985, e le ngwana wa bobedi mo lapeng la ga raagwe le maagwe.

Ka gotwe ntsanyana ya maitaya sebatana e bonwa mabotobotong, fa mmamotse a bonwa mantlwaneng, Captain Dira a re o sa le a leditse magalapa a kopelo a sa le monnye thata, a re ga e le mmino o wa borankana one a o ratile fela ga a bula matlho kwa sekoleng se se botlana, fela a bo a kgorelediwa thata ke go golela tlase jaaka koko ya lepiki. A re o ne a utlwa botlhoko thata go bona a ntse a tlodisiwa matlho ke barutabana fa go ntse go tlhaolwa maloko a setlhopha sa sekole sa mmino wa boranakana, mme a re se se ne sa seka sa mo kgoba marapo ka gope gotlhelele.

Ka a ne a itse sentle gore o na le lorato le talente ya kopelo le go bina, Captain Dira a re erile a goroga fela kwa sekoleng se segolwane sa Matsiloje a feta a itatlhela mo setlhopheng sa mmino wa borankana kwa a ileng a tsaya mongwe le mongwe ka setsuatsue teng.A gatelela gore botlhe ba ba neng ba utlwa a opela le go mmona a bina ba ne ba itse sentle gore fa go tsile naledi le sekgantshwane sa kamoso, bogolo jang ka go ne go se bonolo go bona ngwana yo o kana ka ene a rata mmino o go le kana.

Lorato le le kana le la gagwe, Captain Dira a re le tswa mo losikeng la gagwe, a bolela fa raagwemogolo a ne a opela mmino wa Setswana thata dingwaga di le dintsi fa a ntse ba godisa, a re le raagwe o ne letsa le go kgadikanya katara thata, a tlatsa ka gore le rangwaneagwe e ne e le moletsi wa katara wa maemo a a kwa godimo, yo o neng a itsege thata mo motseng le kgaolo yotlhe. A re le bomonnawe ba mo mminong o wa setso. Tsotlhe tse, Captain Dira a re di ne tsa mo tiisa moko thata gore a ntshe ga tshwene mo setlhopheng sa mmino sa sekole.

Erile go fetsa lokwalo la boraro kwa sekoleng se, Captain Dira a re ka a ne a seka a kgona go fetela kwa pele le dithuto, o ne a bona fa botshelo le bokamoso jwa gagwe bo le mo mminong o, eleng seo a neng a itatlhela mo setlhopheng sa Mokorwana  ka ngwaga ya 2003 go simolola go opela teng go fitlha ka ngwaga ya 2007. Pele ga a tsena mo go Astley Gops e le moamogela pina le go naya motlhabeletsi kemonokeng, kwa a reng a ile a ithuta go le gontsi thata teng. Captain Dira a re morago o ne a kwadisiwa ke moopedi yo o tumileng Odirile Vee Sento mo komponeng ya gagwe ya Black Money Makers, e a reng le yone e mo thusitse thata go gola jaaka moopedi yo o ka ikemelang ka nosi. Ka jaanong a ne a bona gore o godile o ka ikemela ka nosi, Captain Dira a re e ne ya re ka ngwaga ya 2009 a golola alebamo ya gagwe ya ntlha a e bitsa fela a re Matalanyane ya dipina di robabobedi, e e ileng ya tsaya barati ba mmino wa borakana ka setsuatsue.

O ne a boa a gatisa e nngwe gape alebamo e le ya bobedi, yone a e bitsa a re Kei se ke je, e e nang le dipina tse di rategang jaaka Mmantwa le Shangwari, fa a sena le ope a le nosi ebile e le ya mmino otlhe wa Setswana, e e ileng ya latelwa key a boraro yone e le ya mosakaso e bidiwa raagwe software voloume 1, morago a golola e nngwe le yone a e biditse fela a re raagwe software volume 11, fela jaaka ya ntlha le yone e na le dipina di robabobedi.

Mo kgolong e ya gagwe jaaka moopedi yo o ikemetseng ka nosi, Captain Dira a re ke sone se jaanong monongwaga a golotseng e nngwe gape alebamo go nna ya gagwe ya botlhano, yone a e bitsa fela a re Mmaarona, e le yone e tshotseng dipina di robabobedi. Mme ebile e e le e e pharologanyo ka e na le mofuta wa mmino wa Jazz. Ga a ntse a dira jaana, Captain Dira a re o na le bomonnawe.

A re fela jaaka baopedi ba bangwe o na le setlamo sa kompone sa kgatiso, se se bidiwang Captain Dira Production, a re setlhopha sone se opelelwa ke bomonnawe Mmualefe le Mokolobetsi Mahupela, le TshiamoMbaembae go tswa Gabane le Tholego go tswa kwa Mmaphashalala.  A re banana ba tshwanetse go itse gore ga se dithuto fela tse di ka tshetsang motho, mme le talente e le yone e mongwe le mongwe a ka itshetsang ka yone le balelwapa la gagwe. A re o leboga thata Batswana botlhe ba ba mo emang nokeng, gammogo le dikompone le maphata otlhe a puso a a mo hirang go natifisa meletlo ya one.